1 Timoteo 3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 3. 1 HUKU ye ki yeona ya boikanyo, ha monona a eletsa tiho ea molebalebi, o eletsa tiho e e molemo. 2 Mi yana molebalebi o cuanetse go na a sina molatu, monona oa mosari a le moñue hela, motloahari, oa tekano, le oa tsamao e e molemo, le morati oa baeñ, go nonohela go ruta; 3 Esiñ go neloa boyaloeñ, esiñ motlanyi, esiñ matli oa lireko ka tsieco, mi a ne bopelunomi; esiñ oa khañ, esiñ oa timano; 4 Eo o laolañ ntlu ea gague seiñtle, a na le bana ba gague mo kutloñ, le mo bopeluñnomi yotle; 5 (Gone ha moñue a sa itse go laola ntlu ea gague, o tla tlamela ekelesia ea Morimo yañ?) 6 Esiñ eo mosha, gore e si re khotsa a buruloga, a oela mo tsekishoñ ea diabolo. 7 Le gona o cuanetse go na le pulelo e e molemo ea bona ba ba kua ntle; gore a si oele mo khoboñ, le mo seruñ sa diabolo. 8 Le gona badiakoni a ba ne bopelunomi, esiñ ka liteme li tu, esiñ go inela boyaloeñ yo bogolu, le esiñ go ipatlela lireko ka tsieco; 9 Go buluka bosaitsioeñ yoa tumelo, mo segakoloriñ se se itsekileñ. 10 Mi le bona ba, a ba lekoe pele, eriha gona a ba rihe ka tiho ea diakoni, ha ba bonyoe ba sina molatu. 11 Gontse yalo le basari a ba ne bopelunomi, esiñ bakhari, ba ne tekano, le boikanyo mo liloñ cotle. 12 Badiakoni a ba ne banona ba mosari a le moñue hela, ba laole bana ba bona le matlu a bona seiñtle. 13 Gone bona ba ba rihileñ ka tiho ea diakoni seiñtle ba tla ithekela popego e e molemo, le pelukhale e e kholu mo tumeloñ e e mo go Keresete Yesu. 14 Ki gu kualela lilo tse, ki shuluhela go ea gu uena ka bokhutsanyane: 15 Mi ha ki riega segolu, gore u itse kaha u cuanetseñ go riha ka gona mo tluñ ea Morimo, e e leñ ekelesia ea Morimo o o tserileñ, pilara le tlomamo ea boamarure. 16 Mi ga go pelaelo epe, bosaitsioeñ yoa poihomorimo bo bogolu; Morimo o loa bonatsega mo nameñ, o siamisicoe mo moeeñ, oa bonoa ki baengele, o reriloe mo bahaiteniñ, o rumecoe mo lehatsiñ, o culelecoe mo khalaleloñ. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society