Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Genese 11 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 11.

1 MI lehatsi yeotle ya bo le le puo eñue hela, le mahuku a le mañue hela.

2 Mi ga rihala ka ba hurugela kua Iseta, ba bona mogorogoro mo hatsiñ ya Shinara; mi ba nna gona.

3 Mi ba rana moñue le eo moñue, Eintloñ, a re riheñ makoete, mi re a bese a bucue. Mi makoete ea bo e le maye go bona, mi bitumena ea bo e le seretse go bona.

4 Mi ba re, Eintloñ, re ikageleñ motse, le turio e tlora ea eona e hitlañ kua legorimoñ; mi re itiheleñ leina, gore e si re khotsa ra halarioa mo hatsiñ yeotle.

5 Mi Yehova a hologa go bona motse le turio, e bana ba bathu ba e agañ.

6 Mi Yehova a re, Bonañ, bathu bañue hela, mi botle ba na le puo e le eñue hela; mi yana se, ki se ba se simololelañ go se riha; mi ga ba kitla ba khorelerioa go cotle tse ba li ikaeletseñ go li riha.

7 Eintloñ, re hologeñ, mi re tlaka-nye puo ea bona gona, gore moñue le moñue a si tlaloganye puo ea moñ ka ena.

8 Yalo Yehova a ba halaletsa mo hatsiñ yeotle go coa gona; mi ba khutla go aga motse.

9 Ki gona leina ya ona le birioañ Babela; gone Yehova a la a tlakanya gona puo ea lehatsi yeotle; mi Yehova a ba halaletsa mo hatsiñ yeotle go coa gona.

10 ¶ Litsika tse ki tsa ga Sheme: Sheme a bona cohalo ea nyaga li hundereda, mi a tsala Arepakesade, nyaga li tu moroalela o sina heta:

11 Mi Sheme a tsela a sina tsala Arepakesade nyaga li faeve hundereda, mi a tsala tsimane le tsetsana.

12 Mi Arepakesade a tsela nyaga li terte‐faeve, mi a tsala Shele:

13 Mi Arepakesade a tsela a sina tsala Shele, nyaga li for hundereda le teri, mi a tsala tsimane le tsetsana.

14 Mi Shele a tsele nyaga li terte, mi a tsala Hebere:

15 Mi Shele a tsela a sina tsala Hebere, nyaga li for hundereda le teri, mi a tsala tsimane le tsetsana.

16 Mi Hebere a tsela nyaga li terte-for, mi a tsala Pelege.

17 Mi Hebere a tsela a sina tsala Pelege, nyaga li for hundereda le terte, mi a tsala tsimane le tsetsana.

18 Mi Pelege a tsele nyaga li terte, mi a tsala Reue:

19 Mi Pelege a tsela a sina tsala Reue nyaga li tu hundereda le naen, mi a tsala tsimane le tsetsana.

20 Mi Reue a tsela nyaga li tertetu, mi a tsala Seruge:

21 Mi Reue a tsela a sina tsala Seruge, nyaga li tu hundereda le seven, mi a tsala tsimane le tsetsana.

22 Mi Seruge a tsela nyaga li terte, mi a tsala Nahore:

23 Mi Seruge a tsela a sina tsala Nahore, nyaga li tu hundereda, mi a tsala tsimane le tsetsana.

24 Mi Nahore a tsela nyaga li tuente‐naen, mi a tsala Tere:

25 Mi Nahore a tsela a sina tsala Tere, nyaga li hundereda le naenten, mi a tsala tsimane le tsetsana.

26 Mi Tere a tsela nyaga li sevente, mi a tsala Aberame, le Nahore, le Harane.

27 ¶ Mi tsika tse ki tsa ga Tere: Tere a tsala Aberame, le Nahore, le Harane; mi Harane a tsala Lote.

28 Mi Harane a shua pele ga Tere rague mo hatsiñ ya botsalelo yoa gague, kua Ura oa Bakaledia.

29 Mi Aberame le Nahore ba itsela basari: leina ya mosari oa ga Aberame e le le Sarae; mi leina ya mosari oa ga Nahore, e le le Mileke, moroaria Harane, ra Mileke, le ra Yeseke.

30 Mi Sarae o la a le moöpa; a sina ñuana.

31 ¶ Mi Tere a tsaea Aberame moroaue le Lote moroa Harane, moroa moroaue, le Sarae ñuetsi oa gague, mosari oa ga Aberame moroaue; mi ba huruga nabo mo Ura oa Bakaledia, go ea kua hatsiñ ya Kanana, mi ba hitla mo Harana, ba nna gona.

32 Mi malatsi a ga Tera, e le le nyaga li tu hundereda le faeve: mi Tere a shuela mo Harana.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan