Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Amose 7 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 7.

1 YEHOVA Morena o ’mpontsitse yalo; mi bonañ a bopa tsie ka tsimologo ea go tloga ga boyañ yoa morago; mi bonañ, e le le boyañ yoa morago, morago ga litsego tsa khosi.

2 Mi ga rihala e sina uetsa go ya morogo otle oa lehatse, ka re, Yehova Morena, kia gu rapela, icuarela: Bayakoba ba tla ema yañ? gone ba botlana.

3 Yehova a ikuatlaela mouo: Ga go kitla go na yalo, go bua Yehova.

4 ¶ Yehova Morena o ’mpontsitse yalo: mi bonañ, Yehova Morena a bitsa go ganela ka molelo, mi oa nyeletsa boteñ yo bogolu, mi oa nyeletsa kabo ñue.

5 Mi ka re, Yehova Morena, kia gu rapela, khutla: Bayakoba ba tla ema yañ? gone ba botlana.

6 Yehova a ikuatlaela mouo: Le gona ga go kitla go na yalo, go bua Yehova Morena.

7 ¶ O ’mpontsitse yalo: mi bonañ, Morena a eme ha lorakoñ loa pelumeta, mi pelumeta e le le mo atleñ sa gague.

8 Mi Yehova a ’nthaea, Amosa, u bonañ? Mi ka re, Pelumeta. Mi Morena a re, Bona, ki tla baea pelumeta gare ga Bayeserela bathu ba me: ga ’nkitla ki tlola ki ba heta:

9 Mi mahelo a a gorimo a Yitsaka a tla señoa, mi mahelo a boitsepho a Bayeserela a tla khakhabarioa; mi ki tla cogela ba ntlu ea ga Yeroboame ka caka.

10 ¶ Ereha gona, Amatsie moperiseti oa Beta‐ela o romelañ go Yeroboame khosi ea Bayeserela a re, Amose o gu hunaganyeritse gare ga ba ntlu ea Yeserela: lehatse ga le kake le belega mahuku a gague aotle.

11 Gone Amose o buile yalo, a re, Yeroboame o tla shua ka caka, mi Bayeserela ba tla isioa rure bacuaroi go coa mo hatsiñ ya bona.

12 Mi Amatsie a raea Amose, Uena molebi, ea, u tsabele kua hatsiñ ya Yuda, mi u yele liyo gona, u perofese gona:

13 Mi u si tlole u perofesa mo Beta‐ela: gone ki helo ga boitsepho ga khosi, le ntlu ea bogosi.

14 Mi Amose a araba, a raea Amatsie, Ga ki moperofeti, mi ga ki moroa moperofeti; mi ki morisa, le mohuri oa lisekamora.

15 Mi Yehova a ’ntsaea morago ga lecomane, mi Yehova a ’nthaea, Ea, u perofesetse Bayeserela bathu ba me.

16 Mi yana, utlua lehuku ya ga Yehova: Ua re, Si perofese kaga Bayeserela, mi u si perofese kaga ba ntlu ea Yitsaka.

17 Ki gona go buañ yalo Yehova: Mosari oa gago o tla akahala mo motseñ, mi bomoroau le bomoroariu ba tla oa ka caka, mi hatse ya gago le tla khaogañoa ka lori; mi u tla shua mo hatsiñ ye le itsekologileñ: mi Bayeserela ba tla isioa rure bacuaroi go coa mo hatsiñ ya bona.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan