2 Timoteo 2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 2. 1 KI gona, uena moroaka, na thata mo tsegohacoñ e e mo go Keresete Yesu. 2 Mi lilo tse u li utluileñ mo go ’na ka bashupi bantsi, u li nee banona ba boikanyo, ba ba tla nonohañ go ruta le ba sele. 3 Ki gona u icokele tapisho, yaka motlabani eo o molemo oa ga Yesu Keresete. 4 Ga go ope eo o tlabanañ a ikhueleile ka lilo tsa botselo yonu; gore a khatle ena eo mo culetseñ tlabanoñ. 5 Mi le gona ha moñue a ganela liphenyo, ga a roesioa tlotlo ha a sa ganele yaka taolo. 6 Morihi‐tsimo eo o rihañ, a a ne moaberoi oa mauñuo pele. 7 Gakologeloa se ki se buañ, mi Morena a gu nee tlaloganyo mo liloñ cotle. 8 Gopola ha Yesu Keresete, eo e leñ oa losika loa ga Davide a la a cosioa mo bashuiñ kaha evangelioñ ea me; 9 E ki bogiserioañ likholegoñ yaka morihalibe; mi lehuku ya Morimo ga le golegoe. 10 Ki gona ki icokelañ cotle ka ntla ea baitseñkeroi, gore le bona ba bone puluko e e mo go Keresete Yesu, le khalalelo e e sa khutleñ. 11 Ye ki lehuku ya boikanyo, Gone ha re shule nae, le gona re tla tsela nae; 12 Ha re iphapanya, le gona re tla laola nae; ha re mo latola le ena o tla re latola; 13 Ha re si boikanyo, ena o boikanyo, ga a kake a itatola. 14 U ba goporise ga lilo tseuo, ka go ba laolela ha pele ga Morena, gore ba si ganele kaga mahuku, a a sinañ molemo go sepe, ha e si go thibosa bautlui. 15 Tloahala go gu iponatsa u lekiloe Morimoñ, morihi eo o sa tlayoeñ ki litloñ, eo o abelañ lehuku ya boamarure ka go siameñ. 16 Mi gana puo tsa boikepo le boithamako, gone li tla totahalela boikepoñ bogolu bogolu. 17 Mi huku ya bona, le tla ya yaka porisho; ba Humenaio le Fileto e leñ ba bona; 18 Ba ba timecoeñ ki boamarure, ba re, cogo ea bashui e hetile; mi ba thibosa tumelo ea bañue. 19 Leha gontse yalo motheo oa Morimo o eme ka tlomamo, mi ka o na le sekano se, Morena oa itse bona ba e leñ ba gague; mi A moñue le moñue eo o bitsañ leina ya ga Keresete, a tlogele tsiamololo. 20 Mi mo tluñ e kholu ga go liyana tsa gouda le selevera cosi, mi le cona tsa logoñ le tsa mbu; mi liñue ki tsa tlotlo, mi tse liñue tsa tlotlologo. 21 Ki gona ha moñue a iitsephisa mo go tse, o tla na seyana sa tlotlo, se se itsephisicoeñ, se nonohile go rihela morena, se etlelericoe tihoñ cotle tse ri molemo. 22 Tsaba le cona likhatlego tsa bokau, mi tabogela tsiamo, le tumelo, le lorato, le kagisho, u na le ba ba bitsañ Morena mo peluñ e e itsekileñ. 23 Mi shutela lipoco tsa boithamako, le tse ri sa ruteñ, ka u itse li uñua likhañ. 24 Mi motlañka oa Morena a si ganele; mi a ne bopelunomi mo go botle, le nonoho go ruta, le go iphapanya le boshula. 25 Ka go ruta ka pelunomi bona ba ba khoreletsañ, ekare khotsa Morimo oa ba naea tlabologo go ipobola boamarure; 26 Gore ba be ba coge mo seruñ sa diabolo, se ba le ba cueroe ka shona kaha thatoñ ea gague. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society