2 Samuele 19 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 19. 1 MI ga buleleloa Yoabe, Bona, khosi ea lela ea hutsahalela Abesalome. 2 Mi khololo ea rihega khutsahalo mo bathuñ botle ka tsatsi yeuo: gone bathu ba utlua ka tsatsi yeuo go tua, khosi ea hutsahalela moroa eona. 3 Mi bathu ba tsena mo motseñ ka ikuco ka tsatsi yeuo, yaka bathu ba ba ikucoañ ka litloñ ka ba tsaba mo tlabanoñ. 4 Mi khosi ea khurumetsa hatlogo sa eona, mi khosi ea khayayega ka koru e kholu, ea re, Abesaloma, moroaka, Abesaloma moroaka, moroaka! 5 Mi Yoabe a tsena go khosiñ mo tluñ, mi a re, U tlabisitse hatlogo tsa batlañka benu botle litloñ ka yenu, ba ba pherisitseñ botselo yoa gago, le matselo a bomoroau, le a bomoroariu, le matselo a basari ba gago, le matselo a bagariñuana ba gago aotle; 6 Ka u rata ba ba gu ilañ, le go ila ba ba gu ratañ. Gone u utluatsa ka yenu ha u sa re likhosana le batlañka sepe: gone kia lemoga ka yenu, ha Abesalome a kabo a tserile, mi rona rotle re shule ka yenu, go kabo go siame mo maitloñ a gago. 7 Mi yana nanoga, u coe, u bue le batlañka benu ka khobisho pelu: gone kia ikana ka Yehova, ha u sa coe, ga go monona ope eo o tla tlolañ nau ka sigo yonu: mi se, se tla gu shulatsa bogolu go boshula yotle yo bo gu rihaletseñ, le mo bokauñ yoa gago le nakoñ enu. 8 Mi khosi ea nanoga, mi ea lula mo khoroñ. Mi ba utlualetsa bathu botle, ba re, Bonañ, khosi e rutse mo khoroñ. Mi bathu botle ba ea ha pele ga khosi: mi moñue le moñue oa Bayeserela a la a tsabetse kua tenteñ ea gague. 9 ¶ Mi bathu botle mo licoñ tsa Bayeserela cotle, ba bo ba ganetsana, ba re, Khosi e re golotse mo atleñ tsa baba ba rona, mi ea re pherisa mo atleñ tsa Bafiliseta; mi yana e tsabile mo hatsiñ ha pele ga Abesalome. 10 Mi Abesalome eo re le ra mo itloletsa khosi, o shuetse mo tlabanoñ. Mi yana lo ririmaletseñ kaga go bosa khosi? 11 ¶ Mi Davide khosi a roma go Tsadoke le Abiatare baperiseti, a re, Buañ le bagolu ba Bayuda, lo re, Lo nelañ ba bohelo go bosetsa khosi kua tluñ ea eona? ecua huku ya Bayeserela botle le tsile go khosiñ mo tluñ ea eona. 12 Lo bana ba ga rre, lo sapo ya me le nama ea me: lo nelañ ba bohelo go bosa khosi? 13 Mi lo ree Amase, A ga u sapo ya me, le nama ea me? A Morimo o ’ntihele yalo le yalo, ha u si kitla u na khosana ea entua ka gale ha pele ga me mo boemoñ yoa Yoabe. 14 Mi a oba pelu tsa banona ba Bayuda botle, yaka ea monona a le moñue; mi ba roma go khosiñ ba re, Boea, uena le batlañka benu botle. 15 Mi khosi ea boea, ea hitla Yoredane. Mi Bayuda ba ea Gilegala, go ea go khatlantsa khosi go khabagantsa khosi Yoredane. 16 ¶ Mi Shime moroa Gere oa Mobenyamina, eo o la le oa Bahurima, a akoha a ea le banona ba Bayuda go khatlantsa Davide khosi. 17 Le banona ba Babenyamina ba uan thousanda ba bo ba na nae, le ena Tsibe motlañka oa eintlu ea ga Saule, le bomoroaue ba faeveten le batlañka ba gague ba tuente ba bo ba na nae; mi ba khabaganya Yoredane ha pele ga khosi. 18 Mi mokoro oa khabaganya go tserisa ba eintlu ea khosi, le go riha se se molemo mo maitloñ a eona. Mi Shime moroa Gere a oela ha pele ga khosi, ka e sa khabaganya Yoredane; 19 Mi a raea khosi, A morena oa me a si ’mpalele tsiamololo, mi si gakologeloe se motlañka oa gago o se shokamisitseñ mo tsatsiñ yeuo, ka khosi morena oa me e le ea coa Yerusalema ka yeona, ka khosi e ka se tsegetsa ka pelu ea eona. 20 Gone motlañka oa gago o itse ha a leohile: ki gona, bona, ki oa eintla oa ba eintlu ea Yosefe botle eo o tsileñ ka yenu, go ea go khatlana le khosi morena oa me. 21 Mi Abishe moroa Tseruye a araba a re, A Shime ga a kitla a bolaeloa mo, gone a la a hutsa motlorioi oa Yehova? 22 Mi Davide a re, Ki lo rihañ, lona bomoroa Tseruye, ka lo na baga-neri ba me ka yenu? a moñue o ka bolaoa mo Bayesereleñ ka yenu? gone, a ga ki itse ha ki le khosi mo Bayesereleñ ka yenu? 23 Mi khosi ea raea Shime, Ga u kitla u shua. Mi khosi ea mo ikanela. 24 ¶ Mi Mefiboshete moroa Saule a ea go khatlantsa khosi, mi a si ka a yaha linao tsa gague, le go bakanya seleru sa gague, le go tlacua aparo tsa gague, go simolola ka tsatsi ye khosi e le ea tloga ka yeona, le go tsatsi ye e le ea ea ka yeona ka kagisho. 25 Mi ga rihala ka a ea Yerusalema go khatlanetsa khosi, khosi ea mo raea, Mefibosheta, u lu u sa eleñ le ’na? 26 Mi a araba, a re, Uena khosi, morena oa me, motlañka oa me o ’ntsieritse: gone motlañka oa gago o la a re, Ki tla ipelesa esela ea me, gore ki palame go eona, ki ee kua khosiñ; gone motlañka oa gago oa tlotsa. 27 Mi o pateleritse motlañka oa gago go khosiñ morena oa me; mi khosi morena oa me o cuana le moengela oa Morimo, ki gona u rihe se se molemo mo maitloñ a gago. 28 Gone ba eintlu ea ga rre botle, e le le banona ba ba shuleñ hela ha pele ga khosi morena oa me: leha gontse yalo u lu ua lurisa motlañka oa gago go bona ba ba yañ mo loyeloñ loa gago. Mi ki sa na le tsiamo ehe, go sa hela ki khayayegela go khosiñ? 29 Mi khosi ea mo raea, U sa buelañ lilo tsa gago? ki reile, Uena le Tsibe lo abalane leota. 30 Mi Mefiboshete a raea khosi, Eu, a a le tsee yeotle, ka khosi morena oa me e tlile mo tluñ ea eona ka kagisho. 31 ¶ Mi Baresile oa Segileada a coa Rogelima, mi a khabaganya Yoredane le khosi, go e khabagantsa Yoredane. 32 Mi Baresile a bo a cohetse segolu, eboñ oa nyaga li eite: mi o la a otla khosi ka e le e nntse kua Mahanaima; gone e le le monona eo mogolu. 33 Mi khosi ea raea Baresile, U khabaganye le ’na, mi ki tla gu otla ha go ’na kua Yerusalema. 34 Mi Baresile a raea khosi, Ki tla tsela ka nyaga li kai, ha ’nka ea le khosi kua Yerusalema? 35 Ki oa nyaga li eite ka yenu: mi a ’nka itse sa molemo mo go sa boshula? a motlañka oa gago o ka utlua se a se yañ, le se a se noañ? a ’nka tlola ki utlua koru ea banona ba ba opelañ le basari ba ba opelañ? Mi yana motlañka oa gago o ka hela a nelañ melego go khosiñ morena oa me. 36 Motlañka oa gago o tla khabaganya Yoredane le khosi ka lobakanyana: mi khosi e ’ntuelelañ ka tuelo e entseñ yalo? 37 A ko u ’me motlañka oa gago a boee, gore ki shuele mo motseñ oa me, ha phupuñ ea ga rre le ea ga ’me. Mi bona, Kimehame motlañka oa gago ki eo; a a khabaganye le khosi morena oa me, mi u mo rihele se se molemo mo maitloñ a gago. 38 Mi khosi ea re, Kimehame o tla khabaganya le ’na, mi ki tla mo rihela se se molemo mo maitloñ a gago: mi cotle tse u li eletsañ go ’na, ki tla li riha. 39 Mi bathu ba khabaganya Yoredane botle. Mi khosi e khabaganya, mi khosi ea atla Baresile, ea mo tsegahatsa; mi a boela kua heloñ ga gague. 40 Mi khosi ea khabaganyetsa Gilegala, mi Kimehame a khabaganya naeo: mi bathu ba Bayuda botle le eintla eñue ea bathu ba Bayeserela ba khabagantsa khosi. 41 ¶ Mi bonañ, ga tla banona ba Bayeserela go khosiñ botle, mi ba raea khosi, Banona ba Bayuda bana ba ga rra ecu ba gu ucuetseñ, ba khabagantsa khosi le ba eintlu ea eona Yoredane, le banona botle ba ga Davide nae? 42 Mi banona ba Bayuda botle ba araba banona ba Bayeserela, ba re, Gone khosi e le tsala e e gauhe le rona: mi lo tukelelañ seo se? a re yele rure liyo tsa khosi? khotsa a e re neile neo? 43 Mi banona ba Bayeserela ba araba banona ba Bayuda, ba re, Re na le likabo li ten mo khosiñ, mi re na le bogolu go lona go Davide: ana lo re kaelañ lehela, ha lehuku ya rona le sa na ya eintla go bosa khosi ea rona? Mi lehuku ya banona ba Bayuda e le le thata go lehukuñ ya banona ba Bayeserela. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society