Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Esetere 3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 3.

1 MORAGO ga lilo tseuo Ahasueruse khosi a gorisa Hamane moroa Hamedate oa Moagaga, a mo goletsa, a baea rulo sa gague gorimo ga likhosana tse o nañ naco cotle.

2 Mi batlañka ba khosi botle, ba ba le ba le mo khoroñ ea khosi, ba khubama, ba ikobela Hamane: gone khosi e laotse yalo kaga gague. Mi Moredeke a sa khubame, le esiñ go mo ikobela.

3 Ereha gona batlañka ba khosi, ba ba mo khoroñ ea khosi, ba raeañ Moredeke, U tlolelañ taolo ea khosi?

4 Mi ga rihala, ka ba bua nae ka tsatsi le tsatsi, mi ka a sa ba retse, ba bulelela Hamane, gore ba bone ha lilo tsa Moredeke li ka ema: gone a ba buleletso ha a le Moyuda.

5 Mi eare Hamane a bona ha Moredeke a sa khubame, le esiñ go mo ikobela, ereha gona Hamane o tlalañ bocarara.

6 Mi e le le nyatsego go ena go bela Moredeke liatla a le esi; gone ba muleletse ga bathu ba Moredeke: ki gona Hamane o batlañ go senya Bayuda botle ba ba mo bogosiñ yotle yoa Ahasueruse, eboñ bathu ba Moredeke.

7 ¶ Mi ga rihala ka khueri ea eintla, e e leñ khueri ea Nisana, le ka ñuaga oa bo‐tueleve oa Ahasueruse khosi, ba thela pura, ki go re, kelero, ha pele ga Hamane, ka tsatsi le tsatsi le ka khueri le khueri go ea khueriñ ea bo‐tueleve, e e leñ khueri ea Adara.

8 ¶ Mi Hamane a raea Ahasueruse khosi, a re, Go bathu ba ba halaricoeñ, ba ba khaogancoeñ mo bathuñ, mo likhaoloñ cotle tsa bogosi yoa gago: mi litaolo tsa bona li sele go tsa bathu botle; le gona ba sa tsegetse litaolo tsa khosi: ki gona ga si temohalo ea khosi go ba lesa.

9 Ha gole molemo go khosi, a go kualoe, go ba herisa: mi ki tla leha litalenta li ten thousanda tsa selevera mo atleñ tsa bona ba ba rihañ tiho e, go li isa mo mahumoñ a khosi.

10 Mi khosi ea rola lenyena mo atleñ sa eona, ea le naea Hamane moroa Hamedate oa Moagaga, moganetsi oa Bayuda.

11 Mi khosi ea raea Hamane, Selevera u se neiloe, le bathu bauo go riha le bona kaha gole molemo mo maitloñ a gago.

12 Ereha gona bakuari ba khosi ba birioañ ka tsatsi ya bo‐terten ya khueri ea eintla, mi ga kualoa kaha cotleñ tse Hamane o li laolelañ likala tsa khosi, le balaorisioi ba likhaolo cotle tsa bogosi, le balaori ba bathu botle ba ba laolañ khaolo eñue le eñue ea bogosi kaha kualoñ loa eona, le bathu botle kaha puoñ tsa bona; ga kualoa ka leina ya Ahasueruse khosi, mi ga kanoa ka lenyena ya khosi.

13 Mi liepisetole tsa roñoa ka batabogi kua likhaoloñ tsa bogosi cotle tsa khosi go senya, le go bolaea, le go herisa Bayuda botle, makau le bagolu, banyana le basari, ka tsatsi le leñue, eboñ ka ya bo‐terten ya khueri ea bo‐tueleve, e e leñ khueri ea Adara, le go thopa thopo ea bona.

14 Mi mahuku a kualo, e le le gore molao o neoe mo likhaoloñ tsa bogosi cotle, le go bontsioa bathu botle, gore ba ikitleletse tsatsi yeuo.

15 Batabogi ba ea, ba akotsioa ka lehuku ya khosi, mi molao o lo o neoa mo palisoñ oa Shushana. Mi khosi le Hamane ba lula ba noa; mi motse oa Shushana oa khoberega.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan