Ditiro 14 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 14. 1 MI ga rihala mo Ikonio, ka ba tsena mogo mo senagogeñ sa Bayuda, mi yalo ba bua ga tsamaea bontsi yo bogolu yoa Bayuda le Bagerika ba rumela. 2 Mi Bayuda ba ba le ba sa rumele, ba tlotleletsa bahaitene, ba shulatsa lipelu tsa bona kaga bakauleñue. 3 Mi yalo ba tlola gona ka motla o molele, ba bua ka thanolo mo Moreneñ, eo o nelañ lehuku ya tsegohaco ea gague cupo, mi a naea gore licupo le rikhakhamaco li rihoe ka atla tsa bona. 4 Mi bontsi yoa motse yoa khaogañoa; mi bañue ba na le Bayuda, mi ba bañue le baapostoloi. 5 Mi erile go rihala tlaselo ea bahaitene le ea bona Bayuda le balaori ba bona, go ba rihela mashue, le go ba khobotletsa ka maye, 6 Ba sina gakologeloa cotle, ba tsabela Lusetera, le Derebe, ki metse ea Lukaonia, le mo lithokoñ tsa eona; 7 Mi ba rera evangelio gona. 8 ¶ Mi ga bo go rutse monona mo Lusetera, a tlotsa mo linaoñ tsa gague, a tlotsitse le mo sebopeloñ sa ga mague, eo e siñ a ke a tsamaee gope; 9 Eo, a utlua Paulo a bua; eo a mo leba thata, a lemoga ha a na le tumelo go horisioa, 10 A re ka koru e kholu, Ema, u siame ka nao tsa gago. Mi a nanoga ka bonako, a tsamaea. 11 Mi ka bontsintsi bo bona se Paulo o se rihileñ, yoa culetsa koru tsa yona, yoa re, mo puoñ ea Lukaonia, Merimo e hologetse go rona mo licuanoñ tsa bathu. 12 Mi ba bitsa Barenaba ka leina ya Yupita; mi Paulo, Merekurio, gone e le le mui eo mogolu. 13 Mi moperiseti oa ga Yupita eo o a la le ha pele ga motse oa bona, o rile a sina lere likhomu, le mekhabo ea lisheshe ha khoroñ tse ri kua ntle, ba rata go shupela cupelo le bontsintsi. 14 Mi baapostoloi Barenaba le Paulo, ka ba utlua yalo, ba gagola liaparo tsa bona, ba tabogela mo bontsiñ, ba bitsa, 15 Ba re, Banona, ana lo rihelañ lilo tseuo? Re bathu ba re nañ le maikutlo a a cuanañ le a lona, mi re lo rerela gore lo ipose mo liloñ tse tsa boithamako go ea go Morimoñ o o tserileñ, o o rihileñ legorimo le lehatse, le leoatle, le cotle tse ri mo go eona; 16 O o leseleritseñ bahaitene botle go tsamaea mo tseleñ tsa bona, mo metleñ e e hetileñ. 17 Leha gontse yalo ga oa ka oa itesa o sina cupo, ka o rihile molemo, go re naea pula e coa mo legorimoñ, le metla ea mauñuo, go tlatsa pelu tsa lona ka liyo le boitumelo. 18 Mi e le le pitlaganyo go bona go thiba bontsintsi ka mahuku auo gore bo si ba shupele licupelo. 19 ¶ Mi gabo go tla Bayuda ba ba coañ Antioka, le Ikonio, ba gakolola bontsintsi; mi ka ba sina khobotletsa Paulo ka maye, ba mo khokhothisetsa ntle ga motse, ba itloma a shule. 20 Mi erile ka barutoa ba sina mo rikanyeletsa, a nanoga a tsena mo motseñ; mi eare ka mosho a coa le Barenaba mi ba ea kua Derebe. 21 ¶ Mi ka ba sina rerela motse o evangelio, mi ba riha barutoa bantsi, ba boela kua Lusetera, le Ikonio, le Antioka, 22 Ba tlomamisa meoea ea barutoa, ba ba kaela gore ba ne mo tumeloñ, mi ha re tla tsena mo bogosiñ yoa Morimo ka pogisho li lintsi. 23 Mi ka ba sina itseñkela bagolu ka go ntsa liatla mo ekelesieñ ñue le ñue, ba rapela ka go bisa go ya, ba ba kaelela Moreneñ eo ba rumelañ mo go ena. 24 Mi ka ba sina ralala Pisidia, ba hitla Pamfilia. 25 Mi ka ba sina rera lehuku mo Perege, ba ea kua Atalia; 26 Mi ba coa hoñ, ba ea kua Antioka ka shepa, kua ba kaelecoeñ tsegohaco ea Morimo gona, mo tihoñ e, ba e rihaharitseñ. 27 Mi ka ba sina hitla, ba phutha ekelesia mogo, ba bulela bokai yoa lilo tse ri kholu tse Morimo o ri rihileñ nabo, le kaha o buletseñ bahaitene moyako oa tumelo. 28 Mi ba na gona ka motla o molele le barutoa. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society