Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 17 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 17.

1 MI phuthego eotle ea bana ba Yeserele ea huruga bogareñganaga yoa Sina, kaha khurugoñ tsa eona, kaha taoloñ ea ga Yehova, mi ba tlaolela kua Refidima: mi gabo go sina metse gore bathu ba noe.

2 Ki gona bathu ba ganelañ le Moshe, mi ba re, Re nee metse gore re noe. Mi Moshe a ba raea, Lo ganelelañ le ’na? lo raelelañ Yehova?

3 Mi bathu ba nyoreloa metse gona; mi bathu ba ñoñoregela Moshe, ba re, U re huruseritseñ Egepeto, go re bolaea, le bana ba rona, le likhomu tsa rona ka lenyora?

4 Mi Moshe a biletsa go Yehova, a re, Ki tla rihelañ bathu ba? ekete ba batla go ’nkhobotletsa.

5 Mi Yehova a raea Moshe, Ea kua pele ga bathu, mi u itsele bañue ba bagolu ba Boyeserela, le tsama ea gago, e u lu ua daea noka ka eona, u e tsee ka atla sa gago, mi u ee.

6 Bona, ki tla ema gona ha pele ga gago mo hikeñ kua Horeba; mi u dee lehika, mi go tla coa metse mo go yeona, gore bathu ba noe. Mi Moshe a riha yalo ha pele ga maitlo a bagolo ba Boyeserela.

7 Mi a bitsa leina ya helo ha, Masa, le Meriba, ka eintla ea khanelo ea bana ba Yeserele, gone ka ba le ba raela Yehova, ba re, A Yehova o mo go rona, khotsa nya?

8 ¶ Ereha gona go tlañ Amaleke, mi a tlabana le Boyeserela kua Refidima.

9 Mi Moshe a raea Yehoshue, U re señkele banona, mi bolola, u tlabane le Amaleke: ki tla ema mo tloreñ ea thabana ka mosho ka tsama ea Morimo mo atleñ sa me.

10 Mi Yehoshue a riha yaka Moshe a mo reile, a tlabana le Amaleke: mi Moshe, le Arone, le Hure ba tlatlogela tloreñ ea thabana.

11 Mi ga rihala, eare Moshe a culetsa atla sa gague, Boyeserela ba henya; mi eare atla sa gague se loshologa, Amaleke a henya.

12 Mi atla tsa ga Moshe tsa kete-hala; mi ba tsaea leincue ba le baea tlatse ga gague, mi a lula go yeona; mi Arone le Hure ba gotletsa atla tsa gague, moñue eintleñ enu, mi eo moñue eintleñ ele; mi atla tsa gague tsa sisibala ea tsamaea letsatsi ya phirima.

13 Mi Yehoshue a koahatsa Amaleke le bathu ba gague ka boyetla yoa caka.

14 Mi Yehova a raea Moshe, Kuala segopoco seuo mo bukeñ, mi u se bee mo tsebeñ tsa ga Yehoshue; gone ki tla phimolela rure segopoco sa ga Amaleke tlatse ga legorimo.

15 Mi Moshe a aga aletara, mi a e sha leina ya Yehova‐nisi.

16 A ere ha atla se se ha teroneñ ea ga Yehova, Yehova o tla tlabana le Amaleke mo kokomaneñ cotle.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan