Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Yohane 5 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 5.

1 LEHA e le mañmañ eo o rumelañ ha Yesu e le Keresete, o tsecoe ki Morimo; mi moñue le moñue eo o ratañ eo o tsalañ, o rata le ena eo o tsecoeñ ki ena.

2 Rea itse ha re rata bana ba Morimo ka mouo, ka re rata Morimo, le go tsegetsa litaolo tsa ona.

3 Gone lorato loa Morimo ki lo, gore re tsegetse litaolo tsa ona; mi taolo tsa ona ga li thata.

4 Gone leha e le mañmañ eo o tsecoeñ ki Morimo, o henya lehatse; mi e ki eona phenyo e e henyañ lehatse, eboñ tumelo ea rona.

5 Ana emañ eo o henyañ lehatse, ha e si ena eo o rumelañ ha Yesu e le Moroa Morimo?

6 Eo ki ena eo o la a tla ka metse le mari, eboñ Yesu Keresete; esiñ ka metse aosi, mi e le le ka metse le mari. Mi Moea ki ona o o shupañ, gone Moea e le boamarure.

7 Gone go bateri ba ba shupañ mo legorimoñ, Rara, le Lehuku, le Moea oa Boitsepho, mi bateri ba, ba moñue hela.

8 Mi go bateri ba ba shupañ mo hatsiñ, Moea, le metse, le mari; mi teri tse li shupela goñue.

9 Ha re cula cupo ea bathu, cupo ea Morimo e kholu bogolu; gone e, ki cupo ea Morimo e o e shupileñ ga Moroa ona.

10 Eo o rumelañ mo go Moroa Morimo o na le cupo mo go ena; eo o sa rumeleñ Morimo, o o rihile moaki, gone ga a rumele cupo e, Morimo o e shupañ kaga Moroa ona.

11 Mi cupo ki e, Morimo o re neile botselo yo bo sa khutleñ, mi botselo yo, bo mo go Moroa ona.

12 Eo o nañ le Moroa o na le botselo, mi eo o sinañ Moroa Morimo ga a na botselo.

13 Lilo tse ki li lo kualetse, lona ba lo rumelañ mo ineñ ya Moroa Morimo, gore lo itse ha lo na le botselo yo bo sa khutleñ, le gore lo rumele mo ineñ ya Moroa Morimo.

14 Mi yo ki boikanyo yo re nañ nayo mo go ena, ha re rapelela señue kaha thatoñ ea gague, oa re utlua;

15 Mi ha re itse go re o re utlua, leha re rapelela eñ, yalo rea itse, ha re na le lithapelo tse re li rapetseñ mo go ona.

16 Ha moñue leha e le mañmañ a bona mokauleñue oa gague a leoha sebe se esiñ sa loshu, o tla lopa Morimo, mi o tla mo naea botselo, eboñ ba ba sa leoheleñ loshuñ. Sebe se gona sa loshu: ga ki re, o tla se rapelela.

17 Tsiamololo eotle ki boleo; mi sebe señue se gona se esiñ sa loshu.

18 Rea itse, ha moñue le moñue eo o tsecoeñ ki Morimo a sa leohe; mi eo o tsecoeñ ki Morimo oa ipuluka, mi eo oa boleo ga a mo cuare.

19 Mi rea itse ha re le ba Morimo, mi lehatse yeotle le lala mo boleoñ.

20 Mi rea itse ha Moroa Morimo a tlile, mi o re neile tlaloganyo, gore re mo itse ena eo o amarure, mi re mo go ena eo o amarure, eboñ mo go ena Moroa ona Yesu Keresete. Eo ki Morimo oa amarure, le botselo yo bo sa khutleñ.

21 Banyana, lo itise mo merimoñ ea liseto.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan