3 Yohane 1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 1. 1 EO mogolu, go Gaiu eo o ratoañ, eo ki mo ratañ mo boamarureñ. 2 Moratoi, kia eletsa bogolu mo liloñ cotle, gore u tsegoharioe, le go na mo pholoñ, yaka moea oa gago o tsegoharicoe. 3 Gone ki le ka itumela segolu, ka bakauleñue ba tla, ba shupa ga boamarure yo bo mo go uena, yaka u tsamaea mo boamarureñ. 4 Ga ki na boitumelo yo bogolu mo go yo, go utlua ha bana ba me ba tsamaea mo boamarureñ. 5 Moratoi, ua riha ka boikanyo cotle tse u ri rihetseñ bakauleñue le baeñ; 6 Ba ba shupileñ ga lorato loa gago ha pele ga ekelesia, ba ha u ba coerisetsa pele yaka go cuanela Morimo, yalo u tla riha molemo; 7 Gone ba rule ka ntla ea leina ya gague, ba sa tsee sepe mo bahaiteniñ. 8 Ki gona re cuanetseñ go cula ba bantseñ yalo, gore re ne bathusanyi mo boamarureñ. 9 Ki kualetse ekelesia; mi Dioterefe, eo o ratañ go na mogolu mo go bona, ga a re cule. 10 Ki gona, ha ki tla, ki tla gakologeloa tiho tsa gague tse o ri rihañ, ka mahuku a khaleho, a o a buañ kaga rona; mi esiñ go lekanoa ki gona, le gona ga a cule bakauleñue ka esi, mi a khoreletsa ba ba ratañ go riha yalo, mi o ba khoromeletsa kua ntle ga ekelesia. 11 Moratoi, u si latele se se boshula, mi latela se se molemo. Ena eo o rihañ molemo, ki oa Morimo; mi eo o rihañ boshula ga a e si a bone Morimo. 12 Demeterio o na le pulelo e e molemo mo go botle, le ea boamarure ka yosi; E, le rona rea shupa; mi ua itse ha cupo ea rona e le boamarure. 13 Ki le ki na le lilo li lintsi go li kuala, mi ga ki rate go gu kualela ka inka le pene; 14 Mi ki shuluhela ha ki tla akoha ki gu bona, mi re tla bua ka molomo le molomo. 15 A kagisho e ne nau. Litsala lia gu rumerisa. Rumerisa litsala ka maina. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society