Esekiele 6 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 6. 1 MI lehuku ya ga Yehova ya ’ntihahalela, ya re, 2 Moroa mothu, tsepegela lithaba tsa Bayeserela hatlogo sa gago, u li perofeseletse. 3 U re, Lona lithaba tsa Bayeserela, utluañ lehuku ya ga Yehova Morena: Yehova Morena o bua yalo le lithaba, le lithabana, le melacoana, le megorogoro: Bonañ, ’na, E, ’na, ki tla tlisa caka go lona, mi ki tla herisa mahelo a lona a a gorimo. 4 Mi lialetara tsa lona li tla señoa, le licuanco tsa lona tsa letsatsi li thuyoa: mi ki tla osa babolaoi ba lona ha pele ga licuanco tsa lona tsa merimo. 5 Mi ki tla baea lirepa tsa bana ba Yeserela ha pele ga licuanco tsa bona tsa merimo; mi ki tla gasa marapo a lona tikologoñ ea lialetara tsa lona. 6 Metse ea manno a lona aotle e tla khakhabarioa, le mahelo a a gorimo a tla ropeharioa; gore lialetara tsa lona li khakhabarioe li señoe, le licuanco tsa merimo tsa lona li thuyoe li khutle, le licuanco tsa lona tsa letsatsi li reñoe, le litiho tsa lona li señoe. 7 Mi ba babolaoi ba tla oa mo go lona, mi lo tla itse ha ki le Yehova. 8 ¶ Leha gontse yalo ki tla sarisa masalela, gore lo ne le bañue ba ba tla phelañ mo cakeñ mo bahaiteneñ, mogañ lo halarioañ mo mahatsiñ. 9 Mi ba lona ba ba phelañ, ba tla ’nkhakologeloa mo bahaiteneñ kua ba isicoeñ bacuaroi gona, ki sina thuba pelu tsa bona tsa khokahalo, tse ri ’ntlogetseñ, le maitlo a bona a a goka-halelañ licuanco tsa merimo tsa bona: mi ba tla itenela mashula a ba a rihileñ ka maila aotle a bona. 10 Mi ba tla itse ha ki le Yehova, eo ki sa kañ ka buela lehela ha ki tla ba rihela boshula yo. 11 ¶ Go bua yalo Yehova Morena; Opa ka atla sa gago, mi tuba ka nao loa gago, mi u re, Au! ka maila aotle a boshula a ba ntlu ea Yeserela; gone ba tla oa ka caka, le loshekeri, le pesetelense. 12 Eo o khakala o tla shua ka pesetelense; mi eo o gauhe o tla oa ka caka; mi eo o salañ a tlaseloa o tla shua ka loshekeri: ki tla ba ueletsa bogale yoa me yalo. 13 Ereha gona ba tla itseñ ha ki le Yehova, mogañ babolaoi ba bona ba tla nañ mo licuancoñ tsa merimo tsa bona, tikologoñ ea lialetara tsa bona, mo lithabaneñ tse ri gorileñ cotle, le mo tloreñ tsa lithaba, le kua tlatse ga tlare tse ri talana cotle, le kua tlatse ga meterebenta e mekima eotle, mo maheloñ a ba le ba bakanyetsa licuanco cotle tsa bona tsa merimo loñko lo lo natehañ. 14 Ki tla ba otlololela atla sa me yalo, ki tla riha lehatse tsenyego le khakhamaco bogolu go bogareganaga yo bo kua Dibelata, mo mannoñ a bona aotle: mi ba tla itse ha ki le Yehova. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society