Genese 13 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 13. 1 MI Aberame a huruga mo Egepeto a ea kua Souta, ena, le mosari oa gague, le cotle tse o nañ naco, a na le Lote. 2 Mi Aberame o la a humile likhomu, le selevera, le gouda segolu. 3 Mi a tsamaea mo khurugoñ tsa gague, a coa kua Souta a ea kua Bete‐ela, kua heloñ ha tenta ea gague e le le gona mo tsimologoñ, ha gare ga Bete‐ela le Hae; 4 Kua heloñ ga aletara, e o la e riha gona pele; mi hoñ Aberame a bitsa leina ya ga Yehova gona. 5 Mi Lote le ena, eo o la a ea le Aberame, a bo a na le liñku, le likhomu, le litenta. 6 Mi lehatsi le sa ba lekana, gore ba nne mogo: gone lithoto tsa bona li le li kholu ga tsamaea ba reteleloa ki go nna mogo. 7 ¶ Mi ga na khañ gare ga barisi likhomu co Aberame, le barisi likhomu co Lote; mi Bakanana le Baperesa le bona, bo ba nntse mo hatsiñ yeuo. 8 Mi Aberame a raea Lote, Kia gu rapela a go si ne khañ gare ga me le uena, le gare ga barisi ba me, le barisi ba gago, gone re bana ba monona; 9 A lehatsi yeotle ga le ha pele ga gago? kia gu rapela, ikhaoganye le ’na: etlare ha u ea go sa molema, ’na ki tla ea go se se siameñ; khotsa ha u ea atleñ se se siameñ, ’na ki tla ea go sa molema. 10 ¶ Mi Lote a culetsa maitlo a gague, mi a leba motlaba otle oa Yoredane o nosicoe eintleñ cotle, pele Yehova a e si a senye Sodoma le Gomora, oa bo o cuana le tsimo ea ga Yehova, yaka lehatsi ya Egepeto, ka u tla mo Tsoara. 11 Yalo Lote a ipalela motlaba otle oa Yoredane; mi Lote a hurugela kua Iseta: mi ba khaogana moñue go eo moñue. 12 Aberame a nna mo hatsiñ ya Kanana, mi Lote a nna mo metseñ ea motlaba, mi a tlomela tenta ea gague eintleñ ea Sodoma. 13 Mi banona ba Sodoma bo ba le baikepi, le baleohi ba bagolu ha pele ga Yehova. 14 ¶ Mi Yehova a raea Aberame, Lote a sina khaogana nae, Culetsa maitlo a gago, mi leba, u le ha u gona, kua Noreta, le kua Souta, le kua Iseta, le kua Ueseta: 15 Gone lehatsi yeotle ye u le bonañ, ki tla le gu naea le losika loa gago ka bosakhutleñ. 16 Mi ki tla riha losika loa gago go na yaka lorole loa lehatsi: ha moñue a ka tsamaea a bala lorole loa lehatsi, losika loa gago le lona lo ka baloa. 17 Nanoga, sepelela mo hatsiñ ye, bolele yoa yeona le boatlamo yoa yeona; gone ki tla le gu naea. 18 Mi Aberame a katosetsa tenta ea gague, mi a tla a nna tlareñ sa moterebenta sa Mamera, se se mo Heberona, mi a agela Yehova aletara gona. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society