Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Genese 36 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 36.

1 MI yana, tse ki litsika tsa ga Esaue, eo e leñ Edome.

2 Esaue a tsaea basari ba gague ba bomoroarie Kanana; eboñ Ade moroaria Eloe Mohita, le Aholibame moroaria Ane, moroaria Tsibeone Moheva.

3 Le Basheme moroaria Ishemaele, khantsaria Nebayote.

4 Mi Ade a tsala le Esaue Elifase; mi Basheme a tsala nae Reuele.

5 Mi Aholibame a tsala Yeushe, le Yalame, le Korahe: bauo ki bomoroa Esaue, ba o la ba tsala mo hatsiñ ya Kanana.

6 ¶ Mi Esaue a tsaea basari ba gague, le bomoroaue, le bomoroarie, le bathu botle ba eintlu ea gague, le lithuo tsa gague, le likhomu tsa gague cotle, le lithoto tsa gague cotle, tse o la li bapala mo hatsiñ ya Kanana; mi a ea hatsiñ le sele, a coa ha pele ga Yakobe.

7 Gone lohumo loa bona lo le logolu bogolu go nna mogo; mi lehatsi ya boeñ yoa bona ya bo le sa ba lekana ka ntla ea lithuo tsa bona.

8 Esaue a nna yalo mo thabeñ ea Seira. Esaue ki Edome.

9 ¶ Mi tse ki litsika tsa ga Esaue ra Baedoma mo thabeñ ea Seira.

10 Ua ki maina a bomoroa Esaue; eboñ Elifase moroa Ade mogatsa Esaue, le Reuele moroa Basheme mogatsa Esaue.

11 Mi bomoroa Elifase e le le Temane, le Omare, le Tsefoe, le Gatame, le Kenase.

12 Mi Timene e le le mogariñuana oa ga Elifase moroa Esaue; mi a tsala le Elifase Ameleke; bauo e le le bomoroa Ade, mogatsa Esaue.

13 Mi ba ki bomoroa Reuele, eboñ Nahate, le Serahe, le Shame, le Mise; bauo e le le bomoroa Bashemate mogatsa Esaue.

14 Mi ba e le le bomoroa Aholibame, moroaria Ane, moroaria Tsibeone, mogatsa Esaue: mi a tsala le Esaue Yeushe, le Yalame, le Korahe.

15 ¶ Ba ki likhosana tsa bomoroa Esaue: bomoroa Elifase oa burure oa ga Esaue; e le le Temane khosana, le Omare khosana, le Tsefoe khosana, le Kenase khosana.

16 Le Korahe khosana, le Gatame khosana, le Ameleke khosana: tseuo ki likhosana tsa ga Elifase mo hatsiñ ya Edoma: bauo e le le bomoroa Ade.

17 Mi ba ki bomoroa Reuele moroa Esaue; eboñ Nahate khosana, le Sere khosana, le Shame khosana, le Mise khosana: bauo ki likhosana tsa ga Reuele mo hatsiñ ya Edoma; bauo ki bomoroa Basheme mogatsa Esaue.

18 Mi ba ki bomoroa Aholibame mogatsa Esaue; eboñ Yeushe khosana, le Yalame khosana, le Korahe khosana; bauo ki likhosana tsa ga Aholibame moroaria Ane, mogatsa Esaue.

19 Bauo ki bomoroa Esaue, eo e leñ Edome, mi bauo ki likhosana tsa bona.

20 ¶ Ba ki bomoroa Seire Mohora, ba ba le ba nna mo hatsiñ ye; eboñ Lotane, le Shobale, le Tsibeone, le Ane.

21 Le Dishone, le Etsere, le Dishane: bauo ki likhosana tsa Bahora, bana ba ga Seire mo hatsiñ ya Edoma,

22 Mi bana ba ga Lotane e le le Hore, le Hemane; mi khantsaria Lotane e le le Timene.

23 Mi bana ba ga Shobale, e le le ba; eboñ Alevane, le Manahate, le Ebale, le Sefoe, le Oname.

24 Mi ba ki bana ba ga Tsibeone; eboñ Aye, le Ane; Ane eo ki ena eo o la bona limule mo bogareñganaga, ka a hurisa liesela tsa ga Tsibeone rague.

25 Mi ba ki bana ba ga Ane; Dishone, le Aholibame moroaria Ane.

26 Mi ba ki bana ba ga Dishone; eboñ Hemedane, le Eshebane, le Iterane, le Kerane.

27 Bana ba ga Esere ki ba; eboñ Bilehane, le Savane, le Akane.

28 Bana ba ga Dishane ki ba; eboñ, Utse, le Arane.

29 Likhosana tsa Bahora ki tse; eboñ Lotane khosana, le Shobale khosana, le Tsibeone khosana, le Ane khosana,

30 Le Dishone khosana, le Esere khosana, le Dishane khosana: tseuo ki likhosana tsa Bahora, mo khosaneñ tsa bona mo hatsiñ ya Seira.

31 Mi tse ki likhosi tse ri tsa busa mo hatsiñ ya Edoma, pele go e si go buse khosi epe mo baneñ ba Yeserele.

32 Mi Bele moroa Beore a busa mo Edoma; mi leina ya motse oa gague ya birioa Dinchaba.

33 Mi Bele a shua, mi Yobabe moroa Sere oa Botsera a busa bonnoñ yoa gague.

34 Mi Yobabe a shua, mi Hushame oa hatsi ya Batimana a busa bonnoñ yoa gague.

35 Mi Hushame a shua, mi Hadade moroa Bedade, eo o la khemetha Midiane mo nageñ ea Moaba, a busa bonnoñ yoa gague: mi leina ya motse oa gague, e le le Avita.

36 Mi Hadade a shua, mi Samele oa Masereka a busa bonnoñ yoa gague.

37 Mi Samele a shua, mi Saule oa Rehobota ha molapoñ a busa bonnoñ yoa gague.

38 Mi Saule a shua, mi Balehanane moroa Akebore a busa bonnoñ yoa gague.

39 Mi Balehanane moroa Akebore a shua, mi Hadare a busa bonnoñ yoa gague: mi leina ya motse oa gague e le le Paua; mi leina ya ga mogatse e le le Mehetabele, moroaria Materede, moroaria Me‐sahabe.

40 ¶ Mi maina ua ki a likhosana tsa ga Esaue, kaha tsikeñ tsa cona, le kaha maheloñ a cona, ka maina a cona; eboñ Timene khosana, le Aleve khosana, le Yetete khosana,

41 Le Aholibame khosana, le Ele khosana, le Pinone khosana,

42 Le Kenase khosana, le Temane khosana, le Mibetsare khosana,

43 Le Magadiele khosana, le Irame khosana: bauo ki likhosana tsa ga Edoma, kaha maagoñ a cona, mo hatsiñ ya boshua yoa bona; ki ena Esaue ra Baedoma.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan