2 Yohane 1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 1. 1 EO mogolu, go mosari eo o itseñkecoeñ, le bana ba gague, ba ki ba ratañ mo boamarureñ; mi esiñ ’na ’nosi, mi le bona botle ba ba itsileñ boamarure; 2 Ka ntla ea boamarure yo bo agileñ mo go rona, yo bo tla nañ le rona ka bosina bokhutlo: 3 Tsegohaco, le boicuarelo, le kagisho, a li ne le lona, tse ri coañ Morimoñ Rara, le tse ri coañ mo go Yesu Keresete Morena, Moroa Rara, mo boamarureñ le mo loratoñ. 4 Ki le ka itumela segolu ka ki bonye bañue bana ba gago ba ba tsamaeañ mo boamarureñ, yaka re bonye taolo mo go Rara. 5 Mi yana, mohumagari, kia gu rapela, esiñ yaka ki gu kualela taolo e nca, mi ki e re le re na naeo le mo tsimologoñ, gore re ratane. 6 Mi lorato ki lo, gore re tsamaee kaha taoloñ tsa ona. E ki eona taolo, yaka lo utluile le mo tsimologoñ, gore lo tsamaee mo go eona. 7 Gone batsietsi bantsi ba tlile mo lehatsiñ, ba ba sa ipoboleñ ha Yesu Keresete a tlile mo nameñ. Eo, ki motsietsi le moganetsi oa ga Keresete. 8 Iponeleñ, gore lo si latlegeloe ki lilo tse re li rihileñ; mi gore re bone tuelo e e tletseñ. 9 Moñue le moñue eo o tlolañ, mi a sa nne mo thutoñ ea ga Keresete, ga a na Morimo. Eo o nnañ mo thutoñ ea ga Keresete, eo, o na le Rara le Moroa. 10 Ha moñue a tla go lona, mi a sa lere thuto e, lo si mo culele mo tluñ ea lona, mi lo si mo ree, Rumela. 11 Gone eo o mo raeañ, Rumela, o na le kabalano le tiho tse ri boshula tsa gague. 12 Ki na le lilo li le lintsi go li lo kualela, mi ga ki rate go kuala ka pampire le inka; mi ki shuluhela go tla go lona, go bua le lona ka molomo le molomo, gore boitumelo yoa lona bo tlale. 13 Bana ba ga monnau, eo o itseñkecoeñ, ba gu rumerisa. Amena. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society