Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Timoteo 2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 2.

1 KI gona ki kaelañ pele ga lilo cotle, gore merapelo e e thata le merapelo, le merapelelo, le maitumelelo, a riheloe bathu botle;

2 Le likhosi, le bona botle ba ba leñ bagolu, gore re tsele ka botselo yoa kagisho le tirimalo, mo poihoñmorimo eotle, le tsamao e e molemo.

3 Gone go riha yalo, go molemo le nateho ha pele ga Morimo Morebuluki;

4 Eo o ratañ gore bathu botle ba bulukoe, lo go tla kicoñ ea boamarure.

5 Gone go Morimo o le moñue hela, le motseriganyi a le moñue hela gare ga Morimo le bathu, eboñ monona Keresete Yesu;

6 Eo o la a inela go na thekololo ea botle, go na cupo mo motleñ oa eona.

7 E ki e laolecoeñ go na moreri le moapostoloi, (ki bua boamarure mo go Keresete, ga ki ake;) moruti oa bahaitene mo tumeloñ le mo boamarureñ.

8 Ki gona ki ratañ gore banona ba rapele mo maheloñ aotle, ba culetse liatla tsa boitsepho, ka go sina bogale le pelaelo.

9 Le gona yalo, gore basari ba khabe ka liaparo tsa bonolo yoa pelu, ka litloñ, le tekano, esiñ ka meriri e e horiloeñ, khotsa gouda, khotsa liperela, khotsa liaparo tse ri rategañ;

10 Mi a ba apare litiho tse ri molemo, (yaka go cuanela basari ba ba ipobolañ poihomorimo.)

11 A mosari a ithute mo tirimaloñ, le mo kutloñ eotle.

12 Mi ga ki leseletse mosari go ruta le esiñ go laola mo mononeñ, mi a ne mo tirimaloñ.

13 Gone Adame o la a bopioa pele, eriha gona go bopioañ Eve.

14 Mi Adame o la a sa tsierioe, mi mosari ka a tsiericoe, o la a na mo tloloñ.

15 Leha gontse yalo o tla bulukoa ka go belega bana, ha ba nna mo tumeloñ le mo loratoñ, le mo boitsephishoñ, le mo tekanoñ.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan