Basiamisi 3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 3. 1 MI e ki eona merahe e Yehova o la a e lesetsa, go leka Bayeserela ka eona, eboñ botle ba ba sa itseñ tlabano epe tsa Kanana; 2 Le gona gore kokomana tsa bana ba Yeserele li itse tlabano, eboñ cona tse ri li sa e itse pele. 3 Likhosana tsa Bafiliseta li faeve, le Bakanana botle, le Batsidona, le Baheva, ba ba nntseñ mo thabeñ tsa Lebanona, go simolola ka thaba ea Baala‐heremona le kua botsenoñ yoa Hamata. 4 Bauo e le le go leka Bayeserela ka bona, gore go itsioe ha ba tla retsa taolo tsa ga Yehova, tse o la a li laolela bo‐rabo ka Moshe. 5 ¶ Mi bana ba Yeserele ba nna mo Bakananeñ, le mo Baheteñ, le mo Baamoreñ, le mo Bapereseñ, le mo Bayebuseñ. 6 Mi ba itsela bomoroaria bona go na basari, mi ba naea bomoroaria bona bomoroa bona, mi ba rihela merimo ea bona. 7 Mi bana ba Yeserele ba shulatsa mo maitloñ a ga Yehova, ba lebala Yehova Morimo oa bona, mi ba rihela Bobaala le Boashetarota. 8 Ereha gona bogale yoa ga Yehova bo tukelañ Bayeserela, mi a ba bapatsa mo atleñ sa Kushana‐rishataime khosi ea Mesopotamia: mi bana ba Yeserele ba rihela Kushana‐rishataime ka nyaga li eit. 9 Mi bana ba Yeserele ba khayayegela go Yehova, mi Yehova a cosetsa bana ba Yeserele mogolori, eo o la a ba golola, eboñ Oteniele moroa Kenase, monna oa Kalebe. 10 Mi Moea oa Yehova o lo o le go ena, mi a siamisa Bayeserela, mi a bololela kua tlabanoñ: mi Yehova a tsenya Kushana‐rishataime khosi ea Mesopotamia mo atleñ sa gague; mi atla sa gague se le se le thata go Kushana‐rishataime. 11 Mi lehatsi ya na le iketlo ka nyaga li forte. Mi Oteniele moroa Kenase a shua. 12 ¶ Mi bana ba Yeserele ba hela ba shulatsa mo maitloñ a ga Yehova: mi Yehova a thatahaletsa Bayeserela Egelone khosi ea Moaba, ka ba le ba shulatsa mo maitloñ a ga Yehova. 13 Mi a iphuthela Baamona le Baamaleka, mi a bolola a khemetha Bayeserela, mi ba rua motse oa mekolane. 14 Mi bana ba Yeserele ba rihela Egelone khosi ea Bamoaba ka nyaga li eiten. 15 Mi bana ba Yeserele ba khayayegela go Yehova, mi Yehova a ba cosetsa mogolori, eboñ Ehude moroa Gere moroa Yemine, monona eo la le molema: mi bana ba Yeserele ba isa go Egelone khosi ea Moaba neo ka ena. 16 Mi Ehude a itihela caka ea ma-yetla a tu, ea bolele yoa kubeta; mi a e cuala kaha seropeñ sa gague se se siameñ ha tlatse ga aparo tsa gague. 17 Mi a isetsa Egelone khosi ea Moaba neo: mi Egelone e le le monona eo o nonneñ bobe. 18 Mi erile a sina uetsa go mo naea neo, a bosa bathu ba ba le ba belege neo. 19 Mi ena ka esi a boea kua licuancoñ tse ri setiloeñ tse ri kua Gilegala, mi a re, Khosi ki uena, ki na le señue sa bosaitsioeñ go uena, mi ea re, Ririmala. Mi botle ba ba emeñ naeo ba coa go eona. 20 Mi Ehude a ea go eona: mi ea bo e rutse mo tluñ ea gorimo ea selemo e e le na naeo ka eosi. Mi Ehude a re, Ki na le huku ya Morimo go uena. Mi ea nanoga mo seruloñ sa eona. 21 Mi Ehude a entsa atla sa molema sa gague, a tsaea caka mo ropeñ sa gague se se siameñ, a e shuatla empa ea eona. 22 Mi moheñ le ona oa tsena le caka; mi mahura a moha caka, gone a si ka a shumola caka empeñ ea eona, mi ga coa bote. 23 Ereha gona Ehude o coañ ka khoro e e kua pele, a mo cualela meyako ea eintlu ea gorimo, a e kopela. 24 Erile a sina ea, batlañka ba eona ba tla; mi ba leba, mi bonañ, meyako ea eintlu ea gorimo e kopecoe, mi ba re, Rure e bipile nao tsa eona mo tluñ ea kua teñ. 25 Mi ba leta ea tsamaea ba tlayoa ki litloñ: mi bonañ, e si ka ea bula meyako ea eintlu ea gorimo; ereha gona ba tsaeañ sekopelo, ba e kopolola: mi bonañ, morena oa bona a oetse ha hatsi, a shule. 26 Mi Ehude a phela ka ba le ba riega: mi a heta licuanco tse ri setiloeñ, mi a phelela Seirata. 27 Mi ga rihala ka a tla, a letsa terompeta mo thabeñ tsa Eferaima, mi bana ba Yeserele ba hologa nae mo lithabeñ, le ena ha pele ga bona. 28 Mi a ba raea, ’Ntatelañ: gone Yehova o tsentse Bamoaba baba ba lona mo atleñ tsa lona. Mi ba hologa nae, mi ba kaba matsibogo a Yoredane eintleñ ea Moaba, mi ba si ka ba lesa ope go khabaganya. 29 Mi ba khemetha banona ba Moaba ekane e le ba ten thousanda, ba matlaba botle, banona ba bonatla, mi go si ka ga phela monona ope. 30 Mi Bamoaba ba katiserioa mo taoloñ ea Bayeserela ka tsatsi yeuo. Mi lehatsi ya iketla ka nyaga li eite. 31 Mi morago ga gague ea na Shamegare moroa Anate, eo o la a khemetha banona ba sekes hundereda ba Bafiliseta ka tsama ea khomu: mi le ena a golola Bayeserela. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society