Ditiro 21 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 21. 1 MI ga rihala ka re sina ikhaoganya nabo, ra ea, ra siamela Koso, le tsatsi ye leñue kua Roda, mi go coa hoñ, ra ea kua Patara; 2 Mi ka re bona shepa se se coañ Fenikia, ra tsena go shona, mi ra coelela. 3 Mi ka re sina bona Kupero, ra se heta mo atleñ sa molema, mi ra ea kua Siria, mi ra hitla Tsura; gone shepa se le se tla laololoa gona. 4 Mi ka re bona barutoa, ra tlola gone malatsi a seven; ba ba reileñ Paulo ka Moea gore a si ka a gata mo Yerusalema. 5 Mi go rihala re sina tlola malatsi auo, ra coa, mi ra coelela pele; mi botle ba re bulerisetsa kua ntle ga motse, ka basari le bana; mi ra khubama ha lintsiñ tsa leoatle, ra rapela. 6 Mi ka re sina rumerisanya, ra ea mo shepeñ; mi bona ba boela kua magaeñ a bona. 7 Mi erile re sina uetsa loeto lo lo coañ Tsura, ra hitla Petolemai, mi ka re sina rumerisa bakauleñue, ra tlola nabo tsatsi le leñue. 8 Mi eare ka mosho, rona ba re leñ shomo ya ga Paulo ra coa gona, mi ra hitla Kaisarea; mi ra tsena mo tluñ ea ga Filipo oa moevangeli, eo e le le moñue oa ba seven, mi ra tlola nae. 9 Mi yana eo, a na le bomoroarie ba for, makharebe, a a bulelañ tihahalo. 10 ¶ Mi ka re tlola malatsi mantsi gona, ga tla moperofeti moñue a coa mo Yuda, eo o birioañ Agabu. 11 Mi a tla go rona, a tsaea moitlamo oa ga Paulo, mi a ikholega liatla le linao, a re, Moea oa Boitsepho oa re yalo, Bayuda ba Yerusalema ba tla golega yalo monona eo moitlamo o e leñ oa gague, mi ba tla mo nela mo atleñ tsa bahaitene. 12 Mi ka re sina utlua lilo tse, ra mo rapela le ba helo hoñ, gore a si ee kua Yerusalema. 13 Mi Paulo a araba, Lo rihañ ka lo lela le go thuba pelu ea me? gone ki iketleleritse esiñ go golegoa gosi, mi le gona go shuela leina ya ga Yesu Morena mo Yerusalema. 14 Mi erile a gana go gakololoa, ra khutla, ra re, A go rihale thato ea Morena. 15 Mi morago ga malatsi aouo, ra iketletsa, mi ra ea kua Yerusalema. 16 Mi ga ea le rona bañue ba barutoa ba Kaisarea, mi ba ea le moñue eo o birioañ Nasone oa Kupero, morutoa oa mocohe, eboñ eo re tla nañ mo tluñ ea gague. 17 Mi eare re hitla Yerusalema bakauleñue ba re cula ka boitumelo. 18 Mi ka motla o moñue, Paulo a ea le rona go Yakobo; mi bagolu botle ba bo ba le gona. 19 Mi ka a sina ba rumerisa, a ba bulelela ka thulaganyocotle tse Morimo o li rihileñ ka tihelo ea gague mo bahaiteniñ. 20 Mi ka ba utlua yalo, ba galaletsa Morena, mi ba mo raea, Ua bona, mokauleñue, bokai yoa bathousanda ba Bayuda ba ba rumelañ; mi botle ki batloahaleri ba molao. 21 Mi ba bulelecoe ga gago, ha u ruta Bayuda botle ba ba mo bahaiteniñ, gore ba tenoe ki Moshe, u re, ba si ise banyana boguera, le esiñ go tsamaea yaka mekhua ea molao. 22 Ana go rihoeñ? Bontsi bo cuanetse go tla mogo; gone bo tla utlua ha u tlile. 23 Ki gona, riha se re se gu raeañ: Re na le banona ba for ba ba ikaneñ; 24 Ba tsee, mi u itsephe nabo, mi u lehe nabo, gore ba ipeole litlogo, gore botle ba itse, ha go si sepe sa tse ba li bulelecoeñ tsa gago; mi ha le uena u tsamaea ka thulaganyo, u buluka molao. 25 Mi re kuarile kaga bahaitene ba ba rumelañ, ra khutla ha ba si kitla ba buluka tse lintseñ yalo, ha e si go ipuluka mo liloñ tse ri shupeloañ merimo ea liseto, le mo mariñ, le mo go tse ri betoañ, le mo khokahaloñ. 26 Eriha gona Paulo o tsaeañ banona, mi a iitsephisa le bona ka tsatsi le leñue, mi a tsena mo tempeleñ, a shupa ha malatsi a boitsephisho a rihaharicoe, a na gona ga tla ga tsamaea cupelo ea shupeloa moñue le moñue oa bona. 27 Mi erile malatsi a seven a batlile go heta, Bayuda ba Asia ba mona mo tempeleñ, ba tlotleletsa bathu botle, mi ba latsa liatla go ena, 28 Mi ba bitsa, Lona banona ba Yeserela, tlañ lo thuse: Eo ki ena monona eo o rutañ ntla cotle go nyatsa bathu, le molao, le helo ha; mi bogolu go tse, o lerile le Bagerika mo tempeleñ, mi o itsekolotse helo ha ga boitsepho. 29 (Gone erile pele ba bona Terofimo oa Moefesia nae mo motseñ, eo ba itlomañ Paulo a mo isitse mo tempeleñ.) 30 Mi motse otle oa na mo khuruegoñ, mi bathu ba tabogela mogo; mi ba cuara Paulo, mi ba mo gogela kua ntle ga tempela; mi yalo meyako ea kopeloa ka bonako. 31 Mi ka ba batla go molaea, ga tla pulelo go mogolu oa leshumo ya batlabani, ha Yerusalema otle o le mo tlakanyoñ; 32 Eo o akohañ a tsaea batlabani le basenturi, mi ba tabogela tlatse go bona; mi ka ba bona eo mogolu le batlabani ba khutla go betsa Paulo. 33 Mi eo mogolu a atamela a mo cula, mi a laola gore a golegoe ka liketen li tu; mi a botsa gore ki mañ, le se o se rihileñ? 34 Mi bañue ba bontsi ba bitsa señue, mi ba bañue se sele; mi erile ka a sa kake a itse tlomamo ka ntla ea khuruego, a laola go mo isa mo kagoñ ea batlabani. 35 Mi ka a hitla mo bopalamoñ, ga rihala a belegoa ki batlabani, ka ntla ea pitlagano ea bathu; 36 Gone bontsi yoa bathu bo sala morago, bo bitsa, Mo tlose. 37 Mi yana ka Paulo a tla isioa mo kagoñ ea batlabani, a raea eo mogolu, A ki taolo go ’na go bua nau? Mi a re, A u itse Segerika? 38 A ga u Moegepeto eo, eo o la a riha khuruo pele ga metla enu, mi ua gogela babolai ba for thousanda kua gareganaga? 39 Mi Paulo a re, Ki monona oa Moyuda, oa Tareso, motse oa Kilikia, moagi oa motse o o sa nyatsegeñ; mi kia gu rapela, ’nteseletsa go bua le bathu ba. 40 Mi ka a sina mo leseletsa, Paulo a ema mo bopalamoñ, a goetla bathu ka seatla. Mi ka go sina na tirimalo e kholu, a bua nabo ka puo ea Seheberu, a re, |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society