Esekiele 2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 2. 1 MI a ’nthaea, Moroa mothu, ema ka nao tsa gago, mi ki tla bua nau. 2 Mi moea oa tsena go ’na ka a bua le ’na, oa ’nkemisa ka nao tsa me, mi ka utlua eo o buañ le ’na. 3 Mi a ’nthaea, Moroa mothu, ki gu romela go bana ba Yeserela, morahe oa cuulolo o o ’ncuuloletseñ, bona le bo‐rabo ba ’ntloletse, le ka yenu yenu. 4 Ki gu romela go bona, leha ba bomoroa boima yoa sehatlogo, le bopelu thata; mi u ba ree, Go bua yalo Yehova Morena. 5 Mi bauo, leha ba utlua, khotsa ba khutla, leha gontse yalo ba tla itse ha moperofeti a la a le mo go bona, gone e le ba ntlu ea cuulolo. 6 Mi uena, moroa mothu, u si ba boihe, le esiñ go boiha mahuku a bona, leha meñana le metlua e na nau, mi u nna mo liphepeñ: u si boihe mahuku a bona, le esiñ go reregela hatlogo tsa bona, gone ba ntlu ea cuulolo. 7 Mi bua mahuku a me le bona, leha ba utlua, khotsa ba khutla: gone ba cuulolo. 8 ¶ Mi uena moroa mothu, utlua se ki se buañ le uena; U si ne cuulolo yaka ba ntlu ea cuulolo ba: tumolola molomo oa gago, mi u ye se ki se gu naeañ. 9 ¶ Mi erile ki leba, bonañ, ki romecoe seatla; mi bonañ, momeno oa buka oa bo o le go shona. 10 Mi a o menolola ha pele ga me: mi oa bo o kuariloe kua teñ le kua ntle: mi ga bo go kuariloe go ona likhutsahalelo, le phegelo, le tatlego. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society