Ekesodo 9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 9. 1 MI Yehova a raea Moshe, Ea go Faroe, mi u bue le ena, Go bua yalo Yehova Morimo oa Bahebera, a re, Lesa bathu ba me ba ee, gore ba ’ntihele. 2 Gone ha u gana go ba lesa go ea, mi ha u santse u ba thiba, 3 Bona, atla sa ga Yehova se tla na mo likhomuñ tsa gago tse ri kua nageñ, le mo lipitseñ le mo lieseleñ, le mo likameleñ, le mo matlapeñ, le mo lihutsaneñ, ka pesetelense e kholu. 4 Mi Yehova o tla lomologanya gare ga khomu tsa Boyeserela, le khomu tsa Egepeto: mi ga go kitla go shua epe ea cotle tsa bana ba Yeserele. 5 Mi Yehova a laolela lobaka loñue, a re, Yehova o tla riha seo se mo hatsiñ ka mosho. 6 Mi Yehova a riha seo se ka mosho, mi khomu cotle tsa Egepeto tsa shua: mi ga khomu tsa bana ba Yeserele go si ka ga shua epe. 7 Mi Faroe a roma, mi bonañ, gabo go si epe ea khomu tsa Boyeserele e e shuleñ. Mi pelu ea ga Faroe ea ima-harioa, mi a si ka a lesa bathu ba ea. 8 ¶ Mi Yehova a raea Moshe le Arone, Tabolañ molora ka liatla tse ri tletseñ, mi a Moshe a o kuruele legorimoñ ha pele ga maitlo a ga Faroe. 9 Mi o tla na lorole lo lo sesane mo hatsiñ yeotle ya Egepeto, mi lo tla na lisho, tse ri kukunyetsañ marophi mo bathuñ le mo likhomuñ. 10 Mi ba tsaea molora ha moubeñ, mi ba ema ha pele ga Faroe; mi a o kuruela kua gorimo; mi ga na lisho tse ri kukunyetsañ marophi mo bathuñ le mo likhomuñ. 11 Mi liñaka li sa kake tsa ema ha pele ga Moshe ka eintla ea lisho; gone lisho li li le mo liñakeñ, le Baegepeto botle. 12 Mi Yehova a thatahatsa pelu ea ga Faroe, mi a si ka a ba retsa; yaka Yehova a la a bua le Moshe. 13 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, U phakele go sa le mosho, u ikemise ha pele ga Faroe, mi u mo ree, Go bua yalo Yehova Morimo oa Bahebera, Lesa bathu ba me ba ee, gore ba ’ntihele. 14 Gone ki tla tlisa ka baka senu licupo cotle tsa me mo peluñ ea gago, le mo batlañkeñ ba gago, le mo bathuñ ba gago; gore u itse ha go sina ope eo o cuanañ le ’na mo hatsiñ yeotle. 15 Gone yana ’nkabo ki otlolotse atla sa me, ki gu betsa, le bathu ba gago ka pesetelense; u kabo u khaocoe mo lehatsiñ. 16 Mi rure ki gu buluketse mouo, gore ki gu bontse thata ea me; mi gore leina ya me le buleloe mo hatsiñ yeotle. 17 A u santse u ikhorisitse ha bathuñ ba me, ka u sa ba lese ba ea? 18 Bona, ki tla nisa sehako se segolu bogolu ka mosho yaka gontse yana, se se e siñ se ke se rihale mo Egepeto, ga motheoñ oa yeona le yana. 19 Mi yana, roma, phutha khomu tsa gago, le cotle tse u nañ naco kua nageñ; gone bathu botle le tse ri tserileñ cotle tse ri tla bonoañ mo nageñ, li sa lerioe gae, sehako se tla li oela, mi li tla shua. 20 Eo o la boiha lehuku ya ga Yehova, oa batlañka ba ga Faroe, a tsa-bisetsa gae batlañka ba gague le khomu tsa gague: 21 Mi eo o la sa ka a ñoka huku ya ga Yehova, a lesa batlañka ba gague le khomu tsa gague mo nageñ. 22 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, otlololela atla sa gago legorimo, mi sehako se tla na mo hatsiñ yeotle ya Egepeto, mo bathuñ, le mo likhomuñ, le mo merogoñ eotle mo hatsiñ ya Egepeto. 23 Mi Moshe a otlololela tsama ea gague legorimo; mi Yehova a tlisa tumo ea maru le sehako, mi molelo oa tsamaea ha ombuñ; mi Yehova a osetsa mo hatsiñ ya Egepeto sehako. 24 Mi ga na sehako, le molelo o o tlakancoeñ le sahako; e le le thata bogolu, yaka go e si go ke go ne mo hatsiñ yeotle ya Egepeto ga motla o ba na loshaba ka ona. 25 Mi sehako sa daea cotle tse li li le kua nageñ, bathu le likhomu mo hatsiñ yeotle ya Egepeto; mi sehako sa daea merogo eotle ea naga, sa roba tlare cotle tsa naga. 26 Mo hatsiñ ya Goshena yeosi, gabo go sina sehako go yeona kua bana ba Yeserele ba gona. 27 ¶ Mi Faroe a roma, mi a bitsa Moshe le Arone, a ba raea, Ki leohile mo bakeñ senu: Yehova o Mosiami, mi ’na, le bathu ba me re baikepi. 28 Rapelañ Yehova, (gone go lekanye,) gore tumo ea maru e kholu le sehako se khutle; mi ki tla lo lesa go ea, mi ga lo kitla lo tlola lo riega. 29 Mi Moshe a mo raea, Ki sina go coa mo motseñ, ki tla otlololela Yehova atla tsa me; mi tumo ea maru e tla khutla, mi sehako ga se kitla se na; gore u itse ha lehatsi e le ya ga Yehova. 30 Mi kaga gago le batlañka ba gago, kia itse loa bo lo si kitla lo boiha ha pele ga Yehova Morimo. 31 Mi felase le barele a deoa: gone barele a tsetse, mi felase a golokile. 32 Mi mabele le sepeleta a sa deoa: gone a la a e si a mele. 33 Mi Moshe a coa mo motseñ le go Faroe, mi a otlololela Yehova atla tsa gague: mi tumo ea maru le sehako sa khutla, mi pula e si ka ea tlola e theloa mo hatsiñ. 34 Mi erile Faroe a bona ha pula le sehako, le tumo ea maru li khutlile, a hela a leoha, a ikimahatsa pelu, ena le batlañka ba gague. 35 Mi pelu ea ga Faroe ea thataharioa, mi a gana go lesa bana ba Yeserele go ea; yaka Yehova a la a bua ka Moshe. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society