Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 6 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 6.

1 EAREHA gona Yehova o raeañ Moshe, Yana u tla bona se ki tla se rihelañ Faroe: gone o tla ba lesa go ea ka atla se se thata, mi o tla ba leleka mo hatsiñ ya gague ka atla se se thata.

2 Mi Morimo oa bua le Moshe, mi oa mo raea, Ki Yehova;

3 Ki le ka iponatsa go Aberahame, le Yitsake, le Yakobe, ka leina ya Morimo Mothatietle, mi ki le ki sa itsege go bona ka leina ya me ya Yehova.

4 Le gona ki ba tlomamiseritse kholagano ea me, go ba naea hatsi ya Kanana, lehatsi ya boeñ yoa bona, ye ba le ba le baeñ mo go yeona.

5 Le gona ki utluile conelo ea bana ba Yeserele, ba Baegepeto ba ba rihi-sañ; mi ki gakologecoe kholagano ea me.

6 Ki gona, raea bana ba Yeserele, Ki Yehova, mi ki tla lo entsa tlatse ga mebelego ea Baegepeto, mi ki tla lo golola tiheloñ ea bona, mi ki tla lo rekolola ka cogo ye le otlologileñ, le ka tsekisho tse ri kholu:

7 Mi ki tla lo itsela go na bathu ba me, mi ki tla na Morimo oa lona: mi lo tla itse ha e le ’na Yehova Morimo oa lona, eo o lo entsañ tlatse ga mebelego ea Baegepeto.

8 Mi ki tla lo isa kua hatsiñ ye ki le ka ikana kaga yeona, go le naea Aberahame, le Yitsake, le Yakobe; mi ki tla le lo naea go na boshua: Ki Yehova.

9 Mi Moshe a bua le bana ba Yeserele yalo: mi ba si ka ba retsa ka eintla ea monoñonoño oa moea, le ka tihelo ea khoeleo.

10 ¶ Mi Yehova a bua le Moshe, a re,

11 Ea, u bue le Faroe khosi ea Egepeto, gore a lese bana ba Yeserele ba coe mo hatsiñ ya gague.

12 Mi Moshe a bua ha pele ga Yehova, a re, Bona, bana ba Yeserele ga ba ka ba ’nthetsa, ana Faroe o tla ’nthetsa yañ; ’na eo e leñ monona eo o sa nonohelañ puo?

13 Mi Yehova a bua le Moshe le Arone, mi a ba laorisa bana ba Yeserele, le Faroe khosi ea Egepeto, go entsa bana ba Yeserele mo hatsiñ ya Egepeto.

14 ¶ Tse ki tlogotlogo tsa matlu a bo‐rabo: Bomoroa Rubene oa burure oa ga Yeserele; e le le Hanoke, le Palue, le Hetserone, le Kareme; tseuo ki litsika tsa ga Rubene.

15 ¶ Mi bomoroa Simeone; e le le Yemuele, le Yamine, le Ohade, le Yakine, le Tsohare, le Shaule, moroa mosari oa Kanana: tseuo ki litsika tsa ga Simeone.

16 ¶ Mi ua ki maina a bomoroa Leve kaha kokomaneñ tsa bona; Gereshone, le Kohate, le Merare: mi nyaga tsa botselo yoa ga Leve, e le le nyaga li hundereda le terete‐seven.

17 Bomoroa Gereshone; e le le Libene, le Sheme, kaha tsikeñ tsa bona.

18 Mi bomoroa Kohate; e le le Amerame, le Yitsehare, le Heberone, le Usiele: mi nyaga tsa botselo yoa ga Kohate e le le nyaga li hundereda le terete‐teri.

19 Mi bomoroa Merare; e le le Mahale, le Mushe: tseuo ki tsika tsa ga Leve kaha kokomaneñ tsa bona.

20 Mi Amerame a itsela mosari Yokebede rakhariague; mi a tsala nae Arone le Moshe: mi nyaga tsa botselo yoa ga Amerame, e le le nyaga li hundereda le terete‐seven.

21 ¶ Mi bomoroa Yitsehare; e le le Korahe, le Nefege, le Sitere.

22 Mi bomoroa Usiele; e le le Mishaele, le Eletsafane, le Sitere.

23 Mi Arone a itsela mosari Elishebe, moroaria Aminadabe, khantsaria Nashone; mi a tsala nae Nadabe, le Abihue, le Eleasare, le Itamare.

24 Mi bomoroa Korahe; e le le Asire, le Elekanahe, le Abiasafe: tseuo ki tsika tsa Bakoraha.

25 Mi Eleasare, moroa Arone, a itsela mosari oa bomoroaria Putiele; mi a tsala nae Finehase: tseuo ki litlogotlogo tsa Balevi kaha tsikeñ tsa bona.

26 Ba, ki bona Arone le Moshe, ba Yehova o la ba raea, Entsañ bana ba Yeserele mo hatsiñ ya Egepeto kaha lintueñ tsa bona.

27 Ba ki bona ba ba le ba bua le Faroe khosi ea Egepeto, gore ba entse bana ba Yeserele mo hatsiñ ya Egepeto: bauo ki Moshe le Arone.

28 ¶ Mi ga rihala tsatsiñ ye Yehova a bua le Moshe mo hatsiñ ya Egepeto,

29 Mi Yehova a bua le Moshe, a re, Ki Yehova: u bue le Faroe khosi ea Egepeto cotle tse ki tla li gu bulelelañ.

30 Mi Moshe a re, ha pele ga Yehova, Bona, ki eo o sa nonohelañ puo, mi Faroe o tla ’nthetsa yañ?

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan