Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Baroma 8 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 8.

1 KI gona go sinañ tsekisho epe go bon aba ba mo go Keresete Yesu, ba ba sa tsamaeeñ kaha nameñ, ki ba ba tsamaeañ kaha Moeeñ.

2 Gone molao oa Moea oa botselo o o mo go Keresete Yesu, o ’nkholotse mo molaoñ oa boleo le loshu.

3 Gone se se le se reteletseñ molao, ka o lo sina thata ka ntla ea nama, Morimo oa roma Moroa ona mo cuanoñ oa nama ea boleo ka ntla ea boleo, a sekisetsa boleo mo nameñ:

4 Gore tsiamo ea molao e rihahale mo go rona, ba re sa tsamaeeñ kaha nameñ, ki ba re tsamaeañ kaha moeeñ.

5 Gone ba ba leñ kaha nameñ, ba rata lilo tsa nama; mi bona ba ba leñ kaha Moeeñ ba rata lilo tsa Moea.

6 Gone thato ea nama, ki loshu; mi thato ea moea, ki botselo le kagisho.

7 Ki gona thato ea nama ki go ila Morimo; gone e sa utlue molao oa Morimo; gone e sa kake ea o utlua.

8 Mi yalo bona ba ba mo nameñ, ga ba kake ba khatla Morimo.

9 Mi lona ga lo mo nameñ, mi lo mo Moeeñ, ha gontse yalo Moea oa Morimo a agile mo go lona. Mi leha e le mañmañ eo o sinañ Moea oa ga Keresete, ga si oa gague.

10 Mi ha Keresete a le mo go lona, mele o shule ka ntla ea boleo; mi moea o tserile ka ntla ea tsiamo.

11 Mi ha Moea oa ona o o cositseñ Yesu mo bashuiñ o agile mo go lona, o o cositseñ Keresete mo bashuiñ, le ona o tla rurisa mebele ea lona ea loshu, ka Moea oa ona o o agileñ mo go lona.

12 Ki gona, bakauleñue, re molatu, esiñ go nama, go tsela kaha nameñ:

13 Gone ha lo tsela kaha nameñ, lo tla shua; mi ha lo bolaea litiho tsa mele ka Moea, lo tla tsela.

14 Gone botle ba ba gogeloañ ki Moea oa Morimo, ki bona bana ba Morimo.

15 Gone ga loa cula moea oa kholego go ba lo boiha; mi lo cutse Moea oa bana, o re bitsañ, Aba, Rra, ka ona.

16 Moea le ona ka osi oa shupa le meoea ea rona, ha re le bana ba Morimo:

17 Mi ha re le bana, re tla bo re le ba boshua; ba boshua ba Morimo, le ba boshua le Keresete mogo; mi ha gontse yalo re bogisioa le ena, ki gore le gona re galalerioe nae.

18 Gone ki kaea ha lipogisho tsa motla onu, li sa cuanela go cuantsioa le khalalelo e re tla e bontsioañ.

19 Gone tse ri bopiloeñ lia lebelela ponatsego ea bana ba Morimo, ka tlologelelo e e thata.

20 Gone tse ri bopiloeñ li le tsa tseñoa mo taoloñ ea boithamako, esiñ ka thato ea cona, mi ki ka ntla ea ona o o li laoletseñ yalo,

21 Ka culuhelo, ha tse ri bopiloeñ le cona li tla gololoa mo kholegoñ ea tsenyego, go lerioa mo tlomamoñ ea khalalelo ea bana ba Morimo.

22 Gone rea itse ha tse ri bopiloeñ cotle li hegeloa, li tlaleloa yaka li mo pelegoñ mogo, le mo nakoñ enu.

23 Mi esiñ tse cosi, mi le rona ba re nañ le mauñuo a ntla a Moea, E, le rona ka rosi, rea hegeloa mo go rona, re lebelela culo ea bana, eboñ thekololo ea mebele ea rona.

24 Gone re bulukoa mo culuheloñ; mi culuhelo e e bonoañ ga si culuhelo; gone se moñue o se bonañ, o sa se shuluhelelañ?

25 Mi ha re shuluhela se re sa se boneñ, yalo re se lebelela ka bopelutelele.

26 Mi gontse yalo le ona Moea, o thusa tse ri siñ thata tsa rona, ka re sa itse kaha re cuanetseñ go rapela ka gona, mi Moea ka osi oa re rapelela ka liphegelo tse ri sa kakeñ tsa buleloa.

27 Mi eo o botsisañ lipelu, oa itse boitlomo yoa Moea; ka o rapelela baitsephi kaha thatoñ ea Morimo.

28 Mi rea itse ha lilo cotle li rihantsa molemo go bona ba ba ratañ Morimo; eboñ go bona ba ba biricoeñ kaha boikaeleloñ yoa ona.

29 Gone ba o ba itsileñ pele, o ba laoletse pele go na go cuana le cuano ea Moroa ona, gore a ne motsaloi oa ntla mo go bakauleñue bantsi.

30 Mi bona ba o ba laoletseñ pele, o bile o ba biritse; mi ba o ba biritseñ, o bile o ba siamisitse; mi ba o ba siamisitseñ, o bile o ba galaleritse.

31 Ana re tla reñ mo liloñ tse? Ha Morimo o le mo ntleñ ea rona, mañ eo o tla re emalanañ?

32 O o sa rekegeleñ Moroa ona rure, mi o mo re neletse rotle, a ga o kitla o re abela le lilo cotle le ena?

33 Mañ eo o tla latuhatsañ baitseñkeroi ba Morimo? Morimo ko ona o o siamisañ;

34 Mañ eo o sekisañ? Keresete ki ena eo o la a shule, E, bogolu, o bile a coga, eo le ena o mo atleñ sa Morimo se se siameñ, eo le ena o re rapelelañ.

35 Mañ eo o tla re lomologanyañ le lorato loa ga Keresete? A ki patikego, khotsa tlalelo, khotsa pogisho, khotsa tlala, khotsa go bisa go ikatega, khotsa poitsego, khotsa caka?

36 Yaka go kuariloe, Re bolaoa ka tsatsi yeotle ka ntla ea gago; re kaioa yaka liñku tse ri tlayoañ.

37 Mi re bogolu go bahenyi mo liloñ tse cotle ka ena eo o re ratileñ.

38 Gone ki itsisicoe rure, ha loshu khotsa botselo, khotsa baengele, khotsa balaori ba bagolu, khotsa bathati, khotsa tse ri yana, khotsa tse ri tla tlañ,

39 Khotsa bogorimo, khotsa boteñ, khotsa tse ri bopiloeñ li sele, li si kitla li nonoha go re lomologanya le lorato loa Morimo, lo lo mo go Keresete Yesu, Morena oa rona.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan