Bahebera 2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 2. 1 KI gona re cuanetseñ go tsatsia bogolu lilo tse re li utluileñ, gore e si re khotsa ra li lebala ka motla ope. 2 Gone ha lehuku ye le builoeñ ki baengele le le tlomame, mi setlolo señue le señue le go bisa go utlua, li tsa bona tuelo ea tsiamo; 3 Re tla tsaba yañ, ha re lebala puluko e kholu e? e e simolocoeñ go reroa ki Morena, mi re e tlomamisericoe ki bona ba ba mo utluileñ; 4 Morimo le ona oa shupa ga bona, ka licupo le likhakhamaco, lo litiho tse ri thata li sele, le lineo tsa Moea oa Boitsepho, kaha thatoñ ea ona. 5 Mi lehatse ye le tlañ ye re buañ ga yeona, ga oa le nela mo taoloñ ea baengele. 6 Mi moñue o itsise mo heloñ goñue, a re, Mothu ki eñ, eo u mo gopolañ; khotsa moroa mothu eo u mo lekolañ? 7 U mo ñotlile bo botlana bogolu go baengele; u mo roesitse ka khalalelo le tlotlo, mi u mo emisitse go laola tiho tsa atla tsa gago. 8 Lilo cotle, u li beile tlatse ga nao tsa gague. Mi yana ka o beile lilo cotle mo taoloñ ea gague, ga oa tlogela sepe se se siñ mo taoloñ ea gague. Mi yana ga re e si re bone lilo cotle li le mo taoloñ ea gague; 9 Mi rea bona Yesu eo o ñotliloeñ bo botlana bogolu go baengele, a roesioa ka khalalelo le tlotlo ka go utlua loshu, ka a sina utluela botle loshu ka tsegohaco ea Morimo. 10 Gone go cuanetse ona, o lilo cotle li nelañ ona, le o lilo cotle li leeoñ ka ona, ka o gogela bana bantsi khalaleloñ, go gorisetsa khalaleloñ ena Mogogi eo o mogolu oa puluko ea bona, ka lipogisho. 11 Gone, eo o itephisañ, le ba ba itsephisicoeñ, ki ba moñue hela botle; mi ga a tlayoe ki litloñ go ba bitsa bakauleñue ka ntla ea mouo, 12 A re, Ki tla bulelela bakauleñue ba me leina ya gago, mi ki tla gu opelela pako gare ga ekelesia. 13 Mi gape, Ki tla mo ikanya. Mi gape, Bona, ’na, le bana ba Morimo o ba ’nneileñ. 14 Mi ereka bana e le baaberoi ba nama le mari, le ena ka esi o itseetse ga aona, gore a mo nyeletse ka loshu, ena eo o la a na le thata ea loshu, eboñ diabolo; 15 Le go golola bona ba ba le ba le mo popegoñ ea kholego ka ntla ea poiho ea loshu, mo tseloñ yotle yoa bona. 16 Gone amarure ga a thuse baengele ka gope, mi o thusa losika loa ga Aberahame. 17 Ki gona e le le cuanelo gore a ne yaka bakauleñue ba gague mo liloñ cotle, gore a ne moperiseti eo mogolu oa boicuarelo le boikanyo, mo liloñ tse e leñ tsa Morimo, go ruanyetsa libe tsa bathu. 18 Gone ka a la a bogisioa a raeloa, o nonohile go thusa ba ba raecoeñ. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society