Bagalatia 2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 2. 1 MI erile nyaga li forten li sina heta, ka ba ka ea kua Yerusalema le Barenaba, le ena Tito ka mo cula le ’na. 2 Mi ka ea ka ntla ea ponatsego, mi ka ba bela pele evangelio e ki e rerañ mo bahaiteniñ, le bagoluane ka e ba rutela thoko, gore e si re khotsa ka siana, khotsa ka bo ki sianetse, lehela. 3 Mi le ena Tito, eo o la a na le ’na, eo o leñ Mogerika, a si ka a kholeloa go guerisioa; 4 Mi e le le ka ntla ea bakauleñue ba tsieco ba ba ikukuntsitseñ ka bosaitsioeñ, ba ba itsentseñ go tlola tlomamo ea rona e re nañ naeo mo go Keresete Yesu, gore ba re lere mo kholegoñ; 5 Ba re se kañ ra ba thibogela ka go ba utlua, le esiñ ka oura o le moñue hela, gore boamarure yoa evangelio bo sale mo go lona. 6 Mi ga bona ba ba le ha kaioa ha ba le señue, le kaha ba le bantse pele ka gona, ga si sepe go ’na; Morimo go o cule cuano ea bathu; gone ba ba le ba kaioa segolu, ga ba ’nkokeletse sepe; 7 Mi bogolu go mouo, ka ba bona ha evangelio ea go bisa boguera ki e necoe, yaka ea boguera e le e necoe Petero; 8 (Gone eo o rihileñ thata mo go Petero, go tiho ea boapostolo ea ba boguera, le ena o la a riha thata mo go ’na go bahaitene;) 9 Mi ka Yakobo, le Kefe, le Yohane, ba ba kaioañ ha e le lipilara, ba lemoga tsegohaco e ki e necoeñ, ba ’nnela le Barenaba liatla tse ri siameñ, tsa kabalano; gore re ee bahaiteniñ, le bona go ba boguera. 10 Mi le gona gore re gopole bahumanegi; ba, le ’na ki le kintse ki ba gopola ka tloahalo. 11 Mi erile Petero a sina tla Antioka, ki le ka mo khatlantsa ka sehatlogo, gone a cuanecoe ki go bueloa. 12 Gone a la a ya le bahaitene pele, bañue ba ga Yakobo ba e si ba tle; mi eare ba sina tla, a ñuega, a ithibosa, a boiha ba boguera. 13 Le Bayuda ba bañue le bona ba itimokanya le ena; ga tsamaea Barenaba le ena a haposioa ki itimokanyo ea bona. 14 Mi erile ki bona ba sa tsamaee ka tsiamo kaha boamarureñ yoa evangelio, ka raea Petero ha pele ha botle, Ha uena, eo u leñ Moyuda, u tsela yaka mokhua oa bahaitene, esiñ yaka mokhua oa Bayuda, u kholelañ bahaitene go tsela yaka mokhua oa Bayuda? 15 Rona ba re leñ Bayuda ka mekhua, esiñ baleohi ba bahaitene. 16 Ka re itse ha mothu a sa siamisioe ki tiho tsa molao, e le ka tumelo ea ga Yesu Keresete; le rona re rumetse yalo mo go Yesu Keresete, gore re siamisioe ka tumelo ea ga Keresete, mi esiñ ka tiho tsa molao; gone go si kitla go siamisioa nama epe ka tiho tsa molao. 17 Mi rona ba re batlañ go siamisioa ki Keresete, ha re bonoa baleohi, le rona, a Keresete ki motlañka oa boleo? A go si ne yalo. 18 Gone ha ki ba ki aga tse ki li rutlileñ, yalo ki itiha motlori. 19 Gone ki setlashu mo molaoñ ka molao, gore ki tselele Morimoñ. 20 Ki bapocoe le Keresete; leha gontse yalo ki tserile; mi esiñ ’na, mi ki Keresete eo o tserileñ mo go ’na; mi botselo yo ki tselañ ka yona yanuñ mo nameñ, ki bo tsela ka tumelo ea Moroa Morimo, eo o ’nthatileñ, eo o inneletseñ. 21 Ga ki nyeletse tsegohaco ea Morimo; gone ha tsiamo e le ka molao, Keresete o tla bo a shuetse lehela. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society