Genese 42 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 42. 1 MI eare Yakobe a bona ha mabele a le mo Egepeto, Yakobe a raea bomoroaue, Lo lebanelañ? 2 Mi a re, Bonañ, ki utluile ha mabele a le kua Egepeto: eañ gona, lo re rekele mabele gona; gore re tsele, re si shue. 3 ¶ Mi bomogola Yosefe ba ten ba ea Egepeto go reka mabele. 4 Mi Benyamine monna Yosefe, Yakobe a si ka a mo roma le bomogolue; gone a re, Gore e si re khotsa tatlego ea tla go ena. 5 Mi bomoroa Yeserele ba ea go reka mabele le bona ba ba eañ gona: gone loshekere lo lo le mo hatsiñ ya Kanana. 6 Yosefe a bo a le molaori oa lehatsi, mi eabo e le ena eo o bapatsañ mo bathuñ botle ba lehatsi: mi bomogola Yosefe ba tla, mi ba mo inamela ka hatlogo tsa bona ha hatsi. 7 Mi eare Yosefe a bona bomogolue a ba itse, mi a ipaea moeñ go bona, mi a bua thata le bona; mi a ba raea, Lo coa kae? Mi ba re, Kua hatsiñ ya Kanana, re tlile go reka liyo. 8 Mi Yosefe a itse bomogolue, mi bona ba si ka ba mo itse. 9 Mi yana Yosefe a gakologeloa toro tse o li lorileñ kaga bona, mi a ba raea, Lo batlori: lo tlile go bona bosaikatega yoa lehatsi. 10 Mi ba mo raea, Nya, morena, batlañka ba gago ba tlile go reka liyo. 11 Rotle re bomoroa monona a le moñue; re baikañoi, batlañka ba gago ga si batlori. 12 Mi a ba raea, Nya, lo tlile go bona bosaikatega yoa lehatsi. 13 Mi ba re, Rona batlañka ba gago, re le re le bana ba tueleve, bomoroa monona a le moñue mo hatsiñ ya Kanana; mi bona, eo motlana o na le rague ka yenu, mi moñue ga a eo. 14 Mi Yosefe a ba raea; Ye ki yeona ki le buileñ le lona, ka re, Lo batlori: 15 Lo tla lekoa ka mo: Yaka Faroe a tserile, ga lo kitla lo coa monu monna lona a tla tsamaee a tle kuanu pele. 16 Romañ moñue oa lona, mi a lere monna lona; mi lona, nañ bagolegoi, gore mahuku a lona a lekoe ha boamarure bo le mo go lona; mi ha go sa na yalo, yaka Faroe a tserile rure lo batlori. 17 Mi a ba tsenya mogo mo pulukeloñ ka malatsi a thri: 18 Mi Yosefe a ba raea ka tsatsi ya bo‐teri, Rihañ mo, mi lo tsele; gone ki boiha Morimo; 19 A ere ha lo le baikañoi, a moroa rra eno moñue a golegoe mo tluñ ea pulukelo ea lona: mi lona tsamaeañ lo isetse tlala ea matlu a lona mabele: 20 Mi lo lere monna lona go ’na: ereha gona mahuku a lona a tla rihoañ a amarure; mi ga lo kitla lo shua. Mi ba riha yalo. 21 ¶ Mi ba rana moñue le moñue, Amarure re molatu kaga monna rona, eo re le ra bona tlalelo ea moea oa gague, yale ka a re rapela, mi re le ra gana go utlua; ki gona ka mouo tlalelo e e tlañ go rona. 22 Mi Rubene a ba araba a re, A ga kia ka ka lo bulelela yale, ka ki re, Si leoheleñ ñuana; mi lo loa gana go utlua? Ki gona, bonañ, mari a gague le aona a lopioa. 23 Mi bo ba sa itse ha Yosefe a ba tlaloganya; gone a bua nabo ka mo-hetoleri puo. 24 Mi a ithetolola go bona a lela; mi a ba a boela go bona a bua nabo, mi a tsaea Simeone mo go bona, mi a mo golega ha pele ga maitlo a bona. 25 ¶ Mi Yosefe a laola gore khetse tsa bona li tlarioe mabele, le go bosetsa mari a moñue le moñue mo khetseñ ea gague, le go ba naea mehago; mi ba riheloa yalo. 26 Mi ba belesa mabele mo eseleñ tsa bona, mi ba coa gona. 27 Mi eare moñue oa bona a boholola khetse ea gague go naea esela ea gague liyo mo tluñ ea baeti, a bona mari a gague; gone bonañ, a la le mo molomoñ oa khetse ea gague. 28 Mi a raea bomoroa rague, Mari a me a bosicoe; mi a mo khetseñ ea me rure: mi pelu tsa bona tsa ba tlaele, mi ba rerega, ba rana moñue le moñue, Ana se eñ se Morimo o se re rihetseñ? 29 ¶ Mi ba hitla mo hatsiñ ya Kanana go Yakobe rabo mi ba mulelela cotle tse ri ba rihahaletseñ; ba re, 30 Monona eo, morena oa lehatsi yele, o la bua boima le rona, mi o la itloma re le batlori ba lehatsi. 31 Mi re le ra mo raea, Re baikañoi; ga re batlori: 32 Re le re le bana ba tueleve, bomoroa rra echo; moñue ga a eo, mi eo motlana o na le rra echo ka yenu mo hatsiñ ya Kanana. 33 Mi monona eo, morena oa lehatsi yeuo a re raea, a re, Ki tla itse ka mo ha lo le baikañoi. Tlogelañ moroa rra eno moñue le ’na, mi tselañ tlala ea matlu a lona, mi lo tsamaee: 34 Mi lereñ monna lona go ’na: ki gona ki tla itseñ ha lo si batlori, mi lo le baikañoi: mi ki tla ba ki lo naea moroa rra eno, mi lo tla bapala mo hatsiñ ye. 35 ¶ Mi ga rihala ka ba ntsa mabele mo likhetseñ tsa bona, bonañ, moñue le moñue seshoba sa mari a gague a bo a le mo khetseñ ea gague; mi eare bona le rabo ba bona lishoba tsa mari ba boiha. 36 Mi Yakobe rabo a ba raea, Lo ’nthopa bana: Yosefe ga a eo, le Simeone ga a eo, mi yana Benyamine, lo rata go mo tsaea: cotle tse li ’nkoela mashue. 37 Mi Rubene a bua le rague, a re, Etlare ha ki sa ba ka mo lere go uena, bolaea bomoroake ba ba tu. Mo ’n tsenye mo seatleñ, mi ki tla ba ki mo lere go uena. 38 Mi a re, Moroake ga a kitla a ea le lona, gone mogolue o shule, mi ki ena eo o setseñ esi; etlare ha tatlego e tla go ena mo tseleñ e lo eañ ka eona, ereha gona lo tla holosetsañ mo lecueñ moriri oa me o mururu ka be-hutsana. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society