1 Timoteo 5 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 5. 1 U SI buele thata monona oa mogogaie, mi mo kaele yaka rra; le makau yaka bakauleñue; 2 Basari ba bagogaie yaka bo‐mma; le basari ba meroba yaka bakhantsari, ka boitseko yotle. 3 Tlotla batlolagari, ba e leñ batlolagari rure. 4 Mi ha motlolagari a na le bana, khotsa bana ba bana, a ba ithute pele go riha poihomorimo mo gae, le go ruela bagolu ba bona; gone seuo ki molemo le nateho ha pele ga Morimo. 5 Yana eo e leñ motlolagari rure mi a tlogecoe esi, o ikanya Morimo, mi o na mo merapeloñ e e thata, le mo merapeloñ, bosigo le motsegare. 6 Mi eo o tselañ mo tlapeloñ, o shule ka a sa tserile. 7 Mi lilo tse u li laolele, gore ba si ne molatu. 8 Mi ha moñue a sa tlamele ba gague, bogolu bona ba ntlu ea gague, eo, o itatotse tumelo, mi o behile bogolu go eo o sa rumeleñ. 9 Motlolagari a a culoe mo paloñ, ha nyaga tsa gague li si li potlana go li sekeste, eo e le le mosari oa monona a le moñue hela, 10 A na le cupo ea tiho tse ri molemo; ha a gorisitse bana, ha a thusitse baeñ, ha a tlapisitse nao tsa baitsephi, ha a thusitse ba ba bogisicoeñ, ha a latetse tiho tse ri molemo cotle ka tloahalo. 11 Mi u gane batlolagari ba makau; gone etlare ba gana taolo ea ga Keresete, ba tla nyala; 12 Ba na le tsekisho, gone ba nyeleritse boikanyo yoa ntla yoa bona. 13 Mi le gona ba ithuta pouruhalo, ba timelela mo tluñ ñue le go e ñue; mi esiñ pouruhalo eosi, mi le gona ki baruni ba mahuku, barihi ba boithamako, ba bua lilo tse ba sa li cuanelañ. 14 Ki gona ki ratañ gore batlolagari ba makau ba nyaloe, ba belege bana, le go laola ntlu, esiñ go naea maba lobaka loa go bua ka khalo. 15 Gone le yana bañue ba rapametse morago ga Satane. 16 Ha monona moñue khotsa mosari eo o rumelañ a na le batlolagari, a a ba thuse, mi a ekelesia e si imaharioe: gore e thuse bona ba e leñ batlolagari rure. 17 Bagolu ba ba laolañ seiñtle a ba kaioe go cuanela tlotlo e e tlatlaganyeñ, bogolu bona ba ba rihañ mo hukuñ le mo thutoñ. 18 Gone lokualo loa re, Ga u kitla u boha molomo oa khomu e e holañ mabele. Mi, morihi o cuanecoe ki tuelo ea gague. 19 U si cule tatuhaco kaga eo mogolu, ha e si ha pele ga bashupi ba tu khotsa ba teri. 20 Ba ba leohañ ba buele ha pele ga botle, gore ba bañue le bona ba boihe. 21 Kia gu laolela ha pele ga Morimo, le Yesu Keresete Morena, le baengele ba ba itseñkecoeñ, gore u ele lilo tse tloko, esiñ ka tsekiseco pele, le esiñ go riha sepe ka tlaolo. 22 U si bee moñue liatla ka bonako, le gona u si abelanoe mo libeñ tsa bathu ba bañue; u ipuluke mo boitsekoñ. 23 U si tlole u coelela pele go noa metse aosi, mi tsaea boyaloa bo le bonye ka ntla ea mogoru oa gago, le makoa a gago a mantsi. 24 Libe tsa bathu bañue li bonatsegela pele, li etelela pele go ba sekisa, mi ba bañue lia ba latela. 25 Gontse yalo, tiho tse ri molemo tsa bañue le cona li bonatsegela pele; mi tse ri ka go sele ga li kake tsa shuyoa. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society