Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Baroma 16 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 16.

1 FEBE, khantsaria rona, kia mo lo kaelela, eo e leñ mohula oa ekelesia e e kua Kenkerea;

2 Gore lo mo cule mo Moreneñ, yaka go cuanela baitsephi; le go mo thusa mo tihoñ leha e le ehe, e o tlokañ thusho ea lona go eona; gone o la a le mothusi oa bantsi, le oa me ka ’nosi.

3 Rumerisañ Peresile le Akuile, bathusi ba me mo go Keresete Yesu;

4 Ba ba beetseñ thamo tsa bona botselo yoa me; ba ki sa ba itumeleleñ ’nosi, mi le cona liekelesia cotle tsa bahaitene.

5 Le gona rumerisañ ekelesia e e mo tluñ ea bona. Rumerisañ Epaineto, eo o leñ louñuo loa ntla loa Akaia mo go Keresete.

6 Rumerisañ Marie, eo o re rihetseñ bogolu.

7 Rumerisañ Anderoniko, le Yunie, tsala tsa me, le bagolegoi le ’na, ba ba kaeioañ segolu mo baapostoloiñ, ba le bona ba le ba le mo go Keresete pele ga me.

8 Rumerisañ Ampilie, moratoi oa me mo Moreneñ.

9 Rumerisañ Urobane, mothusi oa rona mo go Keresete, le Setaku, moratoi oa me.

10 Rumerisañ Apile, eo o lekiloeñ mo go Keresete. Rumerisañ ba e leñ ba ntlu ea ga Arisetobulu.

11 Rumerisañ Herodion, tsala ea me. Rumerisañ ba e leñ ba ntlu ea ga Narekisu; ba ba mo Moreneñ.

12 Rumerisañ Terafaine le Terafose, basari ba ba rihañ mo Moreneñ. Rumerisañ Peresi, moratoi, eo o la a riha segolu mo Moreneñ.

13 Rumerisañ Rufo, moitseñkeroi mo Moreneñ, le mague le mme.

14 Rumerisañ Asenkirito, le Felegone, le Heremane, le Peterobe, le Hereme, le bakauleñue ba ba nañ nabo.

15 Rumerisañ Filologo, le Yulie, le Neree, le khantsarie, le Olumpe, le baitsephi botle ba ba ba nañ nabo.

16 Rumerisanañ ka katlo ea boitsepho. Liekelesia tsa ga Keresete lia lo rumerisa.

17 Bakauleñue, yana kia lo rapela, elañ tloko ba ba rihañ likhaoganyo, le likhopisho tse ri ganetsañ le thuto e lo e rutiloeñ; mi ba thibogeleñ.

18 Gone ba bantseñ yalo ga ba rihela Yesu Keresete Morena oa rona, mi ba rihela mpa tsa bona; mi ba timetsa pelu tsa ba ba pelunomi ka puo tse liñtle, le lipakisho.

19 Gone kutluo ea lona e tlile go botle. Ki gona ki itumelañ ka ntla ea lona; mi ki rata gore lo tlalehe mo molemoñ, le tsisimogo kaga boshula.

20 Mi Morimo oa kagisho, o tla akoha o gatela Satane tlatse ga nao tsa lona. Tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona, e ne le lona. Amena.

21 Timoteo, moriheri le ’na, le Lukio, le Yasone, le Sosipatere, litsala tsa me, ba lo rumerisa.

22 ’Na Teritio, eo o kuarileñ episetole e, kia lo rumerisa mo Moreneñ.

23 Gaiu, motlameri oa me, le oa ekelesia eotle, oa lo rumerisa. Eraseto, motlameri‐motse, oa lo rumerisa, le Kuareto, mokauleñue.

24 Tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona, e ne le lona lotle. Amena.

25 Mi yana ena eo o nonohileñ go lo tlomamisa kaha evangelioñ ea me, le thero ea ga Yesu Keresete, kaha ponatsegoñ ea bosaitsioeñ yo e saleñ bo shuyoa tsimologoñ ea lehatse,

26 Mi yana bo bonatsicoeñ, le ka likualo tsa baperofeti, kaha taoloñ ea Morimo o o sa khutleñ, yo bo itsisicoeñ bahaitene botle go kutloñ ea tumelo;

27 A khalalelo e ne Morimoñ o o botlale osi, ka bosina bokhutlo, ka Yesu Keresete. Amena.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan