Bahebera 12 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 12. 1 KI gona ereka re hocoe ki bontsi yo bogolu yoa bashupi, yalo a re latleñ tse ri bokete cotle, le sebe se se re emelelañ bogolu, mi a re sianeñ ka bocoelelo tsianoñ e re e beecoeñ pele, 2 Ka go leba Yesu, Mogogi eo mogolu, le mouetsi oa tumelo ea rona, eo o la a icokela mokhoro, a nyatsa litloñ, ka boitumelo yo o la a bo beecoe pele, mi a lula ha seatleñ se se siameñ sa serulo sa bogosi sa Morimo. 3 Mi yana mo gako’ogeloeñ ena eo o la a icokela khanelo e entseñ yalo ea baleohi, gore lo si ñoriege, le go lapa mo meoeeñ ea lona. 4 Mi le yana ga lo e si lo ko lo hemele go mariñ, ka lo ganela le libe. 5 Mi lo lebetse kaelo e e buañ le lona yaka bana, go re, Moroaka, u si nyatse likoatlao tsa ga Yehova, le go ñoriega ha a gu buela; 6 Gone Yehova o oatlaea eo o mo ratañ, mi o betse moroa moñue le moñue eo a mo culañ. 7 Mi ha lo icokela koatlao, Morimo o riha le lona yaka bomoroa; gone moroa ki ohe eo rague o sa mo oatlaeñ? 8 Mi ha lo sina koatlao, e e abeloañ botle, yalo lo bana ba likhora, esiñ bomoroa. 9 Gape re le ra na le bo‐rra ba nama tsa rona, ba ba le ba re oatlaea, mi re le ra ba ipobola; a ga re kitla re utlua Rra meoea ea rona bogolu, gore re tsele? 10 Gone rure ba re oatlaile ka motla o mokhutsane, kaha thatoñ ea bona; mi eo, o re oatlaela molemoñ oa rona, gore re ne baaberoi ba boitsepho yoa gague. 11 Mi yana koatlao eotle e cuana yaka ga e itumerise mo motleñ onu, mi e bohutsana; leha gontse yalo e uñua mauñuo a kagisho a tsiamo morago, mo go ba ba e tloaerioañ. 12 Ki gona, thatahatsañ liatla tse ri bokoa, le mañole a a khuetlañ, 13 Mi siamisetsañ litsela nao tsa lona, gore se se tlotsañ se si khuiige, mi gore se hole bogolu; 14 Latelañ kagisho le bathu botle, le boitsephisho yo, go siñ ope eo o tla bonañ Morena, ha bo sieo: 15 Ka go leba ka tloahalo, gore go si ne ope eo o tlaeloañ ki tsegohaco ea Morimo; gore mocoe oa botluku o si tloge go lo cuenya, mi bantsi ba leshueharioa ka ona; 16 A go si ne mogokahari, le eo o sa itsephañ, yaka Esaue, eo o la a bapatsa cuanelo ea gague ea botsalo yoa ntla ka moyo o le moñue hela. 17 Gone loa itse, kaha erileñ a eletsa go bona letsego morago ga mouo, a ganoa; gone a sa bone bonno yoa phetogo mo go rague, leha a e batla ka likeleri. 18 Gone ga loa tla go thaba e e ka añoañ, le molelo o o tukañ, le boncu, le lehihi, le moroalela oa maru, 19 Le go tumo ea terompeta, le koru ea mahuku, a ba ba a utluileñ ba rapetseñ gore lehuku le si tlole le buioa go bona; 20 (Gone ba sa kake ba icokela se se laocoeñ, go re, Le gona ha se se tserileñ se ama thaba se tla khobotlerioa, leha e le go phololerioa ka lerumo. 21 Mi se se bonoañ sa bo se boitsega, ga tsamaea Moshe le ena a re, Kia boiha, kia roroma:) 22 Mi lona lo tlile go thaba ea Tsiona; le go motse oa Morimo o o tserileñ, le go Yerusalema oa bogorimo; le go leshomo ya baengele ye le sa baloeñ, 23 Le go phuthego le ekelesia ea batsaloi ba ntla ba ba kuariloeñ mo magorimoñ; le go Morimo Moatlori oa botle; le go meoea ea basiami ba ba rihiloeñ botlalo; 24 Le go Yesu motseriganyi oa kholagano e nca; le go mari a khaco a a buañ lilo tse ri molemo bogolu go a ga Abele. 25 Itiseñ gore lo si gane eo o buañ le lona; gone ha ba le ba si ka ba halola, ba ba ganañ ena eo o ba tlagisitseñ mo lehatsiñ, re tla reteleloa bogolu ki go halola, ha re ithibosa go ena eo o re tlagisañ a le mo legorimoñ; 26 Eo, koru ea gague e le ea reketlisa lehatse mo motleñ o; mi yana o buleletse pele, oa re, Ki tla roromisa gañue hela, esiñ lehatse yeosi, mi le yeona legorimo. 27 Mi yana huku ye ya Gañue hela, le kaea tlosho ea lilo tse ri reketlisioañ, yaka ea tsa tse ri rihiloeñ, gore go sale lilo tse ri sa reketlisioeñ. 28 Ki gona, ka re bonye bogosi yo bo sa reketlisioeñ, a re tsegetseñ tsegohaco, e re ka rihelañ Morimo ka nateho ka eona, ka bonolo yoa pelu, le poiho ea Morimo; 29 Gone Morimo oa rona ki molelo o o nyeletsañ. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society