Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Baefeso 1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 1.

1 PAULO moapostoloi oa ga Yesu Keresete ka thato ea Morimo, go baitsephi ba ba kua Efesia, le go barumeri ba ba mo go Keresete Yesu;

2 Tsegohaco e ne le lona, le kagisho, e e coañ Morimoñ Rra ecu, le Yesu Keresete Morena.

3 Go tsegohala Morimo le Rra Yesu Keresete Morena oa rona, o o re tsegoharitseñ ka matsego aotle a moea mo legorimoñ mo go Keresete;

4 Yaka o re itseñketse mo go ena pele ga motheo oa lehatse, gore re ne boitsepho, le go sina molatu mo loratoñ ha pele ga ona;

5 O o re laoletseñ culoñ ea bana go ona, ka Yesu Keresete, kaha natehoñ ea thata ea ona,

6 Go pakoñ ea khalalelo ea tsegohaco ea ona, e o re tsegoharitseñ ka eona mo Moratoiñ;

7 Eo re nañ le thekololo ka mari a gague, eboñ boicuarelo yoa libe, kaha lohumoñ loa tsegohaco ea ona;

8 E o lo oa re tlotlahalela ka botlale yotle, le tlaloganyo ka eona.

9 Ka o re itsisitse bosaitsioeñ yoa thato ea ona, go cuana yaka nateho ea ona, e o e ikaeletseñ go e riha;

10 Gore o bo o phuthele cotle mogo mo go Keresete, tse ri mo magorimoñ, le tse ri mo lehatsiñ, mo go ena; mo tlameleloñ ea botlalo yoa metla;

11 Eo, le rona re bonyeñ boshua mo go ena, ka re le re laolecoe pele kaha boikaeleloñ yoa ona, o o rihañ lilo cotle kaha taoloñ ea thata ea ona;

12 Gore re ne pako ea khalalelo ea ona, ba re shuluhetseñ pele mo go Keresete.

13 Eo, lo mo go ena, lo sina utlua lehuku ya boamarure, eboñ evangelio ea puluko ea lona; eo, le lona erileñ lo sina rumela mo go ena, loa kanoa ka Moea oa Boitsepho oa pulelelo‐pele,

14 O e leñ cupo ea boshua yoa rona go thekololoñ e e rekiloeñ, mo pakoñ ea khalalelo ea gague.

15 Ki gona le ’na erileñ ki sina utlua ga tumelo ea lona mo go Yesu Morena, le lorato mo baitsephiñ botle,

16 Ki sa khutle go itumelela ka ntla ea lona, ki lo gopola mo merapeloñ ea me;

17 Gore Morimo oa ga Yesu Keresete Morena oa rona, Rara oa khalalelo, a lo nee moea oa botlale le ponatsego, mo kicoñ ea gague;

18 Eboñ maitlo a tlaloganyo tsa lona a bonesicoe, gore lo itse culuhelo ea pico ea ona ki ehe, le mahumo ahe a khalalelo ea boshua yoa ona mo baitsephiñ,

19 Le thata ea ona e kholu bogolu kua go rona, ba re rumelañ, kaha go riheñ ga thata e kholu ea ona ka gona,

20 E o e rihileñ mo go Keresete, ka o mo cosa mo bashuiñ, o maea mo atleñ sa ona se se siameñ mo legorimoñ,

21 Kua khakala gorimo ga pusho eotle, le thata, le bonatla, le go laola, le maina aotle a a birioañ, esiñ gosi mo hatsiñ yenu, mi le mo go ye le tla tlañ;

22 Mi lilo cotle o li beile tlatse ga nao tsa gague, mi o mo neile go na tlogo ea ekelesia, go laola mo liloñ cotle,

23 E e leñ mele oa gague, le botlalo yoa gague eo o tlatsañ cotle mo go botle.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan