Bagalatia 3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 3. 1 MASILO ki lona Bagalatia! lo loiloe emañ, gore lo si utlue boamarure; lona ba Yesu Keresete o la a beiloe pele ka tsenogo ha pele ga maitlo a lona, a bapoleloa ha gare ga lona? 2 Se, shosi se, ki rata go se ithuta mo go lona, A le bonye Moea ka tiho tsa molao, khotsa ka theco ea tumelo? 3 A lo masilo yalo? ka lo simolotse ka Moea, yana a lo rihiloe botlalo ka nama? 4 A lo bogetse lipogisho li lintsi yalo lehela? ha e le lehela. 5 Mi yalo eo o lo tlamelañ ka Moea, le eo o rihañ likhakhamaco mo go lona, a o riha tse ka tiho tsa molao, khotsa ka theco ea tumelo? 6 Yaka Aberahame o la a rumetse Morimo, mi e lea baleloa tsiamo go ena. 7 Ki gona, tlaloganyañ ha bona ba tumelo e le bana ba ga Aberahame. 8 Mi lokualo ka lo bonela pele ha Morimo o tla siamisa bahaitene ka tumelo, lo si bolo rerela Aberahame evangelio, loa re, Merabe eotle e tla tsegoharioa mo go uena. 9 Ki gona yalo, ba tumelo ba tsegoharioa le Aberahame oa morumeri. 10 Gone, botle ba tiho tsa molao ba mo thogakoñ. Gone go kuariloe, Go rogakoa moñue le moñue eo sa neñ mo go cotle tse ri kuariloeñ mo bukeñ ea molao, go li riha. 11 Mi goa bonatsega ha go si ope eo o ka siamisioañ ki molao ha pele ga Morimo; gone, Mosiami o tla tsela ka tumelo. 12 Mi molao ga si oa tumelo; mi, Mothu eo o rihañ lilo tse o tla tsela ka cona. 13 Keresete o re rekolotse mo thogakoñ ea molao, a rihoa thogako mo bonnoñ yoa rona; gone go kuariloe, Go rogakiloe moñue le moñue eo o pegiloeñ mo logoñyeñ; 14 Gore letsego ya ga Aberahame le tle bahaiteniñ ka Keresete Yesu; gore re bone pulelelo‐pele ea Moea, ka tumelo. 15 Bakauleñue, ki bua kaha mokhueñ oa mothu, Leha e le kholagano ea mothu, ha e tlomamisicoe, ga go ope eo o e nyeletsañ, khotsa go e oketsa. 16 Mi yana lipulelelo‐pele li rihecoe Aberahame le losika loa gague. Ga o re, mo litsikeñ, yaka tsa tse lintsi; mi yaka ga ñue hela, Le mo losikeñ loa gago, eo e leñ Keresete. 17 Mi ki bua ye, Kholagano e e le tlomamisioa pele ki Morimo mo go Keresete, ga ea nyelerioa ka molao, o o tlileñ morago ga linyaga li for hundereda le terte, go phepisa pulelelo‐pele. 18 Gone ha boshua e le yoa molao, e tla bo e si yoa pulelelo‐pele; mi Morimo o bo netse Aberahame ka pulelelo‐pele. 19 Ki gona, molao ki oañ? O okelericoe ka ntla ea litlolo, go tlo go tsamaee losika lo tle, lo pulelelo‐pele e le e lo rihecoe, mi e laolecoe ki baengele, mo atleñ sa motseriganyi. 20 Mi yana motseriganyi, ga si eo o buelelañ moñue, mi Morimo o moñue hela. 21 A molao o emelana le lipulelelo‐pele tsa Morimo? A go si ne yalo; gone ha molao o lo necoe o o thata go tserisa, e ko rure tsiamo e le ka molao. 22 Mi lokualo lo khutlisitse botle mo boleoñ, gore pulelelo‐pele ka tumelo ea ga Yesu Keresete, e neoe bona ba ba rumelañ. 23 Mi erile tumelo e si e tle, re le re kopelecoe mo molaoñ, mi ra bo re cualelecoe tumelo e e tla bonatsioañ. 24 Ki gona molao e le le kala ea moruti oa sekole, go re lere go Keresete, gore re siamisioe ki tumelo. 25 Mi yana ka tumelo e tlile, ga re tlole re le mo kaleñ ea sekole. 26 Gone lotle lo bana ba Morimo ka ntla ea tumelo mo go Keresete Yesu. 27 Gone lona lotle ba lo bapetisericoeñ mo go Keresete, lo apere Keresete. 28 Ga go Moyuda khotsa Mogerika, ga go mogolegoi, khotsa eo o golocoeñ, ga go monona, khotsa mosari: gone lotle lo bañue hela mo go Keresete Yesu. 29 Mi ha lo le mo go Keresete, yalo lo losika loa ga Aberahame, le ba boshua kaha puleleloñ‐pele. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society