Genese 21 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 21. 1 MI Yehova a lekola Sarahe yaka a la a bua, mi Yehova a rihela Sarahe yaka a la a bua. 2 Gone Sarahe a ithuala, a tsala le Aberahame mosimane mo bocoheñ yoa gague, mo motleñ o o laocoeñ, o Morimo o lo oa bua nae ga ona. 3 Mi Aberahame a sha leina ya ga moroaue eo o la a mona, Yitsake, eo Sarahe o mo tsetseñ nae. 4 Mi Aberahame a guerisa Yitsake moroaue, a le malatsi a eit, yaka Morimo o lo oa mo laola. 5 Mi Aberahame a bona cohalo ea nyaga li uan hundereda, ka a bona Yitsake moroaue. 6 ¶ Mi Sarahe, a re, Morimo o ’ntsegisitse, mi botle ba ba utluañ, ba tla tsega le ’na. 7 Mi a re, E mañ eo o la a ka raea Aberahame, Sarahe o tla amusa bana? ka ki tsetse nae mosimane mo cohaloñ ea gague. 8 Mi ñuana a tutuga, mi a khui-sioa: mi Aberahame a riha moletlo o mogolu, tsatsiñ ye Yitsake o khuisioañ ka yeona. 9 ¶ Mi Sarahe a bona moroa Hagare, oa Moegepeto, eo o la a mo tsetse le Aberahame, a shotla: 10 Mi a raea Aberahame, Lelekela lelata ye, le moroaue kua eintle: gone moroa lelata ye ga a kitla a ruioa le Yitsake, moroāke. 11 Mi lehuku ye, le ya shulahalela Aberahame thata kaga moraoaue. 12 Mi Morimo oa raea Aberahame, U si shulahaleloe ka eintla ea mosimane, le ka lelata ya gago: retsa koru ea ga Sarahe mo go cotle tse o li buileñ nau; gone losika loa gago lo tla birioa ka Yitsake. 13 Mi le gona ki tla riha morahe ka moroa lelata, ka e le losika loa gago. 14 Mi Aberahame a phakela, a tsaea mohago, le eñkhoana ea metse, a li naea Hagare, a li baea mo ruriñ ya gague: mi a mo naea ñuana, a mo leleka: mi a tsamaea, mi a timela bogareñganaga yoa Bere‐sheba. 15 ¶ Mi metse a hela mo eñkhoa-neñ, mi a tlogela ñuana tlatse ga señue sa litlatsana. 16 Mi a ea a iturisa go lebagana nae sebaka se kana ka phulo ea bora: gone a re, A ki si bone loshu loa ñuana. Mi a lula go lebagana nae, mi a culetsa koru ea gague, a lela. 17 Mi Morimo oa utlua koru ea mosimane; mi moenegeli oa Morimo a biletsa go Hagare a le mo legorimoñ, mi a mo raea, Hagare, go rileñ? u si boihe; gone Morimo o utluile koru ea mosimane ha o gona. 18 Nanoga, u kakatlolole mosimane u mo tsegeletse mo mabogoñ a gago; gone ki tla mo riha morahe o mogolu. 19 Mi Morimo oa burulola maitlo a gague, mi a bona seriba sa metse; mi a ea a tlatsa eñkhoana ka metse, a nosa mosimane. 20 Mi Morimo oa na le mosimane; mi a tutuga, a nna bogareñganaga, mi a na mohuri ka bora: 21 Mi a nna bogareñganaga yoa Parana, mi mague a mo tsela mosari mo hatsiñ ya Egepeto. 22 ¶ Mi ga rihala motleñ ouo, Abemeleke le Pikole molaori eo mogolu oa entua, ba bua le Aberahame, ba re, Morimo o na nau mo go cotle tse u li rihañ. 23 Ki gona inkanele hanu ka Morimo, ha u si kitla u ’nkakela, khotsa moroāke, khotsa le moroa moroāke; mi ha u tla ’ntihela le lehatsi ye u tlotseñ go yeona kaha peluñnomi e ki e gu rihetseñ. 24 Mi Aberahame a re, Ki tla ikana. 25 Mi Aberahame a buela Abemeleke kaga seriba sa metse se batlañka ba ga Abemeleke ba le ba se mo tho-pela. 26 Mi Abemeleke a re, ga kia ka ka itse eo o rihileñ seo se: le gona ga ua ka ua ’mpulelela; le gona ga kia ka utlua, ki utlua ka yenu. 27 Mi Aberahame a tsaea liñku le likhomu a li naea Abemeleke, mi bo tu yoa bona ba riha kholagano. 28 Mi Aberahame a baea likuana li seven tse li namagari ha thoko. 29 Mi Abemeleke a raea Aberahame, Likuana tse li namagari tse u li beileñ ha thoko, li kaeañ? 30 Mi a re, Cula likuana tse mo atleñ sa me, gore li ’ncupe ha ki epile seriba se. 31 Ki gona helo ha go birioañ Bere‐sheba; ka gone bo tu yoa bona ba ikanetse gona. 32 Ba le ba riha kholagano yalo kua Bere‐sheba; ereha gona Abemeleke o nanogañ, le Pikole eo mogolu oa gague oa entua, mi ba boela hatsiñ ya Bafileseta. 33 ¶ Mi Aberahame a tloma sekhuana kua Bere‐sheba, mi a biletsa go leina ya ga Yehova, Morimo o o sa khutleñ. 34 Mi Aberahame a tlolatlola mo hatsiñ ya Bafileseta malatsi a le mantsi. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society