Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Baefeso 6 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 6.

1 BANA, utluañ bagolu ba lona mo Moreneñ; gone mo go siame.

2 Tlotla rago le mago (e e leñ taolo ea ntla e e nañ le pulelelo‐pele),

3 Gore go ne molemo le uena, mi gore u tsele ka bolele mo hatsiñ.

4 Le lona, bo‐rra, lo si tlotleletse bana ba lona bogaleñ; mi ba gorisetseñ mo thutoñ le mo kaeloñ ea Morena.

5 Batlañka, utluañ beñ ba lona kaha nameñ, ka poiho le thoromo, mo boñueheleñ yoa pelu tsa lona, yaka go Keresete;

6 Esiñ ka tihelo ea maitlo, yaka bakhatli ba bathu; mi a e ne yaka batlañka ba ga Keresete, go riha thato ea Morimo ka pelu;

7 Go rihela Morena ka boitumelo, mi esiñ bathu;

8 Ka lo itse, leha e le seo señue se se molemo se se rihoañ ki mañmañ, o tla se bona ka shosi mo Moreneñ, leha a le mogolegoi khotsa eo o golocoeñ.

9 Le lona beñ, lo ba rihele ka lilo tseuo ka cosi; mi lo lese go bopa; ka lo itse ha Morena oa lona le ena a le mo legorimoñ; mi go si na tlaolo epe ea bathu ha go ena.

10 Ya bohelo, bakauleñue ba me, nañ thata mo Moreneñ, le mo thateñ ea bonatla yoa gague.

11 Aparañ lilo tsa tlabano cotle tsa Morimo, gore lo nonohe go emela le mekhua ea tsieco ea diabolo.

12 Gone ga re ganele le nama le mari, e le le balaori ba bagolu, le bathati, le balaori ba lehihe ba lehatse yenu, le meoea ea boleo mo maheloñ a a gorimo.

13 Ki gona, itseleñ lilo tsa tlabano tsa Morimo cotle, gore lo nonohele go iphemela mo tsatsiñ ya boshula, mi lo sina uetsa cotle, lo ne lo eme.

14 Ki gona, emañ ka litheka tsa lona li bohiloe ka boamarure, le go na le thebe ea tsiamo ea sehuba;

15 Le linao tsa lona li roesicoe ka iketleco ea evangelio ea kagisho;

16 Le go cula thebe ea tumelo gorimo ga cona cotle, e lo ka timañ mecui eotle ea eo o boleo ka eona.

17 Mi lo cule helemeta ea tlogo ea puluko, le caka ea Moea, eboñ lehuku ya Morimo;

18 Ka go rapela ka gale ka merapelo eotle, le go coelela thapeloñ, mo Moeeñ, le go lebelela mo go cona ka bocoelelo pele yotle; le go rapelela baitsephi botle;

19 Bogolu ’na, gore lehuku ki le ’nneoe, gore ki tumolole molomo oa me ka thanolo, go itsise bosaitsioeñ yoa evangelio,

20 E ki moroñoi mo keteneñ ka ntla ea eona; gore ki bue mo go eona ka thanolo, yaka ki cuanetse go bua.

21 Mi gore le lona lo itse kaha gontseñ ka gona le ’na, le se ki se rihañ, Tukiko, mokauleñue eo o rategañ le moriheri oa boikanyo mo Moreneñ, o tla lo itsise cotle;

22 Eo ki mo lo rometseñ ka ntla ea mouo, gore lo itse kaha rentseñ ka gona, le gore a gomotse pelu tsa lona.

23 Kagisho e ne le bakauleñue, le lorato, le tumelo, tse ri coañ Morimoñ Rra, le Yesu Keresete Morena.

24 Tsegohaco e ne le bona botle ba ba ratañ Yesu Keresete Morena oa rona ka lo lo sa pekoañ. Amena.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan