Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Baefeso 2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 2.

1 MI lona o lo rurisitse ba lo lo shule mo litloloñ le libe;

2 Tse lo lo tsamaea pele kaha mokhueñ oa lehatse yenu, kaha eo mogolu oa thata ea loapi ka gona, ea moea o yana o rihañ mo baneñ ba go bisa go utlua;

3 Ba le rona re le ra tsamaea rotle le bona mo metleñ e e hetileñ mo kelecoñ tsa nama tsa rona, re riha keleco tsa nama, le tsa megopolo; mi re le re le ka rosi bana ba bogale, yaka ba bañue.

4 Mi Morimo o o humileñ mo boicuareloñ, ka ntla ea lorato lo logolu loa ora, lo o loa re rata ka lona,

5 Le gona erile re shuetse mo litloloñ, o re rurisitse le Keresete (lo bulukiloe ka tsegohaco),

6 Mi o re cositse mogo, mi o re lurisitse mogo mo legorimoñ mo go Keresete Yesu;

7 Gore o shupe mo metleñ e e tlañ, mahumo a magolu bogolu a tsegohaco ea ona, mo tsalanoñ ea ona kua go rona, ka Keresete Yesu.

8 Gone lo bulukiloe ka tsegohaco; ka ntla ea tumelo, mi ga e coe go lona; e le neo ea Morimo;

9 Esiñ ka litiho, gore go si belahale ope.

10 Gone re tiho tsa ona, re bopecoe tiho tse ri molemo mo go Keresete Yesu, tse Morimo o li re etleleritseñ pele, gore re tsamaee mo go cona.

11 Ki gona, gopolañ ha erile pele loa bo lo le bahaitene mo nameñ, ba lo birioañ ba ba sa eeñ boguera ki bona ba ba birioañ ba boguera mo nameñ yo bo rihoañ ka liatla;

12 Ka lo lo sina Keresete mo motleñ ouo, mi loa bo lo le ba loshaba lo sele go matsegoñ a Yeserela, le baeñ go likholaganoñ tsa pulelelo‐pele, lo sina culuhelo, lo sina Morimo mo lehatsiñ;

13 Mi yana ba lo mo go Keresete Yesu, ba lo le khakala mo metleñ e e hetileñ, lo atamericoe ki mari a ga Keresete.

14 Gone ki ena kagisho ea rona, eo o rihileñ ba tu moñue hela, mi o thubagantse lomota loa gare loa tomologanyo,

15 Ka a nyeleritse khañ mo nameñ ea gague, eboñ molao oa litaolo, tse ri nañ mo mekhueñ; gore a bope ka ba tu, mothu a le moñue hela eo mosha mo go ena, go agisa;

16 Gore bo tu, a ba ruanye le Morimo mo meleñ o moñue hela ka mokhoro, ka a bolaile kilo ka ona;

17 Mi ka a tla, a rera kagisho mo go lona ba lo lo le khakala, le ba ba leñ gauhe, ka evangelio.

18 Gone ro ba tu re na le botseno go Rara ka Moea o moñue hela, ka ena.

19 Ki gona, ga lo tlole lo le baeñ ba loshaba lo sele, mi lo baagi mogo le baitsephi, le ba ntlu ea Morimo,

20 Ba lo agiloeñ mo motheoñ oa baapostoloi le baperofeti, o Yesu Keresete e leñ leincue ye legolu ya khokhoco ya ona;

21 Ye, kago eotle e e kitlancoeñ mogo ka thulaganyo, ea golela go na tempela ea boitsepho mo Moreneñ;

22 Eo lo agiloeñ mogo mo go ena go na boago yoa Morimo ka Moea.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan