2 Bakorinta 8 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 8. 1 GAPE, bakauleñue, rea lo itsise ga tsegohaco ea Morimo e e necoeñ liekelesia tsa Makedonia; 2 Gone boitumelo yo bogolu yoa bona, bo le yoa tota mo tekoñ e kholu ea pogisho; mi lohumo loa bopelunomi yoa bona lo le loa tota mo khumanegoñ e kholu ea bona. 3 Gone kia shupa, ba le ba naea ka bosi kaha thateñ ea bona, E, bogolu go thata ea bona; 4 Ba re rapela ka tloahalo e kholu, gore re cule neo e, le kabalano ea tihelo e e rihecoeñ baitsephi. 5 Mi se ba le ba se riha, esiñ yaka re le ra shuluhela, mi ba le ba inela pele Moreneñ, le go rona ka thato ea Morimo; 6 Ga tsamaea ra kaela Tito, gore yaka a la a simolola pele, le gona a uetse neo e le eona mo go lona. 7 Ki gona yaka lo tota bogolu mo liloñ cotle, mo tumeloñ, le mo hukuñ, le mo kicoñ, le mo itlaganeloñ eotle, le mo ratoñ loa lona go rona; lo itise gore le gona lo tote bogolu le mo neoñ e. 8 Ga ki bue se ka taolo, mi ki ka ntla ea itlaganelo ea ba bañue, le go leka bosapekoañ yoa lorato loa lona. 9 Gone loa itse tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona, go re, leha a la a humile, o la a humanega ka ntla ea lona, gore lo hume ka ntla ea khumanego ea gague. 10 Mi kia lo gakolola mo seoñ se, gone se ki molemo go lona, ba lo simolotseñ pele, esiñ go riha gosi, mi le gona e le le thato ea lona ka ñuaga o o hetileñ. 11 Mi yana tiho le eona lo e uetse; le mororo thato ea iketleco e le le gona, tihahalo le eona e ne kaha tse lo nañ naco. 12 Gone ha erile pele ikitleco ea boitlomo ea bo e le gona, ki nateho kaha tse moñue o nañ naco, esiñ kaha tse o sinañ naco. 13 Mi ga ki bue yalo gore ba bañue ba hehoharioe, mi lona lo imaharioe; 14 Mi gore botlalo yo bogolu yoa lona bo thuse botloko yoa bona, ka bocuano, yana mo bakeñ lonu; gore botlalo yoa bona le yona bo ne thusho ea botloko yoa lona; gore cuano e rihale; 15 Yaka go kuariloe, Eo o phuthileñ bogolu, ga a saleloa ki sepe; mi eo o phuthileñ se botlana, ga a na botloko. 16 Mi Morimo a o itumeleloe, o o tsenyeritseñ tloahalo e kaga lona mo peluñ ea ga Tito. 17 Mi rure o la a cula kaelo ea me, mi ka a la a na le itlaganelo e kholu, a ea go lona ka thato ea gague. 18 Mi re romile mokauleñue nae, eo pako ea gague mo evangelioñ e ralalañ mo liekelesieñ cotle; 19 Mi esiñ gona gosi, mi le gona o la a itseñkecoe ki liekelesia go eta le rona ka neo e, e e rihecoeñ khalalelo ea Morena ka esi ki rona, le ka boiketleleco yoa boitlomo yoa lona; 20 Ka go thibogela se, gore go si ne ope eo o re latuhatsañ mo botlaloñ yo bogolu yo bo rihiloeñ ki rona; 21 Ka go tlamela lilo tsa tsiamo, esiñ gosi ha pele ga Morena, mi le ha pele ga bathu. 22 Mi re romile mokauleñue oa rona nabo, eo re mo lekileñ ka gantsi ha a le itlaganelo mo liloñ lintsi; mi yana o itlaganetse bogolu ka ntla ea boikanyo yo bogolu yo o lo ikantseñ ka yona. 23 Leha e le Tito, ki ena molekane oa me, le moloriheri le ’na; leha e le bakauleñue ba rona, ki bona baroñoi ba liekelesia, le khalalelo ea ga Keresete. 24 Ki gona ba shupetseñ cupo ea lorato loa lona, le pelahalo ea rona kaga lona, ha pele ga liekelesia. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society