Ekesodo 19 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 19. 1 BANA ba Yeserele ba tla bogareñganaga yoa Sinai ka khueri ea bo‐teri morago ga go coa ga bona mo Egepeto, ka tsatsi yeuo hela. 2 Gone erile ba tloga mo Refidima ba hitla mo bogareganaga yoa Sinai; mi Boyeserela ba tlaolela gona go lebagana le thaba. 3 Mi Moshe a tlatlogela go Morimo, mi Yehova a biletsa go ena a le mo thabeñ, a re, U ree eintlu ea ga Yakobe yalo, mi bulelela bana ba Yeserele; 4 Lo bonye se ki le ka se rihela Baegepeto, mi ka lo belega mo phukeñ tsa manoñ, ka lo lere go ’na. 5 Ki gona yana ha lo akelela koru ea me rure, le go tsegetsa kholagano ea me, ereha gona lo tla nañ boshua yoa me bogolu go bathu botle: gone lehatsi yeotle ki ya me: 6 Mi lo tla na bogosi yoa baperiseti go ’na, le morahe o o itsephañ. U bue mahuku ua le bana ba Yeserele. 7 ¶ Mi Moshe a ea, mi a bitsa bagolu ba bathu, mi a baea mahuku aotle ua Yehova o a mo laoletseñ ha pele ga bona. 8 Mi bathu botle ba arabela goñue, mi ba re, Cotle tse Yehova o li buileñ re tla li riha. Mi Moshe a isetsa Yehova mahuku a bathu. 9 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Bona, ki tla tla go uena mo leruñ ye le kueneñ, gore bathu ba utlue motlañ ki buañ nau, le go gu rumela ka bosakhutleñ. Mi Moshe a bulelela Yehova mahuku a bathu. 10 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Ea mo bathuñ, mi u ba tsephe ka yenu le ka mosho, mi a ba tlacue aparo tsa bona, 11 Mi ba itletsegele tsatsi ya bo‐teri: gone Yehova o tla hologela mo thabeñ ea Sinai ka tsatsi ya bo‐teri, ha pele ga maitlo a bathu botle. 12 Mi u bele bathu moleloane tikologoñ, u re, Lo ikehe go tlatlogela thaba, leha e le go ama khutlo sa eona: eo o amañ thaba o tla bolaeloa rure. 13 A go si ne atla sepe se se e amañ, mi a a khobotlerioe rure, khotsa go phololerioa rure, leha e le khomu khotsa monona, a a si tsele: motlañ tumo ea terompeta e leleharioa ba ka tlatloga thaba. 14 ¶ Mi Moshe a hologa thaba, a ea mo bathuñ, mi a tsepha bathu, mi ba tlacua aparo tsa bona. 15 Mi a raea bathu, Ikitleletseñ tsatsi ya bo‐teri: si atameleñ basari ba lona. 16 ¶ Mi ga rihala go sa le mosho oa tsatsi ya bo‐teri, gole gole tumo tsa maru, le likharima, le leru ye le ima mo thabeñ, le koru ea terompeta e e thata bogolu; mi bathu botle ba ba leñ mo botlaoleloñ ba roroma. 17 Mi Moshe a entsa bathu mo botlaoleloñ go khatlantsa Morimo; mi ba ikemisa kua tlatse ga thaba. 18 Mi thaba eotle ea Sinai ea kuba mosi, gone Yehova a hologela go eona a le mo moleloñ: mi mosi oa eona oa tlatloga yaka mosi oa bokepisho, mi thaba eotle ea roroma segolu. 19 Mi erile koru ea terompeta e gelebetega segolu, Moshe a bua, mi Morimo oa araba ka koru. 20 Mi Yehova a hologela thabeñ ea Sinai, ha tloreñ ea thaba yalo: mi Yehova a biletsa Moshe kua tloreñ ea thaba; mi Moshe a tlatloga. 21 Mi Yehova a raea Moshe, Hologa, tlagisa bathu, gore ba si thobele go Yehova, go leba, mi bantsi ba bona ba hela. 22 Le gona, a baperiseti ba ba atamelañ Yehova ba itsephe, gore Yehova a si phomegele go bona. 23 Mi Moshe a raea Yehova, Bathu ga ba kake ba tlatloga thaba ea Sinai; gone u re laotse, u re, Tlomelañ thaba moleloane, lo e tsephe. 24 Mi Yehova a mo raea, Ea koñ, u hologe, mi u be u tlatloge, uena le Arone nau; mi u si lese baperiseti, le bathu go thobela go tlatlogela go Yehova, gore a si phomegele go bona. 25 Mi yalo Moshe a hologela mo bathuñ, mi a bua le bona. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society