Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 2.

1 MI monona oa eintlu ea ga Leve, a ea a nyala moroaria Leve.

2 Mi mosari a ithuala, a bona mosimane; mi eare a mona a le moiñtle, a mo shuba ka khueri li teri.

3 Mi eare a reteleloa ki go tlola a mo shuba, a mo tsela serotu sa papira, mi a se kana ka bitumena, le ka boka, mi a baea ñuana mo go shona, mi a se baea mo mekhasiñ ha intsiñ ea noka.

4 Mi khantsarie a ikemisa khakala go itse se se tla mo rihalelañ.

5 ¶ Mi moroaria Faroe a hologa go tlacua mo nokeñ; mi baroetsana ba gague ba sepela ha intsiñ ea noka; mi eare a bona serotu mo mokhasiñ, a roma lelata ya yague go se lere.

6 Eare a se khurumolola a bona ñuana: mi bonañ, ñuanyana a lela. Mi a mo utluela botluku, mi a re, Eo ki oa bana ba Bahebera.

7 Ereha gona khantsarie o raeañ moroaria Faroe, A ga ’nkake ka ea go gu biletsa moamusi oa basari ba Bahebera, gore a gu amusetse ñuana eo?

8 Mi moroaria Faroe, a mo raea, Ea, mi moroetsana a ea, a bitsa ma ñuana.

9 Mi moroaria Faroe a mo raea, Tsaea ñuana eo, mi u mo ’nkamusetse, mi ki tla gu naea tuelo ea gago. Mi mosari a cula ñuana a mo amusa.

10 Mi eare ñuana a sina gola a mo lere go moroaria Faroe, mi a na yaka moroaue. Mi a mo sha leina ya Moshe: mi a re, gone ki mo shuabotse mo metseñ.

11 ¶ Mi ga rihala mo metleñ euo ka Moshe a sina gola, a coela go bana ba ga rague, mi a leba mebelego ea bona: mi a bona Moegepeto a tlanya Mohebera, oa bana ba ga rague.

12 Mi a koba kua le kua, mi eare a bona go sina ope, a bolaea Moegepeto, a mo shuba mo moshaueñ.

13 Mi motla o moñue ka a ba a coela go bona, mi bonañ, Bahebera ba tu ba loa: mi a raea eo o rumolañ, U tlanyetsañ moñ ka uena?

14 Mi a re, U laolecoe e mañ molaori le mosiamisi oa rona? A u rata go ’mpolaea yaka u bolaile Moegepeto? Moshe a boiha, mi a re, Amarure seo se, se itsegile.

15 Mi yana eare Faroe a utlua seuo, a batla go bolaea Moshe. Mi Moshe a tsaba hatlogo sa ga Faroe, mi a nna mo hatsiñ ya Midiana: mi a lula ha seribeñ.

16 ¶ Mi moperiseti oa Midiana a bo a na le bomoroarie ba seven: mi ba tla go ga metse, mi ba tlatsa likati go nosa lecomane ya ga rabo.

17 Mi barisi ba tla, ba ba leleka: mi Moshe a nanoga, a ba thusa, a nosa lecomane ya bona.

18 Mi erile ba hitla go Reuele rabo, a re, Ana lo akohile yañ ka yenu?

19 Mi ba re, Moegepeto o re golotse mo barisiñ; le gona a re gela segolu, mi a nosa lecomane.

20 Mi a raea bomoroarie, Ana o ha kae? lo leseleritseñ monona a ea? mitseñ gore a ye liyo.

21 Mi Moshe a itumela go nna le monona eo: mi a naea Moshe Tsiporahe moroarie.

22 Mi a tsala nae mosimane, mi a mo sha leina ya Gereshome: gone a re, Ki moeñ mo hatsiñ ya boeñ.

23 ¶ Mi ga rihala ka lobaka lo sina heta, khosi ea Egepeto ea shua: mi bana ba Yeserele ba hegerisioa ki tihelo; mi ba goela, mi go goa ga tihelo ga tlatlogela Morimoñ.

24 Mi Morimo oa utlua conelo ea bona, mi Morimo oa gakologeloa kholagano ea ona le Aberahame, le Yitsake, le Yakobe.

25 Mi Morimo oa leba bana ba Yeserele, mi Morimo oa ba ñoka.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan