Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Petero 5 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 5.

1 BAGOLU ba ekelesia ba ba mo go lona, kia ba kaela, ’na eo ki leñ mogolu nabo, le moshupi oa lipogisho tsa ga Keresete, le moaberoi oa khalalelo e e tla bonatsioañ:

2 Hurisañ lecomane ya Morimo ye le mo go lona, go le lebela esiñ ka kholo, mi a e ne ka itloahalo; le esiñ ka ntla ea tuelo e e mashue, a e ne ka pelu eotle;

3 Le esiñ go laolela boshua yoa Morimo, mi lo ne yaka likao go lecomane.

4 Mi mogañ Morisa eo mogolu o bonalañ, lo tla bona seroalo sa bogosi sa khalalelo se se sa nyeleleñ.

5 Le lona makau, utluañ bagolu. Mi utluanañ lotle, mi apesioañ ka bonolo yoa pelu; gone Morimo o ganetsa ba bopeluumpe, mi o nela ba bonolo tsegohaco.

6 Ki gona lo inolahaletseñ atleñ se se thata sa Morimo, gore o lo gorise mo motleñ oa ona;

7 Latlelañ mo go ona ñoñorego cotle tsa lona; gone oa lo tlamela.

8 Nañ tekano, nañ tisho; gone diabolo, moganetsi oa lona, oa kharakhatsega, yaka tau e e rumañ, a batla eo o ka mo ’mmetsañ;

9 Eo, lo mo ganetseñ mo tlomamoñ ea tumelo, ka lo itse ha lipogisho tseuo le cona li rihecoe bakauleñue ba lona ba ba mo lehatsiñ.

10 Mi yana Morimo oa tsegohaco eotle, o o re bileritseñ khalaleloñ ea ona e e sa khutleñ mo go Keresete Yesu, lo sina bogisioa ka bokhutsane, a o lo rihe botlalo, le go lo tlomamisa, le go lo thatahatsa, le go lo thaea.

11 Khalalelo, le thata, a li ne go ona ka bosinabokhutlo yotle. Amena.

12 Ki lo kualetse ka bokhutsane, ka Silevano eo e leñ mokauleñue oa boikanyo, yaka ki itloma; ki kaela ki shupa ha e, e le tsegohaco ea amarure ea Morimo, e lo emeñ mo go eona.

13 Ba ba kua Babelona ba ba itseñkecoeñ le lona, ba lo rumerisa, le ena Mareko moroake.

14 Rumerisanyañ ka katlo ea lorato. Kagisho e ne le lona lotle ba lo mo go Keresete Yesu. Amena.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan