Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Bahebera 1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 1.

1 MORIMO o o loa bua mo metleñ ea bogolugolu le bo‐rra ka baperofeti mo mekhueñ e mentsi, le ka gantsi,

2 O buile le rona mo metsiñ enu ea morago, ka Moroa ona, eo o mo laotseñ go na Morena oa lilo cotle, eo le ena, o lo oa riha mahatsi ka ena;

3 Eo, ereñ ka e le marañ a khalalelo ea ona, le cuano ea amarure ea boikemo yoa ona, mi a laola lilo cotle ka huku ye le thata ea gague, o rile a sina itsephisa libe tsa rona ka ena ka esi, a lula mo atleñ se se siameñ sa Mogalaleri mo bogorimoñ bogolu.

4 Ka a gorisicoe bogolu go baengele, ka a bonye ka boshua leina ye le bonatla bogolu go bona.

5 Gone o loa raea moeñgele ohe oa baengele leñ, U Moroake, ki gu tsetse gompienu? Mi gape, Ki tla na rague, mi o tla na Moroake?

6 Mi gape o rile o bo o lere motsaloi oa ntla oa ona mo lehatsiñ, oa re, A baengele botle ba Morimo ba mo obamele.

7 Mi kaga baengele o re, O o rihañ baengele ba ona lipheho, le bariheri ba ona khabo ea molelo.

8 Mi go Moroa, o re, Serulo sa bogosi sa gago, Morimo, se ka bosina bokhutlo yotle; tsama ea bogosi yoa gago ki tsama ea tsiamo.

9 U lu ua rata tsiamo, mi u lu ua ila tsiamololo; ki gona Morimo, Morimo oa gago, o gu tloritseñ ka loukuane loa boitumelo bogolu go lilekane tsa gago.

10 Mi, Uena, Yehova, u lu ua thaea methao ea lehatse mo tsimologoñ, mi magorimo ki tiho ea atla tsa gago.

11 A tla nyelela, mi u tla sala; a tla cohala aotle yaka seaparo,

12 Mi u tla a mena yaka kobo, mi a tla onala; mi uena u sa le ena, mi nyaga tsa gago ga li kitla li khutla.

13 Le gona o kile o raea moñue oa baengele leñ, Lula ha atleñ sa me se se siameñ, ki tle ki tsamaee ki rihe baba ba gago serulo sa nao tsa gago?

14 Botle a ga ba meoea e e rihelañ, e e romecoeñ go thusa bona ba ba tla nañ ba boshua yoa puluko.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan