Genese 30 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 30. 1 MI Rakele ka a bona a sa tsale bana le Yakobe, Rakele a huhana le mogolüe, mi a raea Yakobe, ’Nnaea bana, mi ha go sa na yalo, ki tla shua. 2 Mi bogale yoa ga Yakobe yoa tukela Rakele: mi a re, A ki mo bonnoñ yoa Morimo o o gu timañ lotsalo? 3 Mi a re, Bona, Bilehe lelata ya me ki eo, u ee mo go ena; me o tla khubamela ha mañoleñ a me, gore le ’na ki bone bana ka ena. 4 Mi a mo nela Bilehe lelata ya gague go na mosari; mi Yakobe a ea mo go ena. 5 ¶ Mi Bilehe a ithuala, mi a tsala le Yakobe mosimane. 6 Mi Rakele a re, Morimo o ’nkha-neletse, mi le gona o utluile koru ea me, o ’nneile mosimane: ki gona o mo shañ leina ya Dane. 7 Mi Bilehe lelata ya ga Rakele a ba a ithuala, mi a tsala le Yakobe mosimane oa bo tu. 8 Mi Rakele a re, Ki shukashukanye le mogolule ka cukacukano tse ri kholu, mi ki hentse: mi a mo sha leina ya Nafetale. 9 ¶ Erile Lie a bona a khutlile go bona bana, a tsaea Silepe lelata ya gague, mi a mo nela Yakobe go na mosari. 10 Mi Silepe lelata ya ga Lie a tsala le Yakobe mosimane. 11 Mi Lie a re, Leshomo le etla: mi a mo sha leina ya Gade. 12 Mi Silepe lelata ya ga Lie a tsala le Yakobe mosimane oa bo tu. 13 Mi Lie a re, Ki tlogonolo, gone bomoroaria bathu ba tla ’nkaea letlogonolo: mi a mo sha leina ya Ashere. 14 ¶ Mi Rubene a ea mo motleñ oa thobo ea mabele, mi a bona lidudaia kua nageñ, mi a li lere go Lie mague. Ereha gona Rakele o raeañ Lie, A ko u ’nnee ga lidudaia tsa ga moroau. 15 Mi a mo raea, A ki se senye ka u ’ntsetse monona oa me? mi a u tla ba u tsaea le cona lidudaia tsa ga moroake? Mi Rakele a re, Ki gona o tla lalañ le uena sigoñ yonu ka lidudaia tsa ga moroau. 16 Mi ga coa Yakobe kua nageñ matsiboea, mi Lie a coela go mo khatlantsa, a re, U tle mo go ’na; gone rure ki gu thapetse tuelo ka lidudaia tsa ga moroake. Mi a lala nae sigoñ youo. 17 Mi Morimo oa retsa Lie, mi a ithuala, a tsala le Yakobe mosimane oa bo faeve. 18 Mi Lie a re, Morimo o ’nneile tuelo ea me; gone ki netse monona oa me lelata ya me. Mi a mo sha leina ya Yisakare. 19 Mi Lie a ba a ithuala, mi a tsala le Yakobe mosimane oa bo sekes. 20 Mi Lie a re, Morimo o ’nnetse neo ea molemo; yana monona oa me o tla nna le ’na; gone ki tsetse nae basimane ba le sekes: mi a mo sha leina ya Sebulone. 21 Mi morago ga mouo a bona mosetsana, mi a mo sha leina ya Dine. 22 ¶ Mi Morimo oa gopola Rakele, mi Morimo oa mo retsa, mi oa mula sepopelo. 23 Mi a ithuala, mi a bona mosimane; mi a re, Morimo o tlositse khobo ea me: 24 Mi a mo sha leina ya Yosefe: mi a re, Yehova o tla ’nkokeletsa ka mosimane eo moñue. 25 ¶ Mi ga rihala ka Rakele a sina bona Yosefe, Yakobe a raea Labane, Mma ki huruge, ki ee heloñ ga me, le kua hatsiñ ya me. 26 ’Nnaea basari ba me le bana ba me, ba ki ba gu riheletseñ, mi ki huruge; gone u itse tihelo ea me e ki e gu rihetseñ. 27 Mi Labane a mo raea, A ’nke ki bone tsalano mo maitloñ a gago: ki lemogile ha Yehova a ’ntsegaharitse ka uena. 28 Mi a re, ’Ntlaloganyetsa tuelo ea gago, mi ki tla e gu naea. 29 Mi a mo raea, Ua itse kaha ki gu rihetseñ, le kaha lihutsane tsa gago li li na le ’na ka gona. 30 Gone bobotlana yo u lu u na nayo ki e si ki tle bo totaharitse bontsi, mi Yehova o gu tsegaharitse ka tihelo ea me: mi yana ki tla rihelela le eona eintlu ea me leñ? 31 Mi a re, Ki tla gu naeañ? Mi Yakobe a re, U si ’nnee sepe: ha u ka ’ntihela seo se, ki tla ba ki hurisa ki risa comane ya gago. 32 Mi ki tla ralala comane yeotle ya gago ka yenu, ki tlaola go yeona, cotle tse ri khuana le khuebana, le cotle tse ri tloana tse ri mo liñkuñ, le tse ri khuebana, le khuana mo liporiñ: mi tseuo li tla na tuelo ea me. 33 Yalo tsiamo ea me e tla ’nka-rabela motleñ o o tlañ, ha tuelo ea me e tla tla ha pele ga hatlogo sa gago: eñue le eñue e esiñ khuana le khuebana mo liporiñ, le tloana mo liñkuñ e tla kaioa e ucuiloe ha go ’na. 34 Mi Labane a re, Bona, intla go ka na yaka huku ya gago. 35 Mi a tlaola mo tsatsiñ yeuo liphoko tse ri tilori, le tse ri khueba, le pori tse ri namagari tse ri khuana, le khuebana, le eñue le eñue e e nañ le boshueu mo go eona, le cotle tse ri tloana mo liñkuñ, mi a li nela mo atleñ tsa bomoroaue. 36 Mi a laola sebaka sa malatsi a teri gare ga gague le Yakobe: mi Yakobe a hurisa tse ri setseñ tsa macomane a ga Labane. 37 Mi Yakobe a tsaea thupa tsa tlare se se talana sa mopopulera, le tsa mo-hasela, le tsa mokasetanya, mi a obola meralari mo go cona, a bonatsa boshueu yo bo mo lithupeñ. 38 Mi a baea thupa tse o la a li obotse ha pele ga macomane mo likatiñ, le mo megopuñ ea metse ha lecomane le noañ gona, go lebagana le macomane ha a tla go noa, gore a nemeruhale ha a tla go noa. 39 Mi macomane a nemeruhala ha pele ga lithupa, mi a tsala bolilotsana, le boguana, le boguebana. 40 Mi Yakobe a tlaloganya likuana, mi a bosetsa hatlogo tsa macomane kua go tse ri tilotsana le ntloana cotle tse ri mo comaneñ ya ga Labane; mi a baea macomane a gague ka aosi, mi a sa a tsenye mo comaneñ ya ga Labane. 41 Mi ga rihala ka tse ri nonohileñ tsa macomane tsa nemeruhala Yakobe a baea lithupa ha pele ga maitlo a macomane mo likatiñ gore, li nemeruhale mo lithupeñ. 42 Mi eare ha macomane a phe-phile marapo a si ka a a bela lithupa, ea tsamaea a a phephileñ marapo a na a ga Labane, mi a a nonohileñ a na a ga Yakobe. 43 Mi monona eo a totahala segolu, mi a na le macomane a le mantsi, le malata, le batlañka, le likamela, le liesela. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society