Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

2 Bakorinta 4 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 4.

1 KI gona ka re na le tihelo e, kaha boicuareloñ yo re bo rihecoeñ, ga re iribale;

2 Mi re latlile libipo tsa litloñ, esiñ go tsamaea mo boherehereñ, le esiñ go peka lehuku ya Morimo ka tsieco; mi re inatehaletsa segakolori sa moñue le moñue ha pele ga Morimo, ka ponatsego ea boamarure.

3 Mi ha evangelio ea ronae bipiloe, e bipiloe mo go bona ba ba latlegañ;

4 Ba morimo oa lehatse yenu o hohuharitseñ maitlomo a bona ba ba sa rumeleñ, gore leseri ya evangelio ea khalalelo ea ga Keresete, eo e leñ secuano sa Morimo, le si ba phatsimele.

5 Gone ga re itherele, mi ki Keresete Yesu Morena; mi le rona, ha re batlañka ba lona, ka ntla ea ga Yesu.

6 Gone Morimo o o rileñ leseri le phatsime mo hihiñ, ki ona o o phatsimileñ mo peruñ tsa rona, go naea leseri ya kico ea khalalelo ea Morimo mo hatlogoñ sa ga Yesu Keresete.

7 Mi re na le khumo e mo liyaneñ tsa mbu, gore bonatla yoa thata bo ne yoa Morimo, esiñ yoa rona.

8 Rea gatisioa mo liloñ cotle, mi ga rea tlaleloa; rea reteleloa, mi ga re ñoriege;

9 Rea bogisioa, mi ga rea tlogeloa; re rigiloe, mi ga rea señoa;

10 Ka go belega loshu loa ga Yesu Morena mo meleñ ka gale, gore botseyoa ga Yesu le yona bo bonatsege mo mebeleñ ea rona.

11 Gone rona ba re tserileñ, re neleloa loshuñ ka gale ka ntla ea ga Yesu, gore botselo yoa ga Yesu le yona bo bonatsege mo nameñ ea rona e e bolañ.

12 Mi yalo loshu lo riha mo go rona, mi botselo mo go lona.

13 Mi yana ka re na le moea oa tumelo ka osi, yaka go kuariloe, Ki rumetse, ki gona ki buileñ; le rona rea rumela, ki gona re buañ;

14 Ka re itse ha ona o o cositseñ Yesu Morena, le rona, o tla re cosa ka Yesu, le go re emisa le lona gona.

15 Gone lilo cotle tse li ka ntla ea lona, gore tsegohaco e e ntsihatsañ e totahalele khalalelo ea Morimo, ka boitumelelo yoa bantsi.

16 Ki gona re sa riegeñ; mi leha mothu oa rona eo o kua ntle a nyelela, leha gontse yalo oa teñ oa shaharioa ka metla eotle.

17 Gone pogisho tsa rona tse ri boheho, tse ri hetañ ka bonako, li re rihela bogolu yo bogolu bogolu yoa khalalelo ea boima yo bo sa khutleñ;

18 Ka re sa lebe lilo tse ri bonoañ, mi re leba lilo tse ri sa bonoeñ; gone lilo tse ri bonoañ lia heta; mi lilo tse ri sa bonoeñ, ki tsa bosakhutleñ.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan