Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Daniele 1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 1.

1 NEBUKADENETSARE khosi ea Babelona a hitla Yerusalema, a o tlasela, ka ñuaga oa bo‐teri oa pusho ea ga Yehoyakime khosi ea Yuda.

2 Mi Morena a tsenya Yehoyakime khosi ea Yuda mo atleñ sa gague, le lilo tse riñue tsa ntlu ea Morimo: mi a li isa kua hatsiñ ya Shinara, mo tluñ ea morimo oa gague; mi a tsenya lilo tseuo mo tluñ ea lohumo ea ntlu ea morimo oa gague.

3 ¶ Mi khosi ea bua le Ashepenase mogolu oa likala tsa eona, gore a lere bañue ba bana ba Yeserela, le ba losika loa bogosi, le ba likhosana;

4 Eboñ makau a a sinañ bokoa, a a maiñtle go leyoa, a na le tlaloganyo ea botlale yotle, le go itse botlale, le go itse kico, le a a nonohileñ go ema mo palisoñ ea khosi, a a ka rutoañ lokualo le puo ea Bakaledia.

5 Mi khosi ea a laolela kabelo ea liyo tsa khosi ka tsatsi le tsatsi, le ga boyaloa yo e bo noañ; go a gorisa ka nyaga li teri, gore a eme ha pele ga khosi bokhutloñ yoa cona.

6 Mi Daniele, le Hananie, le Mishaele, le Asarie, e le le ba bona ba bana ba Yuda.

7 Mi mogolu oa likala a ba sha maina: mi a sha Daniele leina ya Beleteshatsare; le Hananie, ya Shaderake; le Mishaele, ya Meshake; le Asarie, ya Abede‐negoe.

8 ¶ Mi Daniele a ikaelela mo peluñ ea gague ha a si kitla a iitsekolola ka kabelo ea liyo tsa khosi, le esiñ ka boyaloa yo e bo noañ: ki gona o lopañ mogolu oa likala gore a si iitsekolole.

9 Mi Morimo oa naea Daniele pelunomi le mautluelo botluku ha pele ga mogolu oa likala.

10 Mi mogolu oa likala a raea Daniele, Kia boiha khosi morena oa me, e e lo laoletseñ liyo le noo: gone e ko e bonelañ lihatlogo tsa lona li tlonya bogolu go makau a mophato oa lona? yalo lo ko lo latuhatsa tlogo ea me khosiñ.

11 Ereha gone Daniele o raeañ Meletsare, eo mogolu oa likala o mo laorisetseñ Daniele, le Hananie, le Mishaele, le Asarie, a re,

12 A ko u leke batlañka benu, ka malatsi a ten; mi a ba re nee merogo go e ya, le metse go a noa.

13 Ereha gona a ponalo tsa rona li bonoe ha pele ga gago, le ponalo ea makau a a yeleñ kabelo ea liyo tsa khosi: mi u rihe le batlañka benu kaha u tla bonañ ka gona.

14 Mi a ba utlua mo seoñ se, a ba leka ka malatsi a ten.

15 Mi malatsi a ten a sina heta, liponalo tsa bona tsa bonoa li liñtle, le nonno mo nameñ bogolu go makau aotle a a yeleñ kabelo ea liyo tsa khosi.

16 Yalo Meletsare a tlosa kabelo ea liyo tsa bona, le boyaloa yo ba ko ba bo noa; mi a ba naea merogo.

17 ¶ Mi Morimo oa naea makau a for a, kico le tlaloganyo mo lokualoñ lotle le botlale: mi oa naea Daniele tlaloganyo ea lipontsisho le litoro cotle.

18 Mi malatsi a sina heta a, khosi e le ea re ba lerioe ka aona, mogolu oa likala a ba isa ha pele ga Nebukadenetsare.

19 Mi khosi ea bua nabo; mi gole go si ka ga bonoa ope mo botleñ yaka Daniele, le Hananie, le Mishaele, le Asarie: mi ba ema ha pele ga khosi.

20 Mi kaga lilo cotle tsa botlale le tlaloganyo, tse khosi e li ba boletsañ, ea ba bona ba sita ga ten liñaka le balepi ba linaleri botle ba ba mo bogosiñ yoa eona.

21 Mi Daniele a nna le go ea ñuageñ oa ntla oa Korese khosi.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan