Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

2 Batesaloni 1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 1.

1 PAULO, le Silevano, le Timoteo, go ekelesia ea Batesaloni, e e mo Morimoñ Rra ecu, le Yesu Keresete Morena:

2 Tsegohaco e ne le lona, le kagisho e e coañ Morimoñ, Rra ecu, le Yesu Keresete Morena.

3 Re cuanetse go lo itumelelela Morimo ka gale, bakauleñue, yaka go cuanetse, gone tumelo ea lona e mela segolu, le lorato loa moñue le moñue oa lona lo, lo ratanañ ka lona, lo na logolu;

4 Ga tsamaea rona ka rosi ra belahala ka ntla ea lona mo liekelesieñ tsa Morimo, ka ntla ea bopelutelele yoa lona, le tumelo, mo lipogishoñ cotle tsa lona, le lipatikego tse lo li icokelañ;

5 Tse e leñ seshupo se se bonatsegañ sa katlolo ea tsiamo ea Morimo, gore lo kaioe go cuanela bogosi yoa Morimo, yo le yona lo bo bogisericoeñ;

6 Ka le mororo e le tsiamo mo Morimoñ go ba ruela ka pogisho, ba ba lo bogisañ;

7 Mi lona ba lo bogisioañ, lapologañ le rona, mogañ Yesu Morena o tla bonatsegañ a coa legorimoñ, le baengele ba thata ea gague,

8 Ka molelo o o tukañ, a ipusholosetsa bona ba ba sa itseñ Morimo, le bona ba ba sa utlueñ evangelio ea ga Yesu Keresete Morena oa rona;

9 Ba ba tla berioañ ka tsenyego e e sa khutleñ ea go coa ha pele ga Morena, le ea go coa mo khalaleloñ ea thata ea gague:

10 Mogañ o tlañ go galalerioa mo baitsephiñ ba gague, le go na khakhamalo mo go bona botle ba ba rumelañ mo tsatsiñ ye (gone cupo ea rona e la ea rumeloa mo go lona).

11 Ki gona le rona re lo rapelelañ ka gale, gore Morimo oa rona o lo kaee go cuanela pico e, le go rihahatsa nateho eotle ea molemo oa ona, le eona ea tumelo le thata;

12 Gore leina ya ga Yesu Keresete Morena oa rona le galalerioe mo go lona, le lona mo go ena, kaha tsegohacoñ ea Morimo oa rona le Yesu Keresete Morena.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan