Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 1.

1 MI yana, maina ua ki aona a bomoroa Yeserele, ba ba le ba tla mo Egepeto le Yakobe, moñue le moñue o la a tla le ba eintlu ba gague; eboñ:

2 Rubene, le Simeone, le Leve, le Yude;

3 Le Yisakare, le Sebulone, le Benyamine;

4 Le Dane, le Nafetale, le Gade, le Ashere.

5 Mi bathu botle ba ba coañ mañkopeñ a ga Yakobe e le le bathu ba sevente: mi Yosefe o la le mo Egepeto.

6 Mi Yosefe a shua, le bomoroa rague botle, le ba mophato otle ouo.

7 Mi bana ba Yeserele ba ata, mi ba totahala segolu, mi ba intsihala, mi ba na bantsi bogolu bogolu, ea tsamaea ba tlala lehatsi.

8 Mi ga coga khosi e enca mo Egepeto, e e le e sa itse Yosefe.

9 Mi e le ea raea bathu ba eona, ea re, Bonañ, bathu ba bana ba Yeserele bantsi, mi ba nonohile bogolu go rona:

10 Tlañ; re ba tlaleheñ, gore ba si intsihale, mi etlare khotsa tlabano e rihala, ba re ela mosheyane le baba ba rona, ba tlabana le rona, ba coa mo hatsiñ ye.

11 Mi ba ba laorisetsa balebeleri ba tiho go ba bogisa ka mebelego ea bona, mi ba agela Faroe metse eo pulukelo, eboñ Pitoma le Ramesesa.

12 Mi yaka ba le ba ba bogisa bogolu, ba intsihala bogolu, ba anama; mi ba boiha bana ba Yeserele.

13 Mi Baegepeto ba le ba rihisa bana ba Yeserele ka thata:

14 Mi ba galakisa tselo yoa bona ka tihelo ea khoeleo, mo takeñ le makote, le tihelo cotle tsa naga: mi tihelo eotle e ba le ba e ba rihisa e le le ka thata;

15 ¶ Mi khosi ea Egepeto ea bua le baelegisi ba Bahebera; moñue leina ya gague e le le Siferahe, mi leina ya eo moñue e le le Puahe:

16 Ga tua, Ere lo thusa basari ba Bahebera pelegoñ tsa bona, mi lo bona bana lipakoñ tsa maye; ha e le mosimane, mi yalo lo molaee: mi ha e le mosetsana o ka tsela.

17 Mi baelegisi ba le ba boiha Morimo, mi ba si ka ba riha yaka khosi ea Egepeto e ba laoletse, mi ba bulukela basimane go tsela.

18 Mi khosi ea Egepeto ea bitsa baelegisi, mi ea ba raea, Lo lo rihañ ka seuo, ka lo buluketse basimane go tsela?

19 Mi baelegisi ba raea Faroe, Ka gone basari ba Bahebera ga ba cuane le basari ba Egepeto; gone ba thata, mi ba belega baelegisi ba e si ba tle go bona.

20 Ki gona ka mouo, Morimo oa rihela baelegisi seiñtle: mi bathu ba, ba intsihala, mi ba na bantsi bogolu.

21 Mi ga rihala ka baelegisi ba boiha Morimo, oa ba rihela matlu.

22 Mi Faroe a laolela bathu ba gague botle, a re, Losimane lotle lo lo bonoañ lo lo rigele mo nokeñ, mi lose-tsana lotle lo lo bulukele go tsela.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan