Basiamisi 6 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 6. 1 MI bana ba Yeserele ba shulatsa mo maitloñ a ga Yehova; mi Yehova a ba tsenya mo atleñ tsa ga Bamidiana ka nyaga li seven. 2 Mi atla tsa ga Bamidiana tsa thatahalela Bayeserela: mi bana ba Yeserele ba itihela likhaga tse ri mo lithabeñ, le meñobo, le thata tsa mahika kaga Bamidiana. 3 Mi ga rihala ka Bayeserela ba yala, Bamidiana ba tla, le Baamaleka, le bathu ba Iseta, le bona ba ba bololela; 4 Mi ba ba tlaolelela, ba senya totahalo ea ombu, le kua Gasa, mi ba si ka ba lesetsa Bayeserela se se tserisañ, le esiñ sehutsane, le esiñ khomu, khotsa esela. 5 Gone ba bolola le likhomu tsa bona le litenta tsa bona; ba le ba tla yaka tsie ka bontsi; gone bona, le likamela tsa bona li sina palo: mi ba tsena mo hatsiñ go le senya. 6 Mi Bayeserela ba humanegisioa ka eintla ea Bamidiana; mi bana ba Yeserele ba khayayegela go Yehova. 7 ¶ Mi ga rihala ka bana ba Yeserele ba khayayegela go Yehova ka eintla ea Bamidiana, 8 Yehova a romela bana ba Yeserele moperofeti, eo o ba raeañ, Go bua yalo Yehova Morimo oa Bayeserela, ki le ka lo entsa mo hatsiñ ya Egepeto, ka lo coisa mo tluñ ea botlañka; 9 Mi ka lo golola mo atleñ tsa Baegepeto, le mo atleñ tsa botle ba ba lo patikileñ, ka ba leleka ha pele ga lona, ka lo naea hatsi ya bona; 10 Mi ka lo raea, Ki Yehova Morimo oa lona; si boiheñ merimo ea Baamora, ba hatsi ya bona lo nntseñ go yeona: mi ga loa akela koru ea me. 11 ¶ Mi ga tla moengela oa Yehova, mi a lula tlatse ga moterebenta o o mo Ofera, oa Yoashe oa Moabi‐esera: mi Gideone moroaue a phota mabele ha khatishoñ ea boyaloa, go a shubela Bamidiana. 12 Mi moengela oa Yehova a iponatsa go ena, a mo raea, Yehova o na nau, uena, monona oa bonatla. 13 Mi Gideone a mo raea, Au! Morena oa me, ha Yehova a na le rona, cotle tse li re rihaletseñ? mi tse ri gakhamatsañ tsa gague cotle li ha kae, tse bo‐rra ecu ba li re buleletseñ, ba re, A Yehova ga a ka a re entsa Egepeto? mi yana Yehova o re tlogetse o re tsentse mo atleñ tsa Bamidiana. 14 Mi Yehova a retologela go ena, mi a re, Ea ka nonoho e ea gago, mi u tla golola Bayeserela mo atleñ tsa Bamidiana: a ga kia gu roma. 15 Mi a mo raea, Au! Morena oa me, ki tla golola Bayeserela kañ? Bona, sika loa me loa bolala mo Bamanaseñ, mi ki oa motlana oa ba eintlu ea ga rre. 16 Mi Yehova a mo raea, Rure ki tla na nau, mi u tla khemetha Bamidiana yaka monona a le moñue. 17 Mi a mo raea, Mi yana, ha ki bonye tsalano mo maitloñ a gago, ’mpontsa seshupo ha e le uena eo u buañ le ’na. 18 A ko u si tloge ha, e tsamaee ki tle go uena, ki entse neo ea me, ki e baea ha pele ga gago. Mi a re, Ki tla nna e tsamaea u ba u tla. 19 ¶ Mi Gideone a ea a bakanya potsane, le tse ri sa berisioañ ka efa ea bupi: a tsenya nama mo serotuñ, mi a tsenya moro mo pitseñ, a li isa go ena, kua tlatse ga moterebenta, a li baea gona. 20 Mi moengela oa Yehova a mo raea, Tsaea nama le tse ri sa berisioañ, li bee ha hikeñ ye, mi thela moro. Mi a riha yalo. 21 Mi moengela oa Yehova a entsa eintla ea tsama e e le le mo atleñ sa gague, a ama nama le tse ri sa berisioañ, mi ga coa molelo mo hiken, o nyeletsa nama le tse ri sa berisioañ. Ereha gona moengela o tlogañ mo maitloñ a gague. 22 Mi Gideone a bona ha e le le moengela oa ga Yehova, mi Gideone a re, Au! Yehova Morena; ka gone ki bonye moengela oa Yehova ka teba-gano ea lihatlogo. 23 Mi Yehova a mo raea, Kagisho e ne nau; u si boihe: ga u kitla u shua. 24 ¶ Mi Gideone a agela Yehova aletara gona, mi a e sha leina ya Yehova‐shaloma: e sa le kua Ofera oa Baabi‐esera le ka yenu. 25 Mi ga rihala ka sigo youo, Yehova a mo raea, Tsaea poana ea rago, le poana ea bo‐tu ea nyaga li seven, mi rutla aletara ea Baale e e leñ ea rago, mi rema sekhuana se se ha go eona. 26 Mi agela Yehova Morimo oa gago aletara ha gorimo ga thata e ka thulaganyo, mi tsaea poana ea botu, u e hise cupelo ea phisho le likhoñ tsa sekhuana se u tla se remañ. 27 Ereha gona Gideone o tsaeañ banona ba le ten ba batlañka ba gague, mi a riha yaka Yehova a mo reile: mi ga rihala ka a boiha ba eintlu ea rague, le banona ba motse, a si ka a riha yalo ka motsegare, a riha ka bosigo. 28 ¶ Mi ka banona ba motse ba phakela, bonañ, aletara ea Baale e rutlegile, le sekhuana se se le se le ha go eona se remiloe, mi poana ea bo‐tu e hisicoe ha aletareñ e e agiloeñ. 29 Mi ba rana, E mañ eo o rihileñ seo se? Mi erile ba tlotlomisa, ba botsa, ba re, Gideone moroa Yoashe o rihile seo se. 30 Ereha gona banona ba motse ba raeañ Yoashe, Entsa moroau gore a shue: gone o rutlile aletara ea Baale, le gona gone o remile sekhuana se se le se le ha go eona. 31 Mi Yoashe a raea botle ba ba emeñ nae, A lo tla ganelela Baale? a lo tla mo golola? Eo o tla mo ganelelañ, a a bolaoe mo moshoñ onu: ha e le morimo, a o ikhanelele, gone aletara ea gague e rutliloe. 32 Ki gona o mitsañ Yerubaale ka tsatsi yeuo, a re, A Baale a ganele nae, gone o rutlile aletara ea gague. 33 ¶ Ereha gona Bamidiana le Baamaleka botle, le bathu ba Iseta ba phuthegañ mogo, mi ba khabaganya, ba tlaolela mo mogorogoroñ oa Yisereëla. 34 Mi Moea oa Yehova oa na go Gideone, mi a letsa terompeta, mi Baabi‐esera ba bilerioa morago ga gague. 35 Mi a romela kua hatsiñ yeotle ya Manasa baroñoi; le bona ba bilerioa morago ga gague: mi a romela Baashera, le Basebulona, le Banafetala baroñoi; mi ba bolola go ba khatlanetsa. 36 ¶ Mi Gideone a raea Morimo, Ha u tla golola Bayeserela ka atla sa me, yaka u buile, 37 Bona, ki tla baea sesetlo sa boboea yoa eñku mo sebopiñ: mi ha monyo o mo sesetloñ shosi, mi komelelo e na mo ombuñ otle, ereha gona ki tla itseñ ha u tla golola Bayeserela ka atla sa me, yaka u buile. 38 Mi ga na yalo: gone a phakela, mi a gamola sesetlo, a shoka monyo mo sesetloñ, mogocana oa tlala metse. 39 Mi Gideone a raea Morimo, A bogale yoa gago bo si ’ntukele, ki tla hela ki bua ye ya bohelo: kia gu rapela, ’ma ki leke ka sesetlo ka lo losi; a komelelo e ne mo sesetloñ shosi, mi a monyo o ne mo ombuñ otle. 40 Mi Morimo oa riha yalo ka sigo youo: gone komelelo e le le mo sesetloñ shosi, mi monyo o lo o le mo ombuñ otle. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society