Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Bahebera 4 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 4.

1 KI gona, a re itiseñ, ka pulelelo‐pele e sa leeo go tsena mo khucoñ ea gague, gore e si re khotsa moñue oa lona a e tlaela.

2 Gone evangelio e la ea rereloa rona, yaka bona; mi lehuku ye ba le rerecoeñ ga lea ka ya ba riha molemo, ka le sa tlakañoe le tumelo mo go ba ba le ba le utlua.

3 Gone rona ba re rumelañ rea tsena mo khucoñ; yaka a buile, Ki ikane yalo ka bogale yoa me, ba ba sa rumeleñ ga ba kitla ba tsena mo khucoñ ea me; eboñ ea litiho tse ri uericoeñ motheo oa lehatse o sina beoa.

4 Gone o bua yalo mo heloñ goñue, ga tsatsi ya bo‐seven, Mi Morimo o loa ikhutsa mo tihoñ cotle tsa ona ka tsatsi ya bo‐seven.

5 Gape mo mokhueñ o, Ga ba kitla ba tsena mo khucoñ ea me.

6 A ereka go na le bañue ba ba tla tsenañ mo khucoñ e, mi ba evangelio ba e rerecoeñ pele, ga ba ka ba tsena ka ntla ea go bisa go rumela ga bona,

7 Ki gona o bileñ oa laolela tsatsi leñue, ka o lo oa bua ka Davide, Gompienu, morago ga motla o molele; yaka go tua, Gompienu, ka lo sa utlua koru ea ona, si thatahatseñ pelu tsa lona.

8 Mi yana ha Yehoshue a la a ba neile khuco, o kabo o si ka oa bua ga tsatsi ye leñue.

9 Ki gona khuco e salelañ bathu ba Morimo.

10 Gone eo o tsenyeñ mo khucoñ ea ona, le ena o khutlile mo tihoñ tsa gague, yaka Morimo mo go tsa ona;

11 Ki gona a re ganeleñ go tsena mo khucoñ e, gore go si ne ope eo o latlegañ yaka sekao seuo, ka ntla ea go bisa go rumela.

12 Gone lehuku ya Morimo le tserile, le thata, mi le bogale bogolu go caka e magale ma tu, le tlaba le go khaoganya botselo le moea, le litokololo le moko; mi lea sekisa likhopolo le maikaelelo a pelu;

13 Mi ga go sepe se se shubiloeñ ha pele ga ona, mi lilo cotle ga lia ikatega, mi li senogile ha pele ga maitlo a ona o re tla o ikarabelañ.

14 Ere ka re na le moperiseti eo mogolu bogolu eo o phololetseñ magorimoñ, eboñ Yesu Moroa Morimo, a re tsegetseñ boipobolo yoa rona.

15 Gone ga re na moperiseti eo mogolu eo o sa kakeñ a utluela makoa a rona botluku; mi re na le moñue eo o la a raeloa ki cotle yaka rona, leha gontse yalo a sina boleo.

16 Ki gona a re atameleñ serulo sa tsegohaco ka pelukhale, gore re bone boicuarelo, le go bona tsegohaco e e tla re thusañ mo motleñ oa botloko.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan