Basiamisi 18 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 18. 1 GABO go sina khosi mo Bayeserelen mo metleñ euo: mi loco loa Dane loa batla boshua ka metla euo, go nna go yona; gone boshua yoa lona yotle bo le bo e si bo coele go lona le go motleñ ouo, mo licoñ tsa Bayeserela. 2 Mi bana ba Dane ba roma ga loco loa bona banona ba faeve ba bonatla, ba meleloane ea bona, ba Tsora, le ba Eshetaola, go tlola lehatsi, le go le tlotlomisa; mi ba ba raea, Eañ, tlotlomisañ lehatsi. Mi ba hitla kua thabeñ tsa Eferaima, le kua tluñ ea Mike, mi ba tlola bosigo gona. 3 Mi ka ba le ha tluñ ea Mike, ba itse koru ea lekau ya Moleva; mi ba hapogela gona, ba le raea, U leriloe e mañ monu? mi u rihañ monu? mi u na le eñ monu? 4 Mi ya ba raea, Mike o ’ntihetse yalo le yalo, o ’ntaleritse, mi ki moperiseti oa gague. 5 Mi ba le raea, A ko u lope khakololo mo Morimoñ, gore re itse ha tsela e re eañ ka eona e tla tsegahala. 6 Mi moperiseti a ba raea, Eañ ka kagisho: tsela e lo eañ ka eona e ha pele ga Yehova. 7 ¶ Ereha gona banona ba faeve ba, ba eañ ba hitla Laisha, mi ba bona bathu ba ba go ona, ba nntse thagamo, yaka mokhua oa Batsidona, ba iketlile le thagamo; mi gabo go si sina mo-thibi mo hatsiñ, eo o ko a tlabisa señue litloñ; mi ba bo ba le khakala le Batsidona, mi ba bo ba sina tihalano le ope. 8 Mi ba hitla baneñ ba rabo kua Tsora le Eshetaola: mi bana ba rabo ba ba raea, Loa reñ? 9 Mi ba re, Nanogañ, mi re ba bololeleñ, gone re bonye lehatsi, mi bonañ, le molemolemo; a lo tla ririmala? si buruhaleñ go bolola, go ea go hitla, le go rua lehatsi yeuo. 10 Mogañ lo hitlañ gona, lo tla hitla go bathuñ ba ba thagameñ, mi hatsi yeuo le atlame: gone Morimo o le lo tsentse mo liatleñ; ki helo ha go sinañ botloko yoa señue se se mo lehatsiñ. 11 ¶ Mi ga tloga gona banona ba sekes hundereda ba tlometse libolao, ba sika loa Badana, eboñ ba Tsora le ba Eshetaola. 12 Mi ba bolola ba tlaolela kua Kireyata‐yeraima, kua Yuda: ki gona ba bitsañ helo hoñ Mahanedana le ka yenu: bonañ, o kua morago ga Kireyata‐yearima. 13 Mi ba coa gona ba khabaganyetsa kua thabeñ tsa Eferaima, mi ba hitla go tluñ ea Mike. 14 Ereha gona go buañ banona ba faeve ba ba le ba ea go tlola hatsi ya Laisha, mi ba raea bana ba rabo, A loa itse ha efoda e mo matluñ ua, le literafa le secuanco se se setiloeñ se se thecoeñ? mi ki gona gopolañ se lo ka se rihañ. 15 Mi ba hapogela gona ba hitla go tluñ ea lekau ya Moleva, eboñ eintlu ea Mike, mi ba le rumerisa. 16 Mi banona ba sekes hundereda ba bana ba Dane ba ba tlometseñ libolao tsa bona, ba ema ha moyakoñ oa khoro. 17 Mi banona ba faeve ba ba le ba ea go tlola lehatsi, ba ea, ba tsena gona, ba tsaea secuanco se se setiloeñ se se thecoeñ, le efoda, le literafa: mi moperiseti a bo a eme ha moyakoñ oa khoro le banona ba sekes hundereda, ba ba tlometseñ libolao. 18 Mi banona ba, ba tsena mo tluñ ea Mike, mi ba tsaea secuanco se se setiloeñ se se thecoeñ, le efoda, le literafa. Mi moperiseti a ba raea, Lo rihañ? 19 Mi ba mo raea, Ririmala; u bee atla sa gago ha molomoñ oa gago, mi u ee le rona, mi u ne rara le moperiseti oa rona: a goa gu lemohalela go na moperiseti oa eintlu ea monona a le moñue, khotsa go na moperiseti oa loco le losika loa Bayeserela? 20 Mi pelu ea moperiseti ea nateha, mi a tsaea efoda, le literafa, le secuanco se se setiloeñ, mi a ea le bathu ba. 21 Mi ba menoga, ba ea, ba baea banyana, le likhomu, le tse ri rategañ ha pele ga bona. 22 ¶ Mi erile ba le khakala le eintlu ea Mike, ga bilerioa mogo banona ba ba mo matluñ a a ha tluñ ea Mike, mi ba hitlela bana ba Dane. 23 Mi ba biletsa go bana ba Dane, Mi ba retolola hatlogo tsa bona, ba raea Mike, Go rihetseñ nau? ka lo bilericoe mogo. 24 Mi a re, Lo tlositse merimo ea me e ki e rihileñ, le moperiseti, mi lo tlogile: mi yana ki na le eñ se se setseñ? mi eñ se lo se buañ le ’na, lo re, Go rihetseñ nau? 25 Mi bana ba Dane ba mo raea, A koru ea gago e si utluale go rona, gore e si re khotsa banona ba bogalaka ba gu oela, mi ua latlegeloa ki botselo yoa gago, le matselo a ba eintlu ea gago. 26 Mi bana ba Dane ba ea mo tseleñ ea bona: mi ka Mike a bona ha ba le thata bogolu go ena, a menoga a boela kua tluñ ea gague. 27 Mi ba tsaea tse Mike o la a li riha, le moperiseti eo o la a na nae, mi ba tla go Laisha, go bathuñ ba ba iketlileñ, ba thagamo, mi ba ba khemetha ka boyetla yoa caka, ba cuba motse ka molelo. 28 Mi gole go sina mogolori, gone ba bo ba le khakala le Tsidona, mi ba bo ba sina tihalano le ope; mi ba bo ba le mo mogorogoroñ o o ha Beta‐rehoba. Mi ba aga motse ba nna go ona. 29 Mi ba bitsa leina ya motse Dana, kaha ineñ ya Dane rabo, eo o la a tsaleloa Yeserele: mi leina ya motse e le le Laisha pele. 30 ¶ Mi bana ba Dane ba ikemisetsa secuanco se se setiloeñ: mi Yonatane moroa Gereshone, moroa Manase, eo le bana ba gague e le le baperiseti ba loco loa Dane go ea motleñ oa bocuaro yoa lehatsi. 31 Mi ba ikemisetsa secuanco se se setiloeñ sa Mike, se o la a se riha, mo malatsiñ aotle a, eintlu ea Morimo e le le kua Shilo ka aona. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society