Ekesodo 15 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 15. 1 EREHA gona Moshe le bana ba Yeserele ba opelelañ Yehova sehela se, mi ba bua ba re, Ki tla opelela Yehova, gone o gorisicoe bogolu: o rigetse pitse le moepalami mo leoatleñ: 2 Yehova ki thata ea me le sehela, mi o rihegile puluko ea me: ko ona Morimo oa me, ki gona ki tla o galaletsañ; ko ona Morimo oa ga rre, mi ki tla o gorisa. 3 Yehova ki monona oa tlabano: Yehova ki leina ya gague. 4 O rigetse cariota tsa ga Faroe, le entua ea gague mo leoatleñ: mi balaori ba gague ba ba tlaocoeñ ba noetse mo Leoatleñ ye le Hubiru. 5 Mateñ a ba khurumetsa: ba noetse mo mateñeñ yaka leincue. 6 Atla se se siameñ sa gago Yehova, se galalericoe mo thateñ: mi atla se se siameñ sa gago, Yehova, se rabantse maba. 7 Mi u ribegeritse baganetsi ba gago ka bogolu yoa bonatla yoa gago: u entsitse bogale yo bo hisañ yoa gago, yo bo ba nyeleritseñ yaka lirine. 8 Mi metse a la a phuthoa meköa ki purulo ea maroha a eñko ea gago; meroalela ea ema ea tsepalala yaka moköa; mateñ a gatsela mo peluñ ea leoatle. 9 Maba a re, Ki tla khonatela, ki tla hitlela, ki tla aba thopo, keleco ea me e tla khorisioa ke bona; ki tla shomola caka ea me, atla sa me se tla ba senya. 10 U lu ua burula ka pheho ea gago, leoatle ya ba khurumetsa: ba thabuetse yaka loda mo metseñ a a bonatla. 11 Yehova, mañ eo o cuanañ nau mo merimoñ? mañ eo o cuanañ nau? u khalalelo mo itsephoñ, le poitsego mo lipakoñ, u riha likhakhamaco. 12 U lu ua otlolola atla sa gago se se siameñ, lehatsi ya ba metsa. 13 U lu ua goga bathu ba u ba rekolotseñ ka bopelunomi yoa gago: ua ba isa boagoñ yoa gago yoa boitsepho ka thata ea gago. 14 Bathu ba tla utlua ba huruioa: tlakaselo e tla tsegetsa banni ba Palesetina. 15 Ereha gona khosana tsa Edoma li tla reregañ; thoromo e tla tsegetsa linatla tsa Moaba; banni botle ba Kanana ba tla tlapologa. 16 Therego le poiho li tla oela go bona; ba tla ririmala yaka leincue ka bogolu yoa cogo ya gago Yehova, e tsamaea bathu ba gago ba khabaganye, e tsamaea bathu ba khabaganye ba u ba rekileñ. 17 U tla ba lere teñ, u ba tloma mo thabeñ ea boshua yoa gago, heloñ ha u go itihetseñ go na boago yoa gago, Yehova; helo ga boitsepho, ha atla tsa gago, Morena, li go tlomileñ. 18 Yehova o tla busa ka bosakhutleñ le bosina bokhutlo. 19 Gone pitse tsa ga Faroe le licariota tsa gague, le bapalami ba gague, ba tsenye mo leoatleñ, mi Yehova a ba a lere metse a leoatle gorimo ga bona, mi bana ba Yeserele ba sepela mo komeleloñ gareñ ga leoatle. 20 ¶ Mi Miriame moperofeti oa sesari, khantsaria Arone, a tsaea timberela mo atleñ sa gague; mi basari botle ba coa ba mo sala morago ka litimberela le ka lipino. 21 Mi Miriame a ba araba, Opelelañ Yehova, gone o gorisicoe bogolu: o rigetse pitse le moepalami mo leoatleñ. 22 ¶ Mi Moshe a tlatlosa Boyeserela kua Leoatleñ ye le Hubiru, mi ba ea bogareñganaga yoa Shura; mi ba ea ka malatsi a teri mo bogareñganaga, mi ba sa bone metse. 23 ¶ Mi erile ba hitla mo Mara, ba sa kake ba noa metse a Mara, gone a le bogalaka: ki gona leina ya gona le birioañ Mara. 24 Mi bathu ba ñoñoregela Moshe, ba re, Re tla noañ? 25 Mi a biletsa go Yehova, mi Yehova a montsa setlare, mi a se latlela mo metsiñ, mi metse a na botse. Hoñ a ba laolela taeo le tsiamisho, mi a ba leka gona, 26 Mi a re, Ere ha lo retsa koru ea ga Yehova Morimo oa lona ka tloahalo, le go riha se se thokhameñ mo maitloñ a gague, le go sekegela tsebe tsa lona taolo tsa gague, le go tsegetsa taeo tsa gague cotle, ga ’nkitla ki lo bela epe ea lipobolo tse ki li beileñ mo go Baegepeto: gone ki Yehova mohorisi oa lona. 27 ¶ Mi ba hitla mo Elima, ha mecoeri e tueleve ea metse e gona, le tlare tsa mekolane li sevente: mi ba tlaolela gona ha metseñ. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society