Basiamisi 13 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 13. 1 MI bana ba Yeserele ba hela ba shulatsa ha pele ga maitlo a ga Yehova: mi Yehova a ba tsenya mo atleñ tsa Bafiliseta ka nyaga li forte. 2 ¶ Me gabo gole monona a le moñue oa Tsora, oa sika loa Badana, mi leina ya gague e le le Manoe; mi mosari oa gague o la le moöpa, a sa belege. 3 Mi moengela oa Yehova a iponatsa go mosariñ eo, mi a mo raea, Bona, yana, u moöpa, ga u belege: mi u tla ithuala u bona mosimane. 4 Mi yana a ko u itise, mi u si noe boyaloa yoa movina, le esiñ boyaloa yo bo thata, mi u si ye sepe se se itsekologileñ. 5 Gone, bona, u tla ithuala, mi u tla bona mosimane; mi a logare lo si ne ha tlogoñ ea gague: gone ñuana eo, o tla na Monasara oa Morimo, le mo empeñ: mi o tla simolola go golola Bayeserela mo atleñ tsa Bafiliseta. 6 ¶ Ereha gona mosari o eañ a bulelela monona oa gague, a re, Go tlile monona oa Morimo go ’na, eo ponalo ea gague e le e cuana le hatlogo sa moengela oa Morimo, se se boitsegañ bogolu; mi ga kia ka ka botsa kua o coañ, mi le gona ga a ka a ’mpulelela leina ya gague: 7 Mi a ’nthaea, Bona, u tla ithuala, u bona mosimane; mi yana u si noe boyaloa yoa movina, le esiñ boyaloa yo bo thata, le esiñ go ya se se itsekologileñ: gona ñuana eo, o tla na Monasara oa Morimo le mo empeñ le go ea kua motsiñ oa loshu loa gague. 8 ¶ Ereha gona Manoe o rapelañ Yehova, mi a re, Morena oa me, a monona oa Morimo, eo u lu ua mo roma, a a be a tle go rona, a re rute se re tla se rihelañ ñuana eo o tla tsaloañ. 9 Mi Morimo oa retsa koru ea ga Manoe; mi moengela oa Morimo a ba a tla go mosariñ ka a rutse kua nageñ: mi Manoe monona oa gague a si na nae. 10 Mi mosari a akoha, a taboga, a itsise monona oa gague, a mo raea, Bona, monona eo o la a tla go ’na ka tsatsi yeuo, o iponaritse go ’na. 11 Mi Manoe a nanoga, a sala mosari oa gague morago, mi a hitla go mononeñ, a mo raea, A ki uena monona eo o buileñ le mosari eo? Mi a re, Ki ’na. 12 Mi Manoe a re, Mahuku a gago a sina rihala, re tla gorisa ñuana eo yañ, mi re tla mo rihela yañ? 13 Mi moengela oa Yehova a raea Manoe, A mosari a itise mo cotleñ tse ki li mo reileñ. 14 A a si ye sepe se se coañ mo movineñ mi a a si noe boyaloa yoa movina le boyaloa yo bo thata, le esiñ go ya se se itsekologileñ: a a tsegetse tse ki li mo laoletseñ cotle. 15 ¶ Mi Manoe a raea moengela oa Yehova, A ko ’me, a re gu thibe, e tsamaee re gu bakanyetse potsane. 16 Mi moengela oa Yehova a raea Manoe, Leha u ’nthiba, ga ’nkitla ki ya ga liyo tsa gago: mi ha u riha cupelo ea phisho, u e hisetse Yehova. Gone Manoe a la a sa itse ha e le moengela oa Yehova. 17 Mi Manoe a raea moengela oa Yehova, Leina ya gago e mañ, gore mogañ mahuku a gago a rihalañ re gu tlotle? 18 Mi moengela oa Yehova a mo raea, U boletsañ leina ya me yalo, gone le shubegile. 19 Mi Manoe a tsaea potsane, le cupelo ea liyo, a li hisetsa Yehova mo hikeñ. Mi ga rihala se se gakhamatsañ; mi Manoe le mosari oa gague ba leba. 20 Gone ga rihala ka khabu ea aletara e tlatlogela kua legorimoñ, moengela oa Yehova a tlatloga ka khabu ea aletara. Mi ka Manoe le mosari oa gague ba bona, ba oela ka hatlogo tsa bona ha hatsi. 21 Mi moengela oa Yehova a si ka a tlola a iponatsa go Manoe le mosari oa gague. Ereha gona Manoe o itseñ ha e le le moengela oa Yehova. 22 Mi Manoe a raea mosari oa gague, Re tla shuela rure, gone re bonye Morimo. 23 Mi mosari oa gague a mo raea, Ha Yehova a kabo a ratile go re bolaea, o kabo a si ka a cula cupelo ea phisho le cupelo ea liyo mo atleñ tsa rona, le esiñ go re bontsa lilo tse cotle, le esiñ go re utlusa tse rintseñ yalo ka motla ouo. 24 ¶ Mi mosari eo a bona mosimane, mi a mo sha leina ya Samesone: mi ñuana a tutuga, mi Yehova a mo tsegahatsa. 25 Mi Moea oa Yehova oa simolola go mo tlotleletsa ka metla meñue kua botlaoleloñ yoa Dana, gare ga Tsora le Eshetaola. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society