Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 9.

1 MI Saulo a santse a burulela barutoa ba Morena lipopo le polao, a ea kua moperisetiñ eo mogolu.

2 Mi a lopa mo go ena liepisetole go ea kua Damaseko, mo masenagogeñ, gore ereha a bona bañue ba tsela euo, leha e le banona, khotsa basari, a ba lere ka kholego Yerusalema.

3 Mi ga rihala ka a eta, a atamela Damaseko, ga phatsima mo ntleñ cotle tsa gague leseri le coa mo legorimoñ ka coganeco.

4 Mi ka a oela ha hatse, a utlua koru e e mo raeañ, Saulo, Saulo, u ’mpogisetsañ?

5 Mi a re, Morena, u mañ? Mi Morena a re, Ki ’na Yesu eo, u mogisañ; go thata go uena go raga litlabi.

6 Mi a roroma, a silohala, a re, Morena, u rata ka rihañ? Mi Morena a mo raea, Tloga u eme, u ee kua motseñ, mi u tla buleleloa se u cuanetseñ go se riha.

7 Mi banona ba, ba le ba eta nae, ba ema ka tsilohalo, koru ba e utlua, mi ba sa bone ope.

8 Mi Saulo a anamologa ha hatse; mi ka a bula maitlo a gague, a si ka a bona sepe. Mi ba mo goga ka seatla, ba mo isa kua Damaseko.

9 Mi a si ka a bona ka malatsi a teri, mi a sa ye, mi a sa noe.

10 ¶ Mi gabo gole morutoa moñue mo Damaseko, eo o birioañ Ananie. Mi Morena o la a mo raea mo sepontsishoñ, Anania. Mi a re, Bona, Morena, ki hanu.

11 Mi Morena a mo raea, Tloga u eme, u ee kua mileñ o o birioañ Tsiamo, mi u botse mo tluñ ea ga Yude moñue eo o birioañ Saulo oa Tareso, gone, bona, oa rapela;

12 Mi o bonye monona eo o birioañ Ananie a tsena, a mo latsa seatla, gore a ba a bone.

13 Mi Ananie a araba, Morena, ki utluisicoe ki bantsi ga monona eo, le bogolu yoa boshula yo o bo rihetseñ baitsephi ba gago mo Yerusalema;

14 Mi monu o na le thata e e coañ mo baperisetiñ ba bagolu go golega botle ba ba bitsañ leina ya gago.

15 Mi Morena a mo raea, Ea, gone eo ki seyana se ki se itseñketseñ go isa leina ya me ha pele ga bahaitene, le likhosi, le bana ba Yeserela;

16 Gone ki tla mo shupetsa bokai yoa lilo tse o tla bogisioañ ki cona, ka ntla ea leina ya me.

17 Mi Ananie a ea, a tsena mo tluñ; mi a maea atla tsa gague, a re, Mokauleñue Saulo, Yesu Morena, eo o gu ipontsitseñ mo tseleñ e, u lu ua tla ka eona, o ’nthomile, gore u be u bone, le go tlarioa ka Moea oa Boitsepho.

18 Mi lilo tse ri cuanañ yaka makape tsa akoha tsa oa li coa mo maitloñ a gague; mi a akoha a ba a bona, mi a ema a bapetisioa.

19 Mi ka a sina ya liyo, a thataharioa. Mi Saulo a na ka malatsi mañue le barutoa ba ba le ba le mo Damaseko.

20 Mi a akoha a rera Keresete mo masenagogeñ, ha e le ena Moroa Morimo.

21 Mi botle ba ba mo utluañ, ba gakhamala, ba re, A eo a ga si ena eo o la a senya bona ba ba bitsañ leina ye mo Yerusalema, mi a tlile monu ka mouo, gore a ba ise ba golegiloe kua baperisetiñ ba bagolu?

22 Mi Saulo a thataharioa bogolu bogolu, a henya Bayuda ba ba mo Damaseko, a ba shupetsa ha eo e le Keresete.

23 ¶ Mi ka malatsi mantsi a sina heta, Bayuda ba gakololana go molaea;

24 Mi talelo ea bona ea itsisioa go Saulo. Mi ba lebela likhoro, tsatsi le bosigo, gore ba molaee.

25 Eriha gona barutoa ba mo tsaeañ mo sigoñ, ba mo holosa ka serotu mo lorakoñ.

26 Mi ka Paulo a sina tla mo Yerusalema a leka go ikopanya le barutoa, mi ba moiha botle, ba sa rumele ha e le morutoa.

27 Mi ka Barenaba a mo tsaea, a mo isa go baapostoloi, mi a ba bulelela kaha o bonyeñ Morena ka gona mo tseleñ, mi ha a la a bua nae, le kaha a rerañ ka thanolo ka gona mo ineñ ya ga Yesu mo Damaseko.

28 Mi a na nabo go tsena le go coa mo Yerusalema.

29 Mi a bua ka thanolo mo ineñ ya ga Yesu Morena, a bua a ganela le Bagerika; mi ba, ba mo tloahaletse go molaea.

30 Mi ka bakauleñue ba tlaloganya mouo, ba mo lere go Kaisarea, mi ba mo isa kua Tareso.

31 Mi yalo liekelesia cotle mo Yuda yeotle, le Galilea, le Samaria, tsa na le kagisho; mi tsa okelerioa; mi tsa tsamaea mo poihoñ ea Morena, le mo khomocoñ ea Moea oa Boitsepho, mi tsa ntsihala.

32 ¶ Mi ga rihala ka Petero a ralala ntla cotle, le gona a tla go baitsephi ba ba agañ mo Lida.

33 Mi hoñ a bona monona moñue, eo o birioañ Ainea, eo o letseñ mo bolaoñ yoa gague ka nyaga li eit, mi a cueroe ki teteselo.

34 Mi Petero a mo raea, Ainea, Yesu Keresete oa gu horisa; tloga u eme, u ale bolao yoa gago. Mi a akoha a ema.

35 Mi botle ba ba agañ mo Lideñ le Sharona ba mona, mi ba boela Moreneñ.

36 ¶ Mi yana gabo gole morutoa oa sesari mo Yopa eo o birioañ Tabita, ki go re, Doreka mo phetoleloñ; eo o la a tletse tiho tse ri molemo, le likaco tse o ri rihañ.

37 Mi ga rihala ka motla ouo a bobola, mi a shua; eo erileñ ba sina mo tlapisa, ba mo latsa mo ntlunyaneñ ea gorimo.

38 Mi eare ka motse oa Lida o le gauhe le Yopa, mi ka barutoa ba utlua ha Petero a la a le mo go ona, ba romela banona ba tu go ena, ba rapela gore a si riege go tla go bona.

39 Mi Petero a ema, a ea nabo. Mi ka a tla, ba mo isa mo ntlunyaneñ ea gorimo; mi batlolagari botle ba ema nae ba lela, ba shupa mesese le liaparo tse li rihiloeñ ki Doreka, ka a le mo go bona.

40 Mi ka Petero a sina ba ntsa botle, a khubama, a rapela; mi ka a ithetololela setotoñ, a re, Tabita, tloga u eme. Mi a bula maitlo a gague; mi ka a bona Petero a rapamologa.

41 Mi a mo naea seatla, mi a mo kakatlolola, mi ka a sina bitsa baitsephi le batlolagari, a mo ba kaela a tserile.

42 Mi se sa itsioe mo Yopa otle; mi bontsi yoa rumela mo Moreneñ.

43 Mi ga rihala, a tlola malatsi mantsi mo Yopa, le Simone, moshugi oa matlalo.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan