Bafilipi 1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 1. 1 PAULO le Timoteo, batlañka ba ga Yesu Keresete, go baitsephi botle ba ba mo go Keresete Yesu, le balebalebi, le badiakoni, ba ba kua Filipi: 2 Tsegohaco e ne le lona, le kagisho, e e coañ Morimoñ Rra ecu, le Yesu Keresete Morena. 3 Ki itumelela Morimo oa me ka gale mo khopoloñ cotle tse ki lo gopolañ ka cona, 4 Ka gale mo merapeloñ eotle ea me ka ntla ea lona lotle, ki riha thapelo ka boitumelo, 5 Ka kabalano ea lona mo evangelioñ, mo tsatsiñ ya ntla le mo nakoñ enu; 6 Ka go ikanya seo se, ha eo o simolotseñ tiho e e molemo mo go lona, a tla e ueletsa mo motleñ oa ga Yesu Keresete; 7 Yaka go siame go ’na go ikutlua ga lona lotle yalo, gone ki na le lona mo peruñ ea me, mo kholegoñ tsa me, le mo ikarabeloñ, le mo tlomamishoñ ea evangelio, ka lo le baaberoi ba tsegohaco ea me. 8 Gone Morimo ki moshupi oa me oa tlologelelo e kholu e ki lo tlologelecoeñ lotle ka eona, ka boutluelo‐botluku yo bogolu yoa ga Yesu Keresete. 9 Mi ki rapela yalo, gore lorato loa lona lo bo lo ne logolu bogolu mo kicoñ, le mo ikutluoñ eotle; 10 Gore lo leke lilo tse ri sa cuaneñ; gore lo ne lo sa pekoa, le go bisa go khopisa, go ea motleñ oa ga Keresete; 11 Lo tlarioa ka mauñuo a tsiamo, a a leñ khalalelo le pako go Morimo, ka Yesu Keresete. 12 Mi, bakauleñue, ki rata gore lo itse tse ri ’nkhatlaneritseñ, li rihahaletse go coeleletsa pele ga evangelio bogolu; 13 Ga tsamaea likholego tsa me mo go Keresete tsa bonatsega mo tluñ eotle ea khosi, le mo maheloñ aotle; 14 Mi bogolu yoa bakauleñue ba ba mo Moreneñ ba ikantse bogolu ka kholego tsa me, ba na bonatla bogolu go bua lehuku esiñ ka poiho. 15 Rure bañue ba rera Keresete ka bopelutsetla le khañ; mi bañue le bona ka go rata ga molemo; 16 Bañue ba rera Keresete ka khañ, esiñ ka bosapekoa, ba itloma ba okeletsa kholego tsa me ka lipogisho; 17 Mi ba bañue ka lorato, ka ba itse ha ki emisericoe ikarabelo ea evangelio. 18 Mi e be e le eñ? e be e le go re, Keresete a reroa ka mekhua eotle, leha e le ka seipato, leha e le ka boamarure; mi ki itumelela mouo; E, ki tla na ki itumela. 19 Gone kia itse, ha tse li tla na puluko ea me ka ntla ea thapelo ea lona, le kokeleco ea Moea oa ga Yesu Keresete, 20 Kaha tlologeleloñ e e thata le culuhelo ea me, ha ki si kitla ki tlabisioa litloñ mo go sepe, mi ka bopelukhale yotle yaka gale, gontse yalo le yana Keresete o tla gorisioa mo meleñ oa me, leha e le ka botselo, leha e le ka loshu. 21 Gone kaga me, go tsela ki Keresete, le go shua ki phenyo. 22 Mi ha ki tsela mo nameñ, mo ki louñuo loa tiho ea me; mi ga ki itse se ki tla se itseñkelañ. 23 Gone ki akabarioa ki li tu tse, ka ki eletsa go huruga le go na le Keresete, gone mo ki molemo o mogolu bogolu; 24 Leha gontse yalo go sala mo nameñ, ki molemo go lona bogolu. 25 Mi ka ki na le boikanyo yo, kia itse ha ki tla sala, le go aga le lona lotle, ka ntla ea bocoelelo pele yoa lona, le biotumelo yoa tumelo; 26 Gore pelahalo ea lona kaga me e ne kholu bogolu mo go Yesu Keresete, ka go ba go ea ga me go lona. 27 Mi bogolu, tsamaeañ yaka go cuanela evangelio ea ga Keresete, gore ere ha ’nka ea go lo bona, khotsa ha ki sa ee, ki utlue kaha lontseñ ka gona, gore lo eme mo moeeñ o moñue hela ka tlaloganyo ñue hela, go ganelela mogo tumelo ea evangelio; 28 Le gona gore lo si boihisioe mo go sepe ki baganetsi ba lona; mo e leñ cupo rure ea tsenyego go bona, mi go lona ea puluko, e e leñ ea Morimo. 29 Gone lo necoe tsegohaco ka ntla ea ga Keresete, esiñ go rumela mo go ena gosi, mi le gona go mogiserioa; 30 Ka lo na le khanelo e, lo e bonyeñ mo go ’na, e yana lo e utluañ mo go ’na. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society