1 Samuele 15 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 15. 1 MI Samuele a raea Saule, Yehova o ’nthomile go gu tloletsa khosi ea bathu ba gague, eboñ Bayeserela: ki gona retsa yana koru ea mahuku a Yehova. 2 Go bua yalo Yehova oa lintua, Kia gakologeloa se Baamaleka ba se rihetseñ Bayeserela, kaha ba le ba ba lalela mo tseleñ, ka ba coa mo Egepetoñ. 3 Ea yana, mi u khemethe Baamaleka, mi u senyetse rure cotle tse ba nañ naco, mi u si ba rekegele; bolaea monona le mosari, ñuana le eo o anyañ, khomu le eñku, kamela le esela. 4 Mi Saule a utluatsa bathu, a ba balela kua Telaima, ba linao ba mathousanda a tu hundereda, le banona ba Yuda ba ten thousanda. 5 Mi Saule a hitla kua motseñ oa Baamaleka, mi a lalela mo mogorogoroñ. 6 ¶ Mi Saule a raea Bakena, Eañ, lo tloge, hurugañ gareñ ga Baamaleka, gore ki si lo nyeletse le bona: gone lo loa rihela bana ba Yeserele botle bopelunomi ka ba coa mo Egepetoñ. Mi Bakena ba tloga gare ga Baamaleka. 7 ¶ Mi Saule a khemetha Baamaleka go simolola ka Havila go ea kua moñue o hitlañ Shura, o o lebaganyeñ le Egepeto. 8 Mi a cuara Agage khosi ea Baamaleka a sa tserile, mi a senyetsa rure bathu botle ka boyetla yoa caka. 9 Mi Saule le bathu ba rekegela Agage, le liñku tse eboñ liñku, le likhomu tse eboñ likhomu, le tse ri nonneñ, le likuana, le cotle tse ri molemo, mi ba gana go li senyetsa rure: mi lilo cotle tse ri nyatsegañ le malolo, ba li senyetse rure. 10 Ereha gona go rihalelañ Samuele lehuku ya Yehova, le re, 11 Ki ikuatlaea ka ki rihile Saule khosi: gone o boile go ’ntsala morago, mi ga a ka a tlomamisa mahuku a me. Mi Samuele a tuka; mi a khayayegela go Yehova ka sigo yotle. 12 Mi Samuele a phakela go khatlanetsa Saule, mi ga buleleloa Samuele, ga tua, Saule o tsile kua Karemela, mi bona, o ikemiseritse pilara, mi o rikologile, a khabaganyetsa, mi o ile kua Gilegala. 13 Mi Samuele a hitla go Saule: mi Saule a mo raea, U tsegaharioe ki Yehova: ki tlomamisitse lehuku ya Yehova. 14 Mi Samuele a re, Eñ se ekete koru ea liñku mo tsebeñ tsa me, le koru ea likhomu e ki e utluañ? 15 Mi Saule a re, Ba li cutse go Baamaleka: gone bathu ba rekegetse liñku tse eboñ liñku, le likhomu tse eboñ likhomu, go tlabela Yehova Morimo oa gago; mi tse ri setseñ re li senyeritse rure. 16 Ereha gone Samuele o raeañ Saule, Khutla, mi ki tla gu bulelela se Yehova o se buileñ le ’na ka sigo yonu. Mi a mo raea, Bua. 17 Mi Samuele a re, Erile u lu u le monye mo maitloñ a gago, a ga u lu ua rihoa tlogo ea lico tsa Bayeserela, mi Yehova a gu tloletsa go na khosi ea Bayeserela? 18 Mi Yehova a gu roma mo tseleñ, a re, Ea, mi u senyetse baleohi rure, eboñ Baamaleka, u tlabane le bona e tsamaee u ba nyeletse. 19 Ana u lu u sa akeleleñ koru ea Yehova? u phomegetse thopoñ, ua shulatsa mo maitloñ a Yehova. 20 Mi Saule a raea Samuele, Eu, ki aketse koru ea ga Yehova, mi ka ea mo tseleñ e Yehova o ’nthometseñ go eona, mi ki lerile Agage khosi ea Baamaleka, mi ki senyeritse Baamaleka rure. 21 Mi bathu ba tseile ga thopo, liñku le likhomu, tse ri molemo tsa tse ri tla senyerioañ rure, go li tlabela Yehova Morimo oa gago kua Gilegala. 22 Mi Samuele a re, A Yehova a ka khatloa ki cupelo tsa phisho le litlabelo, bogolu mo go akeleñ koru ea ga Yehova? Bona, go akela go molemo bogolu go tlabelo, le go retsa bogolu mo mahureñ a likuana. 23 Gone cuülolo e boleo yaka boitseyoanape, mi botlogo e e thata ki boikepo, le tihelo ea licuanco. Ka gone u latlile lehuku ya Yehova, le ena o gu latlile gore u si ne khosi. 24 ¶ Mi Saule a raea Samuele, Ki leohile: gone ki tlorile molomo oa ga Yehova, le mahuku a gago: gone ki le ka boiha bathu, mi ka akela koru ea bona. 25 Mi yana, a ko u incuarele seleo sa me, mi u boee le ’na, gore ki obamele Yehova. 26 Mi Samuele a raea Saule, Ga ’nkitla ki boea le uena; gone u latlile lehuku ya Yehova, mi Yehova o gu latlile gore u si ne khosi ea Bayeserela. 27 Mi ka Samuele a retologa go ea, a cuara lokoya loa robe ea gague, mi ea gagoga. 28 Mi Samuele a mo raea, Yehova o gagotse bogosi yoa Bayeserela go uena ka yenu, o bo neile moñ ka uena, eo o molemo go uena. 29 Mi le gona Eo e leñ khalalelo ea Bayeserela ga a kitla a aka, khotsa go ikuatlaea: gone e si mothu, ha a ka ikuatlaea. 30 Mi a re, Ki leohile: a ko u ’ntlo-tle yana ha pele ga bagolu ba bathu ba me, le ha pele ga Bayeserela, mi boea le ’na, gore ki obamele Yehova Morimo oa gago. 31 Mi Samuele a boea a ea le Saule; mi Saule a obamela Yehova. 32 ¶ Ereha gona Samuele o reñ, Lere go ’na Agage khosi ea Baamaleka. Mi Agage a ea go ena ka nateho. Mi Agage a re, Rure, bogalaka yoa loshu bo hetile. 33 Mi Samuele a re, Yaka caka ea gago e rihile basari ba sina bana, le ena mago o tla rihoa a sina bana mo basariñ. Mi Samuele a remaganya Agage ha pele ga Yehova kua Gilegala. 34 ¶ Mi Samuele a ea Rama; mi Saule a ea kua tluñ ea gague kua Gibea oa Saula. 35 Mi Samuele a sa tlole a ea go bona Saule le go ea kua tsatsiñ ya loshu loa gague: leha gontse yalo Samuele a hutsahalela Saule: mi Yehova a ikuatlaea ka a rihile Saule khosi ea Bayeserela. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society